< Baroma 8 >

1 Mme jaanong ga go na tshekiso e e emet seng ba e leng ba ga Keresete Jesu.
nihil ergo nunc damnationis est his qui sunt in Christo Iesu qui non secundum carnem ambulant
2 Gonne nonofo ya Mowa wa botshelo, nonofo e e leng gore ke ya me ka Keresete Jesu, e nkgolotse mo bogaleng jwa sebe le loso.
lex enim Spiritus vitae in Christo Iesu liberavit me a lege peccati et mortis
3 Ga re bolokwe mo botshwarong jwa sebe ke go itse melao ya Modimo, gonne ga re ka ke le gone re bile ga re e tshegetse, mme Modimo o ne wa dirisa leano lengwe go re boloka. O romile Morwaa one mo setshwanong sa rona, pharologanyo fela ke gore mebele ya rona e na le boleo, mme Morwaa one ene o bolaile taolo ya sebe mo go rona ka go intsha setlhabelo sa dibe tsa rona.
nam quod inpossibile erat legis in quo infirmabatur per carnem Deus Filium suum mittens in similitudinem carnis peccati et de peccato damnavit peccatum in carne
4 Jaanong re ka tshegetsa melao ya Modimo fa re sala morago Mowa O O Boitshepo re bo re khutlisa go obamela tlholego e kgologolo e e bosula e e mo go rona.
ut iustificatio legis impleretur in nobis qui non secundum carnem ambulamus sed secundum Spiritum
5 Ba ba iteseletsang go laolwa ke ditlholego tsa bone tse di kgologolo ba tshelela fela go itumedisa matshelo a bone, mme ba ba salang Mowa O O Boitshepo morago ba iphitlhela ba dira dilo tse di itumedisang Modimo.
qui enim secundum carnem sunt quae carnis sunt sapiunt qui vero secundum Spiritum quae sunt Spiritus sentiunt
6 Go sala morago Mowa O O Boitshepo go isa kwa botshelong le kagiso, mme go sala morago tlholego e kgologolo go isa losong,
nam prudentia carnis mors prudentia autem Spiritus vita et pax
7 gonne tlholego e kgologolo ya boleo e e mo go rona e kgatlhanong le Modimo. Ga e ise e ke e bo e obamele melao ya Modimo mme le gone ga e kitla e e obamela.
quoniam sapientia carnis inimicitia est in Deum legi enim Dei non subicitur nec enim potest
8 Ke sone se e leng gore ba ba sa ntseng ba le ka fa tlase ga taolo ya bone e kgologolo ya boleo, ba gapesegetse ka fa go saleng morago dikeletso tsa bone tse di kgologolo tse di bosula, ba ka se ke ba itumedisa Modimo.
qui autem in carne sunt Deo placere non possunt
9 Mme lona ga lo a nna jalo. Lo laolwa ke tlholego ya lona e ncha fa mowa wa Modimo o nna mo go lona. (Mme gakologelwang gore le fa e le mang yo o senang Mowa wa ga Keresete, ga se Mokeresete gotlhelele).
vos autem in carne non estis sed in Spiritu si tamen Spiritus Dei habitat in vobis si quis autem Spiritum Christi non habet hic non est eius
10 Mme le fa tota Keresete a nna mo go wena, mmele wa gago o tlaa swa ka ntlha ya sebe, mme mowa wa gago o tlaa tshela, gonne Keresete o o itshwaretse.
si autem Christus in vobis est corpus quidem mortuum est propter peccatum spiritus vero vita propter iustificationem
11 Mme fa Mowa wa Modimo, o o tsositseng Jesu mo baswing, o nna mo go lona, o tlaa dira gore mebele ya lona e e swang e tshele gape morago ga lo o swa, ka one Mowa O O Boitshepo o, o o nnang mo go lona.
quod si Spiritus eius qui suscitavit Iesum a mortuis habitat in vobis qui suscitavit Iesum Christum a mortuis vivificabit et mortalia corpora vestra propter inhabitantem Spiritum eius in vobis
12 Jalo he, bakaulengwe ba me ba ba rategang, ga lo na ditshwanelo le fa e le dipe mo tlholegong ya lona e kgologolo ya boleo go dira se e batlang gore lo se dire.
