< Tito 1 >
1 Lokwalo lo lo tswang kwa go: Paulo, motlhanka wa Modimo le morongwa wa ga Jesu Keresete.
Paul, a servant of God, and an apostle of Jesus Christ, according to the faith of God’s elect, and the acknowledgement of the truth, which is according to godliness;
2 Ke romilwe go lere tumelo kwa go ba Modimo o ba tlhophileng le go ba ruta go itse boammaaruri jwa Modimo, boammaaruri jo bo fetolang matshelo a batho, gore ba nne le botshelo jo bo sa khutleng, jo Modimo o ba bo solofeditseng pele ga lefatshe le simologa, mme ga o kake wa bua maaka. (aiōnios )
in hope of eternal life, which God, who can not lie, promised be fore the times of the ages, (aiōnios )
3 Mme jaanong ka nako ya One e ntle, O senotse Mafoko a a Molemo a, mme o bile o ntetlelela go a bolelela mongwe le mongwe. Ka taolo ya Modimo Mmoloki wa rona, ke tlhomilwe go dira tiro e, ya One.
but he has in his own times manifested his word by preaching, which was committed to me according to the commandment of God our Savior;
4 Lo ya kwa go: Tito, yo e leng morwaake tota mo ditirong tsa Morena. A Modimo Rara le Keresete Jesu Mmoloki wa rona O go nee masego a One le kagiso ya One.
to Titus, my true son, according to the common faith: grace, mercy, and peace from God the Father, and the Lord Jesus Christ our Savior.
5 Ke go tlogetse koo mo setlhaketlhakeng sa Kereta gore o dire sengwe le sengwe se se tlhokegang go thusa go nonotsha phuthego nngwe le nngwe ya sone, mme ke ne ka go kopa go tlhoma baruti mo motseng mongwe le mongwe, ba ba tlaa salang morago ditaelo tse ke di go neetseng.
I left you in Crete for this purpose, that you might set in order the things that are wanting, and ordain elders in every city, as I commanded you:
6 Banna ba o ba tlhophang, ba tshwanetse ba bo ba itsege ka mekgwa e mentle; mongwe le mongwe o tshwanetse a bo a na le mosadi a le mongwe le bana ba bone ba tshwanetse go rata Morena le gone ga ba a tshwanela go itsege ka bosula kgotsa ka go sa reetseng batsadi ba bone.
if any one is blameless, the husband of one wife, if he has faithful children that are not accused of riotous living, or disobedient.
7 Baruti ba, ba tshwanetse ba bo ba le banna ba matshelo a a senang molato gonne ke badiredi ba Modimo. Ba se ka ba nna boikgodiso kgotsa pelo-dikhutshwane; ba se ka ba nna matagwa kgotsa batho ba ba ratang ntwa kgotsa ba ba ratang madi.
For the bishop must be blameless, as the steward of God; not self-willed, not passionate, not fond of wine, not quarrelsome, not one who makes money by base means;
8 Ba tshwanetse go itumelela go amogela baeng mo matlung a bone le go rata gotlhe mo go molemo. Ba tshwanetse go nna banna ba ba nang le ditlhaloganyo tse di itekanetseng, ebile ba sa patike. Ba tshwanetse go nna le megopolo e e lekalekanyeng e e phepha.
but hospitable, a lover of goodness, sober-minded, just, holy, temperate,
9 Go dumela ga bone mo boammaaruring jo ba bo rutilweng go nonofe go bo go nitame, gore ba tle ba kgone go go ruta ba bangwe le go kaela ba ba sa dumalaneng nabo mo ba leng phoso teng.
holding fast the sure word as it is taught, that he may be able, by sound teaching, both to exhort and to convince the opposers.
10 Gonne go ba le bantsi ba ba ganang go reetsa; mo go boammaaruri tota mo go ba ba reng Bakeresete botlhe ba tshwanetse go obamela melao ya Sejuta. Mme e ke puo ya boeleele; e foufatsa batho gore ba seka ba amogela boammaaruri,
For there are many unruly and vain talkers and deceivers, especially those of the circumcision,
11 mme selo se, se tshwanetse go fedisiwa. Malwapa otlhe a setse a bile a furaletse tshegofatso ya Modimo. Baruti ba ba ntseng jaana ba ipatlela madi a lona fela.
whose mouths must be stopped: these subvert whole houses by teaching, for the sake of base gain, things which they ought not to teach.
12 Mongwe wa bone, ebong moporofiti yo o tswang kwa Kereta, o buile jaana kaga bone a re, “Batho ba botlhe ba Kereta ke baaki; ba tshwana le diphologolo tse di ditshwakga, tse di tshelelang dimpa tsa tsone fela.”
One of themselves, a prophet of their own, has said: The Cretans are always liars, evil wild beasts, lazy gluttons.
13 Mme mo go boammaaruri. Jalo bua le Bakeresete koo, ka tlhwaafalo e e nang le kutlwelo botlhoko ka fa go tlhokegang ka teng go ba nonotsha mo tumelong,
This testimony is true; wherefore rebuke them severely, that they may be sound in the faith,
14 le go ba kganela go tlhola ba nnetse go reetsa dinaane tsa Bajuta le ditaolo tsa batho ba ba furaletseng boammaaruri.
and not give heed to Jewish fables, and commandments of men that turn away from the truth.
15 Motho yo o pelo e itshekileng o bona bomolemo le bophepa mo go sengwe le sengwe; mme motho yo pelo ya gagwe e bosula ebile e sa ikanyege o bona bosula mo go sengwe le sengwe, gonne mogopolo wa gagwe o o leswe le pelo ya gagwe e e tsogologelang, di baya dilo tsotlhe tse a di bonang le tse a di utlwang mmala o e seng one.
To the pure, all things are pure: but to the denied and unbelieving, nothing is pure; but their mind and their conscience are denied.
16 Batho ba ba ntseng jalo gantsi ba re ba itse Modimo, mme ka go bona ka fa ba itsayang ka teng, ba lemogwa gore ga ba o itse. Ba bodile ebile ga ba laolesege, ba tlhobosegile mo ba se kakeng ba dira tiro epe e e molemo.
They profess that they know God, but in their works they deny him, being detestable and disobedient, and, as it respects every good work, rejected.