< Baroma 1 >

1 Ditsala tse di rategang mo Roma, Lokwalo lo lo tswa kwa go Paulo, motlhanka wa ga Jesu Keresete, yo o tlhophilweng go nna morongwa, ebile a romilwe go rera Mafoko a Modimo a a Molemo.
예수 그리스도의 종 바울은 사도로 부르심을 받아 하나님의 복음을 위하여 택정함을 입었으니
2 Mafoko a a Molemo a, a ne a sa bolo go solofediwa batho bogologolo ke baporofiti ba Modimo mo Kgolaganong e kgologolo.
이 복음은 하나님이 선지자들로 말미암아 그의 아들에 관하여 성경에 미리 약속하신 것이라
3 Ke Mafoko a a Molemo kaga Morwaa one, Jesu Keresete Morena wa rona, yo o tsileng e le ngwana mo setshwanong sa motho, a tsalelwa mo losikeng lwa bogosi lwa ga Kgosi Dafide,
이 아들로 말하면 육신으로는 다윗의 혈통에서 나셨고
4 mme ka go tsosiwa mo baswing o ne a supiwa e le Morwa Modimo yo o senatla, ka tlholego e e boitshepo ya Modimo ka sebele.
성결의 영으로는 죽은 가운데서 부활하여 능력으로 하나님의 아들로 인정되셨으니 곧 우리 주 예수 그리스도시니라
5 Mme jaanong, ka Keresete, tshiamo yotlhe ya Modimo e goromeleditswe mo go rona baleofi ba e neng e sa re tshwanela; mme jaanong o re roma mo tikologong ya lefatshe go bolelela batho botlhe gongwe le gongwe kaga dilo tse dikgolo tse Mo-dimo o di ba diretseng, gore le bone ba tle ba dumele ba o obamele.
그로 말미암아 우리가 은혜와 사도의 직분을 받아 그 이름을 위하여 모든 이방인 중에서 믿어 순종케 하나니
6 Mme lona, ditsala tse di rategang mo Roma, le lona lo bangwe ba o ba ratang thata, le lona lo lalediwa ke Jesu Keresete go nna ba Modimo tota, ee batho ba one ba ba boitshepo. A masego otlhe a Modimo le kagiso e e tswang kwa Modimong Rara wa rona, le Jesu Keresete Morena wa rona a nne le lona.
너희도 그들 중에 있어 예수 그리스도의 것으로 부르심을 입은 자니라
7
로마에 있어 하나님의 사랑하심을 입고 성도로 부르심을 입은 모든 자에게 하나님 우리 아버지와 주 예수 그리스도로 좇아 은혜와 평강이 있기를 원하노라
8 Mmang ke simololeng ka go re, gongwe le gongwe kwa ke yang teng ke utlwa go buiwa kaga lona! Gonne tumelo ya lona mo Modimong e simolola go itsege mo tikologong ya lefatshe. Ke leboga Modimo thata jang ka Jesu Keresete ka pego e e molemo, le ka mongwe le mongwe wa lona.
첫째는 내가 예수 그리스도로 말미암아 너희 모든 사람을 인하여 내 하나님께 감사함은 너희 믿음이 온 세상에 전파됨이로다
9 Modimo o itse gore ke lo rapelela gangwe le gape jang. Bosigo le motshegare ke lo baya le tse lo di tlhokang ka thapelo mo go yo ke mo direlang ka thata yotlhe, ke bolelela ba bangwe Mafoko a a molemo kaga Morwaa one.
내가 그의 아들의 복음 안에서 내 심령으로 섬기는 하나님이 나의 증인이 되시거니와 항상 내 기도에 쉬지 않고 너희를 말하며
10 Mme sengwe sa dilo tse ke di rapelelang gangwe le gape ke lobaka lo lo atlegileng lwa gore, fa Modimo o rata, ke tle go lo bona, le gore fa go kgonega ke tle ke nne le mosepele o o babalesegileng.
어떠하든지 이제 하나님의 뜻 안에서 너희에게로 나아갈 좋은 길 얻기를 구하노라
11 Gonne ke tlhologeletswe go lo etela gore ke tle ke kgone go lo naya tumelo e e tlaa thusang phuthego ya lona go nitama mo Moreneng. Fela jalo le nna, ke tlhoka thuso ya lona, gonne ga ke batle fela go abalana tumelo ya me le lona le nna ke tlhoka go kgothadiwa ke tumelo ya lona. Mongwe le mongwe wa rona o tlaa nna tshegofatso mo go yo mongwe.