ergo fratres debitores sumus non carni ut secundum carnem vivamus
13 Gonne fa lo tswelela go e sala morago lo latlhegile ebile lo tlaa nyelela, mme fa ka nonofo ya Mowa O O Boitshepo lo e ripitla le ditiro tsa yone tse di bosula, lo tlaa tshela.
si enim secundum carnem vixeritis moriemini si autem Spiritu facta carnis mortificatis vivetis
14 Gonne ba ba gogwang ke Mowa wa Modimo ke bana ba Modimo.
quicumque enim Spiritu Dei aguntur hii filii sunt Dei
15 Jalo ga re a tshwanela go tshwana le batlhanka ba ba boi ba ba magatlapa, mme re tshwanetse go nna jaaka bana ba Modimo ka sebele, ba ba dirilweng bana ka go tsenngwa mo lwapeng lwa one, go mmitsa “Rara, Rara.”
non enim accepistis spiritum servitutis iterum in timore sed accepistis Spiritum adoptionis filiorum in quo clamamus Abba Pater
16 Gonne Mowa wa one O O Boitshepo o buisanya le rona mo botennye jwa dipelo tsa rona, ebile o re bolelela gore re bana ba Modimo tota.
ipse Spiritus testimonium reddit spiritui nostro quod sumus filii Dei
17 Mme ka re le bana ba one, re tlaa rua mahumo a one, gonne gotlhe mo Modimo o go neelang Morwaa one le rona jaanong ke ga rona. Mme fa e le gore re tshwanetse go nna le seabe mo kgalalelong ya gagwe le rona re tshwanetse go nna le seabe mo go bogisiweng ga gagwe.
si autem filii et heredes heredes quidem Dei coheredes autem Christi si tamen conpatimur ut et conglorificemur
18 Le fa go ntse jalo dipogiso tsa rona tsa malatsi ano ga se sepe fa di tshwantshiwa le kgalalelo e o tlaa e re nayang mo nakong e e tlang.
existimo enim quod non sunt condignae passiones huius temporis ad futuram gloriam quae revelabitur in nobis
19 Gonne lobopo lotlhe lo letetse lone letsatsi leo ka bopelotelele le ka tsholofelo fa Modimo o tlaa bo o tsosa bana ba one.
nam expectatio creaturae revelationem filiorum Dei expectat
20 Gonne mo letsatsing leo mitlwa, mesetlho, sebe, loso le go bola, dilo tse di neng tsa fenya lefatshe kgatlhanong le keletso ya lone mo taolong ya Modimo di tlaa nyelela tsotlhe, le lefatshe le le re dikologileng le tlaa nna le seabe mo kgololesegong e e galalelang e bana ba Modimo ba e itumelelang ka go bo ba kgaogane le boleo.
vanitati enim creatura subiecta est non volens sed propter eum qui subiecit in spem
quia et ipsa creatura liberabitur a servitute corruptionis in libertatem gloriae filiorum Dei
22 Gonne re itse gore le dilo tsa tlholego, jaaka diphologolo le ditlhare, di boga bolwetse le loso di sa ntse di emetse tiragalo e kgolo e.
scimus enim quod omnis creatura ingemescit et parturit usque adhuc
23 Mme le rona tota Bakeresete, le fa re na le Mowa O O Boitshepo mo go rona e le ketapele ya kgalalelo ya malatsi a a tlang, re tshwenyega gore re gololwe mo ditlhabing le mo tshotlegong. Le rona, ka tlhwaafalo re letetse letsatsi leo le Modimo o tlaa re neelang ditshwanelo tsa rona tsotlhe jaaka bana ba one, le mebele e mesha e o e re solofeditseng, mebele e e se kitlang e tlhola e lwala gape ebile e se kitla e tlhola e e swa.
non solum autem illa sed et nos ipsi primitias Spiritus habentes et ipsi intra nos gemimus adoptionem filiorum expectantes redemptionem corporis nostri
24 Re bolokilwe ka tsholofelo. Jalo he, tsholofelo e raya tebelelo ya go nna le sengwe se re iseng re nne naso, gonne motho yo a setseng a na le sengwe ga a tlhoke go solofela le go dumela gore o tlaa nna naso.
