< VaHebheru 3 >

1 Naizvozvo, hama tsvene, vagovani vekudanwa kwekudenga, rangarirai muapositori nemupristi mukuru wekupupura kwedu, iye Kristu Jesu,
Jalo he, bakaulengwe ba Modimo o lo itlhaoletseng, lona ba lo tlhophetsweng legodimo, ke batla gore jaanong lo akanye ka Jesu yo, yo e leng Morongwa wa Modimo ebile e le Moperesiti yo Mogolo wa tumelo ya rona.
2 wakatendeka kuna iye wakamugadza, saMozisiwo muimba yake yese.
Gonne Jesu o ne a ikanyega mo Modimong o o mo tlhophileng go nna Moperesiti yo Mogolo, fela jaaka Moshe le ene a ne a dira mo tlung ya Modimo ka go ikanyega.
3 Nokuti uyu wakanzi wakafanira rukudzo kupfuura Mozisi, sezvo anovaka imba ane rukudzo kuipfuura.
Mme Jesu o na le kgalalelo e kgolo go gaisa Moshe, fela jaaka motho yo o agang ntlo e ntle a galalediwa thata go gaisa jaaka ntlo ya gagwe e galalediwa.
4 Nokuti imba imwe neimwe inovakwa neumwe; asi anovaka zvese ndiMwari.
Le batho ba le bantsi ba ka aga matlo, mme Modimo ke One fela o o dirileng dilo tsotlhe.
5 Zvino Mozisi zvirokwazvo wakanga akatendeka muimba yake yese semuranda, kuti huve uchapupu hwezvinhu zvaizotaurwa;
Legale, Moshe o dirile tiro e ntle a dira mo tlung ya Modimo, mme o ne a le motlhanka fela; le tiro ya gagwe e ne e le ya go supa thata le go bolela dilo tse di neng di tlaa diragala kwa morago.
6 asi Kristu seMwanakomana pamusoro peimba yake; imba yake yatiri isu, kana chete tikabatisisa kushinga nekuzvirumbidza kwetariro kusvika pakuguma.
Mme Keresete, Morwa Modimo yo o ikanyegang, ke motlhokomedi yo o feletseng tota wa ntlo ya Modimo. Mme rona Bakeresete re ntlo ya Modimo, o nna mo go rona! Fa re tshegetsa bopelokgale jwa rona go ya bokhutlong le boitumelo jwa rona le boikanyo mo Moreneng.
7 Naizvozvo sezvinotaura Mweya Mutsvene achiti: Nhasi kana muchinzwa inzwi rake,
Mme ere ka Keresete a le mogolo thata, Mowa O O Boitshepo o re tlhagisa go mo reetsa, go ela tlhoko go utlwa lentswe la gagwe gompieno, le go itsa dipelo tsa rona go nna kgatlhanong nae, jaaka bana ba Iseraele ba ne ba dira. Ba ne ba ithatafatsa dipelo go nna kgatlhanong le lorato lwa one ba bo ba o ngongoregela mo sekakeng a santse a ba leka.
8 musaomesa moyo yenyu, sepakumukira, nezuva rekuedzwa murenje,
9 madzibaba enyu paakandiedza, vachindinzvera, ndokuona mabasa angu makore makumi mana.
Mme Modimo o ne wa nna pelotelele mo go bone ka dingwaga di le masome a le mane, le fa ba ne ba leka bopelotelele jwa one mo go utlwisang botlhoko; o ne wa nna wa ba direla dikgakgamatso tse di kgolo gore ba bone.
10 Naizvozvo ndakatsamwiswa nezera iro, ndokuti: Vanogara vachitsauka pamoyo; uye ava havana kuziva nzira dzangu;
Mme Modimo wa re, “Ke ne ke ba gakaletse thata, gonne dipelo tsa bone di ne di aga di lebile go sele mo boemong jwa gore di lebe kwa go nna, le gone ga ba ise ba ke ba bone ditsela tse ke neng ke batla ba tsamaya ka tsone.”
11 naizvozvo ndakapika pakutsamwa kwangu, ndikati: Havangatongopindi pazororo rangu.
Mme Modimo wa ba gakalela, wa ikana gore ga o kitla o ba leseletsa go tla kwa lefelong la one la boikhutso.
12 Chenjererai, hama, kuti kusava nemoyo wakashata wekusatenda pakati peumwe neumwe wenyu, pakutsauka kubva kuna Mwari mupenyu;
Ke gone tlhokomelang dipelo tsa lona, bakaulengwe ba ba rategang, e se re kgotsa lwa fitlhela gore le tsone di bosula ebile ga di dumele di lo gogela kgakala le Modimo o o tshelang.
13 asi kurudziranai pazuva nezuva, kuchanzi nhasi; kuti kurege kuva neumwe wenyu anoomeswa nekunyengera kwechivi;
Buisa-nyang ka dilo tse malatsi otlhe nako e santse e lo atlegetse, gore le fa e le ope wa lona a seka a thatafalela Modimo, a foufaditswe ke tsietso ya sebe.
14 nokuti tava vagovani vaKristu, kana chete tichibatisisa kuvamba kwechivimbo kusvikira pakuguma;
Gonne fa re ikanyega go ya bokhutlong, re ikanya Modimo fela jaaka re ne ra dira fa re simolola go nna Bakeresete, re tlaa nna le seabe mo go tsotlhe tse e leng tsa ga Keresete.
15 kuchanzi: Nhasi kana muchinzwa inzwi rake, musaomesa moyo yenyu, sepakumukira.
Mme jaanong ke nako. Lo seka lwa ba lwa lebala tlhagiso e e reng, “Fa lo utlwa lentswe la Modimo gompieno le bua le lona, se o thatafaletseng dipelo tsa lona jaaka bana ba Iseraele ba ne ba dira fa ba o tsogologela mo sekakeng.”
16 Nokuti vamwe vakati vanzwa vakamukira, asi havasi vese vakabva Egipita kubudikidza naMozisi.
Mme e ne e le bomang batho ba ke buang ka bone, ba ba neng ba utlwa lentswe la Modimo le bua le bone mme ba otsogologela? Ke ba ba neng ba tswa kwa Egepeto ba eteletswe pele ke Moshe.
17 Asi wakatsamwiswa nani makore makumi mana? Havasi ivo vakatadza here, vane mitumbi yakawira murenje?
Mme e ne e le mang yo o neng a gakatsa Modimo mo dingwageng tsele tsotlhe tse di masome a le mane? E ne e le bone batho ba, ba ba neng ba leofa mme ka ntlha ya go leofa ba swela mo sekakeng.
18 Uye ndivana ani vaakapikira kuti havangapindi pazororo rake, kunze kweavo vasina kutenda?
Mme Modimo o ne o bua le mang fa o ikana o re ga ba kitla ba tsena mo lefatsheng le o le solofeditseng batho ba one? O ne o bua le botlhe ba ba neng ba sa o utlwe.
19 Zvino tinoona kuti vakange vasingagoni kupinda nekuda kwekusatenda.
Gape ke eng fa ba ne ba sa tsene? Ke ka ntlha ya gore ba ne ba sa o ikanye.

< VaHebheru 3 >