< Hechos 25 >
1 Festo pues, entrado en la provincia, tres días después subió de Cesarea a Jerusalén.
Erile morago ga malatsi a mararo Feseto a sena go goroga kwa Kaesarea go tsaya maemo a gagwe a masha, a ya Jerusalema,
2 Y vinieron a él el príncipe de los sacerdotes y los principales de los judíos contra Pablo; y le rogaron,
kwa baperesiti ba bagolo le bangwe bagolwane ba Bajuta ba neng ba mo fitlhela teng ba bo ba mmolelela polelo ya bone ka ga Paulo.
3 pidiendo gracia contra él, que le hiciese traer a Jerusalén, poniendo ellos asechanzas para matarle en el camino.
Ba mo kopa go tlisa Paulo ka bonako kwa Jerusalema. (Leano la bone e ne e le go mo lalela mo tseleng ba mmolaya).
4 Pero Festo respondió, que Pablo estaba guardado en Cesarea, adonde él mismo partiría presto.
Mme Feseto a ba fetola a re, “E re ka Paulo a le kwa Kaesarea, le ene ka boene a ne a boela teng ka bofefo,
5 Los que de vosotros puedan, dijo, desciendan juntamente; y si hay algo en este varón, acúsenle.
ba ba nang le thata mo puong e ba tshwanetse go boela le ene kwa tshekong.”
6 Y deteniéndose entre ellos no más de diez días, venido a Cesarea, el siguiente día se sentó en el tribunal, y mandó que Pablo fuese traído.
Erile morago ga malatsi a robabobedi kgotsa a le some a boela kwa Kaesarea. Mme letsatsi le le latelang a rebola gore tsheko ya ga Paulo e tsene.
7 El cual venido, le rodearon los judíos que habían venido de Jerusalén, poniendo contra Pablo muchas y graves acusaciones, las cuales no podían probar;
Mme erile fa Paulo a goroga mo kgotleng Bajuta ba ba tswang Jerusalema ba phuthega, ba mo pega melato e mentsi e ba neng ba sena bosupi mo go yone.
8 dando Pablo razón: Que ni contra la ley de los judíos, ni contra el Templo, ni contra César he pecado en nada.
Mme Paulo a itatola melato ya bone a re, “Ga ke molato, ga ke ise ke ko ke ganetse melao ya Sejuta le fa e le go nyatsa Tempele ya Sejuta kgotsa go tsogologela mmuso wa Seroma.”
9 Mas Festo, queriendo congraciarse con los judíos, respondiendo a Pablo, dijo: ¿Quieres subir a Jerusalén, y allá ser juzgado de estas cosas delante de mí?
Mme erile ka Feseto a batla go itumedisa Bajuta, a mmotsa a re, “A o batla go ya Jerusalema go ya go sekisiwa ke nna?”
10 Y Pablo dijo: Ante el tribunal de César estoy, donde conviene que sea juzgado. A los judíos no he hecho injuria alguna, como tú sabes muy bien.
Mme Paulo a fetola a re, “Nnyaa! Ke batla go utlwa katlholo ya me fa pele ga Kgosi e kgolo ka bo yone. O itse sentle gore ga ke molato. Fa ke dirile sengwe se se tshwanetseng loso, ga ke tshabe go swa! Mme fa ke se na molato, lefa e le wena kgotsa mongwe fela ga a na thata ya go nneela banna ba gore ba mpolaye. Ke ikuela mo go Kaesara!”
11 Porque si alguna injuria, o cosa alguna digna de muerte he hecho, no rehuso morir; mas si nada hay de las cosas de que éstos me acusan, nadie puede darme a ellos. A César apelo.
12 Entonces Festo, habiendo hablado con el consejo, respondió: ¿A César has apelado? A César irás.
Mme Feseto a buisanya le bagakolodi ba gagwe a fetola jaana, “Go siame! o ikuetse mo go Kaesara, mme o tlaa ya kwa go Kaesara!”
13 Y pasados algunos días, el rey Agripa y Berenice vinieron a Cesarea a saludar a Festo.
Mme erile morago ga malatsinyana Kgosi Ageripa a goroga le Berenise mo Kaesarea a etetse Feseto.
14 Y como estuvieron allí muchos días, Festo declaró la causa de Pablo al rey, diciendo: Un varón ha sido dejado preso por Félix,
Erile ba ntse ba le mo malatsing a bone a loeto Feseto a tlotlela Kgosi ka tsheko ya ga Paulo. A mo raya a re, “Go na le legolegwa lengwe fano le tsheko ya lone ke e tlogeletsweng ke Felise.