내가 너희 보기를 심히 원하는 것은 무슨 신령한 은사를 너희에게 나눠 주어 너희를 견고케 하려 함이니
이는 곧 내가 너희 가운데서 너희와 나의 믿음을 인하여 피차 안위함을 얻으려 함이라
13 Ke batla gore lo itse, bakaulengwe ba ba rategang, gore ke gantsi ke ikaelela go tla kwa go lona (mme go sa kgonege) gore ke tle go dira le lona ke bo ke bone maungo a a molemo, fela jaaka ke dirile mo diphuthegong tse dingwe tsa Badichaba.
형제들아 내가 여러 번 너희에게 가고자 한 것을 너희가 모르기를 원치 아니하노니 이는 너희 중에서도 다른 이방인 중에서와 같이 열매를 맺게 하려 함이로되 지금까지 길이 막혔도다
14 Gonne ke molato o mogolo mo go lona le mo go mongwe le mongwe, le mo bathong ba ba tlhabologileng le dichaba tsa baheitane; ee, mo go ba ba rutegileng le mo go ba ba sa rutegang fela ka go tshwana.
헬라인이나 야만이나 지혜 있는 자나 어리석은 자에게 다 내가 빚진 자라
15 Jalo he, ka fa selekanyong sa nonofo ya me e e tletseng, ke setse ke siame go tla le kwa go lona mo Roma go rera Mafoko a a Molemo a Modimo.
그러므로 나는 할 수 있는대로 로마에 있는 너희에게도 복음 전하기를 원하노라
16 Gonne ga ke tlhabisiwe ditlhong ke Mafoko a a Molemo a, kaga Keresete. Ke leano la Modimo le le nonofileng la go gapela kwa legodimong botlhe ba ba dumelang. Molaetsa o, o ne wa rerelwa Bajuta pele ba le bosi, mme jaanong mongwe le mongwe o lalediwa go tla mo Modimong ka yone tsela e.
내가 복음을 부끄러워하지 아니하노니 이 복음은 모든 믿는 자에게 구원을 주시는 하나님의 능력이 됨이라 첫째는 유대인에게요 또한 헬라인에게로다
17 Mafoko a a Molemo a, a re bolelela gore Modimo o re baakanyetsa gore re ye legodimong, a re siamisa mo ponong ya Modimo fa re baya tumelo ya rona le boikanyo mo go Keresete go re boloka. Mo go bonwa ka tumelo go tswa tshimologong go ya bokhutlong. Jaaka lokwalo lo bua lo re, “Motho yo o bonang botshelo o tlaa bo bona ka go ikanya Modimo.”
복음에는 하나님의 의가 나타나서 믿음으로 믿음에 이르게 하나니 기록된 바 오직 의인은 믿음으로 말미암아 살리라 함과 같으니라
18 Mme Modimo o supa bogale jwa one jo bo tswang legodimong mo baleofing, batho ba ba bosula ba ba tlosang boammaaruri mo go bone.
하나님의 진노가 불의로 진리를 막는 사람들의 모든 경건치 않음과 불의에 대하여 하늘로 좇아 나타나나니
19 Gonne ba itse boammaaruri kaga Modimo sentle thata; Modimo o tsentse kitso e mo dipelong tsa bone.
이는 하나님을 알만한 것이 저희 속에 보임이라 하나님께서 이를 저희에게 보이셨느니라
20 Go simolola mo dinakong tsa pele batho ba bonye lefatshe le loapi le gotlhe mo Modimo o go dirileng, ebile ba itsile ka go tshela ga one le nonofo e kgolo ya bosakhutleng. Jalo ga ba kitla ba nna le seipato (fa ba ema fa pele ga Modimo ka letsatsi la katlholo). (aïdios g126)
창세로부터 그의 보이지 아니하는 것들 곧 그의 영원하신 능력과 신성이 그 만드신 만물에 분명히 보여 알게 되나니 그러므로 저희가 핑계치 못할지니라 (aïdios g126)
21 Ee, ba itsile kaga one sentle thata, mme ga ba a ka ba dumela gore ba a o itse kgotsa ba o obamela le fa e le go o leboga ka fa o ba tlhokomelang ka teng malatsi otlhe. Mme morago ga lobakanyana ba simolola go akanya dikakanyo tsa boeleele tsa gore Modimo o ntse jang le gore o batla gore ba dire eng. Jalo ga diragala gore megopolo ya bone ya boeleele e fifale e bo e tlhakatlhakane.
