< Tito 3 >

1 Gakolola bagaeno go ikobela mmuso le batsamaisi ba one, le gore ba nne kutlo ka malatsi otlhe le go ipaakanyetsa tiro nngwe le nngwe e e molemo.
Ὑπομίμνῃσκε αὐτοὺς ἀρχαῖς ἐξουσίαις ὑποτάσσεσθαι, πειθαρχεῖν, πρὸς πᾶν ἔργον ἀγαθὸν ἑτοίμους εἶναι,
2 Ba se ka ba bua bosula ka ope, le fa e le go omana, mme ba nne tshiamo le boikokobetso ka boammaaruri mo go botlhe.
μηδένα βλασφημεῖν, ἀμάχους εἶναι, ἐπιεικεῖς, πᾶσαν ἐνδεικνυμένους πραΰτητα πρὸς πάντας ἀνθρώπους.
3 Le rona re kile ra ne re le dieleele ebile re sa reetsa ditaolo; re ne re ntshiwa mo tseleng ke ba bangwe mme ra nna batlhanka ba dilo tse di itumedisang tsa boleo di le dintsi le dithato tsa nama tsa boikepo. Matshelo a rona a ne a tletse letlhoo le bopelotshetlha. Re ne re ila ba bangwe mme le bone ba ne ba re ila.
Ἦμεν γάρ ποτε καὶ ἡμεῖς ἀνόητοι, ἀπειθεῖς, πλανώμενοι, δουλεύοντες ἐπιθυμίαις καὶ ἡδοναῖς ποικίλαις, ἐν κακίᾳ καὶ φθόνῳ διάγοντες, στυγητοί, μισοῦντες ἀλλήλους.
4 Mme erile fa nako e goroga ya gore bopelonomi le lorato lwa Modimo Mmoloki wa rona di bonale,
ὅτε δὲ ἡ χρηστότης καὶ ἡ φιλανθρωπία ἐπεφάνη τοῦ Σωτῆρος ἡμῶν Θεοῦ,
5 mme o ne a re boloka, e seng ka ntlha ya gore re ne re siametse go bolokwa, mme e leng ka ntlha ya bopelonomi jwa gagwe le kutlwelo-botlhoko, ka go tlhatswa dibe tsa rona le go re naya boitumelo jo bosha jwa Mowa O O Boitshepo o o nnang mo go rona,
οὐκ ἐξ ἔργων τῶν ἐν δικαιοσύνῃ ἃ ἐποιήσαμεν ἡμεῖς ἀλλὰ κατὰ τὸ αὐτοῦ ἔλεος ἔσωσεν ἡμᾶς διὰ λουτροῦ παλινγενεσίας καὶ ἀνακαινώσεως Πνεύματος Ἁγίου,
6 o o o goromeditseng mo go rona ka letlotlo le le hakgamatsang, le gotlhe ka ntlha ya se Jesu Keresete Mmoloki wa rona o se dirileng,
οὗ ἐξέχεεν ἐφ’ ἡμᾶς πλουσίως διὰ Ἰησοῦ Χριστοῦ τοῦ Σωτῆρος ἡμῶν,
7 gore a tle a re supe re siame mo matlhong a Modimo, gotlhe e le ka ntlha ya bopelonomi jwa one jo bogolo; jaanong re ka nna le seabe mo khumong ya botshelo jo bo sa khutleng jo o re bo nayang, mme re lebeletse ka tlhwaafalo go bo amogela. (aiōnios g166)
ἵνα δικαιωθέντες τῇ ἐκείνου χάριτι κληρονόμοι γενηθῶμεν κατ’ ἐλπίδα ζωῆς αἰωνίου. (aiōnios g166)
8 Dilo tse ke di go boleletseng tse di boammaaruri tsotlhe. Tswelela mo go tsone gore Bakeresete ba tle ba tlhokomele go dira ditiro tse di siameng ka metlha yotlhe, gonne mo ga se gore go siame fela mme go tlisa maungo.
Πιστὸς ὁ λόγος, καὶ περὶ τούτων βούλομαί σε διαβεβαιοῦσθαι, ἵνα φροντίζωσιν καλῶν ἔργων προΐστασθαι οἱ πεπιστευκότες Θεῷ. ταῦτά ἐστιν καλὰ καὶ ὠφέλιμα τοῖς ἀνθρώποις·
9 Se itsenye mo dikganetsanyong tsa dipotso tse di sa arabesegeng le mo megopolong ya dikganetsanyo tse di thata tse di amanang le sedumedi; ikgaphe mo dikganetsanyong le mo dikgogakgoganong kaga go obamela melao ya Sejuta, gonne selo se se ntseng jaana ga se na thuso; se dira kutlo botlhoko fela.
μωρὰς δὲ ζητήσεις καὶ γενεαλογίας καὶ ἔριν καὶ μάχας νομικὰς περιΐστασο· εἰσὶν γὰρ ἀνωφελεῖς καὶ μάταιοι.
10 Fa mongwe a dira dikgaogano mo go lona, o tshwanetse go tlhagisiwa lwa ntlha le lwa bobedi. Morago ga moo lo seka lwa tlhola lo dirisanya nae gape ka tsela epe,
αἱρετικὸν ἄνθρωπον μετὰ μίαν καὶ δευτέραν νουθεσίαν παραιτοῦ,
11 gonne motho yo o ntseng jalo o itse sentle gore o a leofa.
εἰδὼς ὅτι ἐξέστραπται ὁ τοιοῦτος καὶ ἁμαρτάνει, ὢν αὐτοκατάκριτος.
12 Ke akanya go roma Aretemase kgotsa Tukiko kwa go lona. E re fela mongwe wa bone a goroga, tswee-tswee lekang go nkgatlhantsha kwa Nikopolisa ka bofefo jo lo ka bo kgonang, gonne ke ikaeletse go nna teng mariga otlhe.
Ὅταν πέμψω Ἀρτεμᾶν πρὸς σὲ ἢ Τυχικόν, σπούδασον ἐλθεῖν πρός με εἰς Νικόπολιν· ἐκεῖ γὰρ κέκρικα παραχειμάσαι.
13 Dira fela ka fa o ka kgonang ka teng go thusa Senase wa agente le Apolose mo loetong lwa bone; tlhomamisa gore ba newa sengwe le sengwe se ba se tlhokang.
Ζηνᾶν τὸν νομικὸν καὶ Ἀπολλῶν σπουδαίως πρόπεμψον, ἵνα μηδὲν αὐτοῖς λείπῃ.
14 Gonne batho ba ga rona ba tshwanetse go ithuta go thusa botlhe ba ba tlhokang thuso ya bone, gore matshelo a bone a tle a nne le loungo.
μανθανέτωσαν δὲ καὶ οἱ ἡμέτεροι καλῶν ἔργων προΐστασθαι εἰς τὰς ἀναγκαίας χρείας, ἵνα μὴ ὦσιν ἄκαρποι.
15 Mongwe le mongwe o a lo dumedisa. Tsweetswee ntumedisetsang ditsala tsotlhe tsa Bokeresete koo. A masego a Modimo a nne le lona lotlhe. Ke nna wa lona wa boammaaruri, Paulo.
Ἀσπάζονταί σε οἱ μετ’ ἐμοῦ πάντες. ἄσπασαι τοὺς φιλοῦντας ἡμᾶς ἐν πίστει. Ἡ χάρις μετὰ πάντων ὑμῶν.

< Tito 3 >