15 sobre el cual, cuando fui a Jerusalén, vinieron a mí los príncipes de los sacerdotes y los ancianos de los judíos, pidiendo venganza contra él;
Erile fa ke le kwa Jerusalema, baperesiti ba bagolo le bangwe bagolwane ba Bajuta ba mpolelela bontlha-bongwe jwa polelo ya bone kaga Paulo mme ba nkopa gore ke mo atlhole gore a bolawe.
16 a los cuales respondí; no ser costumbre de los Romanos dar alguno a la muerte antes que el que es acusado tenga presentes sus acusadores, y haya lugar de defenderse de la acusación.
Mme ruri ke ne ka ba bolelela ka bonako gore molao wa Roma ga o tshwae motho phoso a ise a sekisiwe. O neelwa sebaka sa go re a iphemele a lebaganye le basekisi ba gagwe.
17 Así que, habiendo venido ellos juntos acá, sin ninguna dilación, al día siguiente, sentado en el tribunal, mandé traer al hombre;
“Erile fa ba tla kwano ba tlela tsheko, ka bitsa kgang e ka letsatsi le le latelang mme ka laola gore Paulo a tlisiwe.
18 y estando presentes sus acusadores, ningún cargo produjeron de los que yo sospechaba;
Mme melato e o neng a e bonwa e ne e se yone tota e ke neng ke e solofetse.
19 solamente tenían contra él ciertas cuestiones acerca de su superstición, y de un cierto Jesús, difunto, el cual Pablo afirma que está vivo.
E ne e le sengwe kaga tumelo ya bone, le kaga mongwe yo o bidiwang Jesu yo o neng a swa, mme Paulo ene o ne a tswelela a bolela gore o tshedile!
20 Y yo, dudando en cuestión semejante, dije, si quería ir a Jerusalén, y allá ser juzgado de estas cosas.
Ke ne ke eme tlhogo ke sa itse gore ke ka atlhola tsheko ya mofuta o jang mme ka mmotsa gore a o ka rata go ya go sekisediwa kwa Jerusalema.
21 Mas apelando Pablo a ser guardado al conocimiento de Augusto, mandé que le guardasen hasta que le enviara a César.
Mme Paulo a ikuela kwa go Kaesara! Mme ka mmusetsa mo kgolegelong go fitlhelela ke rulaganya gore a ye kwa Kgosing e kgolo.”
22 Entonces Agripa dijo a Festo: Yo también quisiera oír a ese hombre. Y él dijo: Mañana le oirás.
Ageripa a fetola a re, “Ke batla go utlwa monna yoo ka bonna.” Mme Feseto a fetola a re, “O tlaa mo utlwa ka moso!”
23 Y al otro día, viniendo Agripa y Berenice con mucha pompa, y entrando en la audiencia con los tribunos y principales varones de la ciudad, por mandato de Festo, fue traído Pablo.
Mme erile letsatsi le le latelang, morago ga Kgosi le Berenise ba goroga mo Kgotleng ka boitlotlomatso jo bogolo, ba patilwe ke matona a masole le banna ba ba tlotlegang ba motse, Feseto a laola gore Paulo a leriwe mo teng.
24 Entonces Festo dijo: Rey Agripa, y todos los varones que estáis aquí juntos con nosotros; veis a éste, por el cual toda la multitud de los Judíos me ha demandado en Jerusalén y aquí, dando voces que no conviene que viva más;
Mme Feseto a buisa bareetsi jaana: “Kgosi Ageripa le ba ba teng botlhe, monna yo ke ene yo loso lwa gagwe lo batlwang ke Bajuta botlhe; ba mono le ba ba kwa Jerusalema!
25 pero yo, hallando que ninguna cosa digna de muerte ha hecho, y él mismo apelando a Augusto, he determinado enviarle,
Mme mo mogopolong wa me ga a dira sepe se se tshwanetseng loso. Legale, o ikuetse mo go Kaesara, mme nna ga go na se ke ka se dirang fa e se go mo romela kwa go ene.
26 del cual no tengo cosa cierta que escribir al señor; por lo que le he sacado a vosotros, y mayormente a ti, oh rey Agripa, para que hecha información, tenga yo qué escribir.
Mme ke tlaa kwalela kgosi-kgolo ke mo raya ke reng? Gonne ga go na molato ope o o bonalang mo go ene! Mme ke mo tlisitse fa pele ga lona lotlhe, bogolo jang wena Kgosi Ageripa, go mo tlhotlhomisa sentle o bo o mpolelela se ke ka se kwalang.
27 Porque fuera de razón me parece enviar un preso, y no señalar las causas.
Gonne ga go lebege go utlwala sentle go romela legolegwa kwa kgosing e kgolo go sena molato o o bonwang mo go lone!”