하나님을 알되 하나님으로 영화롭게도 아니하며 감사치도 아니하고 오히려 그 생각이 허망하여지며 미련한 마음이 어두워졌나니
22 Ba ikaya fa ba le botlhale kwa ntle ga Modimo, mme ba fetoga dieleele tse di feteletseng ka ntlha ya go tlhoka go ikanya Modimo.
스스로 지혜 있다 하나 우둔하게 되어
23 Mme hong mo boemong jwa go obamela Modimo o o galalelang o o tshelang ka bosakhutleng, ba ne ba tsaya dikgong le maje mme ba itirela medimo ya disetwa go e obamela, ba e betla go nna jaaka dinonyane le diphologolo le dinoga le batho ba e seng ba sepe ba ba nyatsegang.
썩어지지 아니하는 하나님의 영광을 썩어질 사람과 금수와 버러지 형상의 우상으로 바꾸었느니라
24 Jalo Modimo wa ba lesa go tswelela pele mo mofuteng mongwe le mongwe wa boaka, le go dira sengwe le sengwe se ba se batlang ee, ba tlontlolo-lana mebele ka boatla.
그러므로 하나님께서 저희를 마음의 정욕대로 더러움에 내어 버려두사 저희 몸을 서로 욕되게 하셨으니
25 Mo boemong jwa gore ba dumele se ba itseng e le boammaaruri kaga Mo-dimo, ba dumela ka bomo mo maakeng. Jalo ba obamela dilo tse Modimo o di dirileng, ba gana go obamela one Modimo o o dirileng dilo tse. (aiōn g165)
이는 저희가 하나님의 진리를 거짓 것으로 바꾸어 피조물을 조물주 보다 더 경배하고 섬김이라 주는 곧 영원히 찬송할 이시로다 아멘 (aiōn g165)
26 Ke sone se Modimo o ba leseleditseng go dira tsotlhe tse di bosula tse, le gore le basadi ba bone ba furalele leano la Modimo la tlholego mme ba simolola go tlontlololana mebele.
이를 인하여 하나님께서 저희를 부끄러운 욕심에 내어 버려 두셨으니 곧 저희 여인들도 순리대로 쓸 것을 바꾸어 역리로 쓰며
27 Mme banna, mo boemong jwa go tlhakanela dikobo le basadi ka fa tlholegong, ba simolola go gakalelana, banna ba dira dilo tse di tlhabisang ditlhong le banna ba bangwe, mme ka ntlha ya moo ba bona tuelo e e ba tshwanetseng.
이와 같이 남자들도 순리대로 여인 쓰기를 버리고 서로 향하여 음욕이 불 일듯하매 남자가 남자로 더불어 부끄러운 일을 행하여 저희의 그릇됨에 상당한 보응을 그 자신에 받았느니라
28 Jalo ke sone se e rileng fa ba latlha Modimo ebile ba sa batle go o itse, Modimo wa ba tlhokomologa gore ba dire sengwe le sengwe se megopolo ya bone e e bosula e neng e ka se akanya.
또한 저희가 마음에 하나님 두기를 싫어하매 하나님께서 저희를 그 상실한 마음대로 내어 버려 두사 합당치 못한 일을 하게 하셨으니
29 Matshelo a bone a tlala mofuta mongwe le mongwe wa boikepo le sebe, wa bogagapa le kilo, keletso ya senama, polao, ntwa, maaka, bogalaka le ditshebo.
곧 모든 불의, 추악, 탐욕, 악의가 가득한 자요 시기, 살인, 분쟁, 사기, 악독이 가득한 자요, 수군수군 하는 자요
30 E ne e le basebi, ba ba ilang Modimo, ba le makgakga, e le baikgantshi, ba aga ba akanya ditsela tse dintsha tsa go leofa ebile ba tswelela pele ba sa reetse batsadi ba bone.
비방하는 자요, 하나님의 미워하시는 자요, 능욕하는 자요, 교만한 자요, 자랑하는 자요, 악을 도모하는 자요, 부모를 거역하는 자요
31 Ba leka go itira ba ba sa tlhaloganyeng, ba senya ditsholofetso tsa bone, ba le setlhogo, ba se pelotlhomogi.
우매한 자요, 배약하는 자요, 무정한 자요, 무자비한 자라
32 Ba ne ba itse sentle thata gore Modimo o atlholela loso ka ntlha ya melato e, le fa go ntse jalo ba tswelela pele mme ba e dira ka methale yotlhe, ba kgothatsa ba bangwe gore le bone ba e dire.
저희가 이같은 일을 행하는 자는 사형에 해당하다고 하나님의 정하심을 알고도 자기들만 행할 뿐 아니라 또한 그 일을 행하는 자를 옳다 하느니라

< Baroma 1 >