< Tito 2 >

1 Mme wena, buelela go tshela mo go tshwanetseng, mo go tsamaelanang le Bokeresete jwa boammaaruri.
至於你,你所講的,該合乎健全的道理;
2 Ruta banna bagolo go tlhwafalela go nna boikgapo, ba tshwanetse go nna le ditlhaloganyo, ba itse, ba bile ba dumela boammaaruri, ba dira sengwe le sengwe ka lorato le bopelotelele.
教訓老人應節制、端莊。慎重,在信德、愛德和忍耐上,要正確健全。
3 Ruta basadi bagolo go nna maitseo le masisi mo go sengwe le sengwe se ba se dirang. Ba se ka ba tsamaya tsamaya ba bua bosula kaga ba bangwe le gone ba se ka ba nna matagwa, mme ba tshwanetse go nna baruti ba tshiamo.
也要教訓老婦在舉止上要聖善,不毀謗人,不沉淪於酒,但教人行善,
4 Basadi bagolo ba ba tshwanetse go ruta basadi ba meroba go tshela ka tshisibalo mo mekgweng ya bone, go rata banna ba bone le bana ba bone,
好能教導青年婦女愛丈夫、愛子女、
5 le go nna le ditlhaloganyo le megopolo e e itshekileng, ba nna mo malwapeng a bone, ba le pelonomi ebile ba ikobela banna ba bone, gore tumelo ya Sekeresete e se ka ya tlhapadiwa ke ba ba ba itseng.
慎重、貞潔、勤理家務、善良、服從自己的丈夫,免得抵毀天主的聖道。
6 Fela jalo, kgothatsa makau go itshola sentle ka kelotlhoko, ba tsaya botshelo e le selo sa botlhokwa se se tshwanetseng go somarelwa.
你也要教訓青年人在一切事上要慎重。
7 Mme wena ka bowena, o tshwanetse go nna sekao mo go bone ka ditiro tse di molemo tsa mofuta mongwe le mongwe. A sengwe le sengwe se o se dirang se supe lorato lwa gago gore o tlhwaafetse.
你該顯示自己的為行善的模範,在教導上應表示純正莊重,
8 Dikgang tsa gago di tshwanetse go nna botlhale le botsipa gore le fa e le mang yo o batlang go nganga nao a itlhabelwe ke ditlhong gonne go tlaa bo go sena sepe se a ka nyatsang puo ya gago ka sone!
要講健全無可指摘的話,使反對的人感到慚愧,說不出我們什麼不好來。
9 Kgothatsa batlhanka go ikobela beng ba bone le go leka bojotlhe jwa bone go ba itumedisa. Ba se ka ba fetolana nabo,
教訓奴隸在一切事上要服從自己的主人,常叫他們喜悅,不要抗辯,
10 le fa e le go utswa, mme ba tshwanetse go itshupa gore ba ikanyega ka botlalo. Ka go dira jaana, ba tlaa dira gore batho ba tle go dumela mo go Mmoloki le Modimo wa rona.
不要竊取,惟要事事表示自己實在忠信,好使我們救主天主的聖道,在一切事上獲得光榮。
11 Gonne neo e e sa rekweng ya poloko ya bosakhutleng jaanong e neetswe mongwe le mongwe;
的確,天主救眾人的恩寵已經出現,
12 mme mo go yone neo e, go tla temogo ya gore Modimo o batla gore re furalele botshelo jo bo senang Modimo le dithato tsa boleo, mme re tshele matshelo a a molemo, matshelo a a boifang Modimo ka letsatsi le letsatsi, (aiōn g165)
教導我們棄絕不虔敬的生活,和世俗的貪慾,有節制,公正地、虔敬地在今世生活, (aiōn g165)
13 re lebeletse nako e ntle eo, e re ntseng re e lebeletse, e kgalalelo ya One e tlaa bonwang, kgalalelo ya Modimo wa rona o mogolo le Mmoloki Jesu Keresete.
期待所希望的幸福,和我們偉大的天主及救主耶穌基督的顯現。
14 Yo o suleng ka fa tlase ga tshekiso ya Modimo a swela dibe tsa rona, gore a tle a re falotshe mo go weleng gangwe le gape mo sebeng le go re dira ba e leng ba gagwe tota, re na le dipelo tse di tlhatswitsweng le tlhwaafalo ya boammaaruri ka go direla ba bangwe dilo tse di molemo.
衪為我們捨棄了自己,是為救贖我們脫離一切罪惡,洗淨我們,使我們能成為衪的選民,叫我們熱心行善。
15 O tshwanetse go ruta bagaeno dilo tse wa bo wa ba kgothatsa go di dira, o ba laya fa go tlhokega jaaka mongwe yo o nang le tshwanelo nngwe le nngwe go dira jalo. Se dire gore le fa e le mang a gopole gore se o se buang ga se botlhokwa.
你要宣講這些事,以全規勸和指摘,不要讓任何人輕視你。

< Tito 2 >