spe enim salvi facti sumus spes autem quae videtur non est spes nam quod videt quis quid sperat
25 Mme fa re tshwanetse go nna re ikanya Modimo ka sengwe se se iseng se diragale, go re ruta go letela ka bopelotelele le ka boikanyo.
si autem quod non videmus speramus per patientiam expectamus
26 Gape ka yone tsela eo, ka tumelo ya rona, Mowa O O Boitshepo o re thusa mo matshwenyegong a rona a malatsi otlhe le mo go rapeleng ga rona. Gonne ga re itse le se tota re tshwanetseng go se rapelela, le ka fa re tshwanetseng go rapela ka teng; mme Mowa O O Boitshepo o re rapelela ka maikutlo a e leng gore ga a ka ke a tlhalosiwa ka mafoko ape.
similiter autem et Spiritus adiuvat infirmitatem nostram nam quid oremus sicut oportet nescimus sed ipse Spiritus postulat pro nobis gemitibus inenarrabilibus
27 Mme Rara yo o itseng dipelo tsotlhe o a itse, se Mowa o se buang jaaka o re rapelela ka kagiso le ka fa go rateng ga Modimo.
qui autem scrutatur corda scit quid desideret Spiritus quia secundum Deum postulat pro sanctis
28 Jalo he, re itse gore gotlhe mo go re diragalelang go re direla bomolemo fa re rata Modimo ebile re tsena sentle mo maikaelelong a one.
scimus autem quoniam diligentibus Deum omnia cooperantur in bonum his qui secundum propositum vocati sunt sancti
29 Gonne go simologa kwa tshimologong Modimo o ne wa ikaelela gore ba ba tlang kwa go one, ebile ka o ne o ntse o itse gore e tlaa nna bo mang, ba tshwanetse go nna jaaka Morwaa one, gore Morwaa one a tle a nne motsalwa pele mo bakaulengweng ba le bantsi.
nam quos praescivit et praedestinavit conformes fieri imaginis Filii eius ut sit ipse primogenitus in multis fratribus
30 Mme erile Modimo o sena go re itlhophela, o ne wa re biletsa kwa go one; mme erile fa re tla, wa re supa “re sena molato”, wa re tlatsa ka bomolemo jwa ga Keresete, wa re naya tshiamelo ya go ema le one, re le ba ba siamisitsweng, wa ba wa re solofetsa kgalalelo ya one.
quos autem praedestinavit hos et vocavit et quos vocavit hos et iustificavit quos autem iustificavit illos et glorificavit
31 Tota fela re ka reng kaga dilo tse di ntseng jaana tse di hakgamatsang? Fa Modimo o re eme nokeng, emang yo o ka nnang kgatlhanong le rona?
quid ergo dicemus ad haec si Deus pro nobis quis contra nos
32 Ka Modimo o ise o ke o be o rekegele Morwaa one o ne wa mo ntshetsa go nna setlhabelo sa rona rotlhe, a le ene tota ga a na go re naya sengwe le sengwe?
qui etiam Filio suo non pepercit sed pro nobis omnibus tradidit illum quomodo non etiam cum illo omnia nobis donabit
33 Ke mang yo o ka re bayang molato rona ba re itshenketsweng ke Modimo gore re nne ba one? A Modimo o tlaa dira jalo? Nnyaa! Ke one o o re itshwaretseng wa ba wa re naya tshwanelo ya go ema nao.
quis accusabit adversus electos Dei Deus qui iustificat
34 Emang jaanong yo o tlaa re sekisang? A Keresete o tlaa dira jalo? Nnyaa! Gonne ke ene yo o re swetseng a bo a boela mo botshelong gape ka ntlha ya rona, mme jaanong o ntse mo lefelong la tlotlo e kgolo go bapa le Modimo, ebile o a re rapelela.
quis est qui condemnet Christus Iesus qui mortuus est immo qui resurrexit qui et est ad dexteram Dei qui etiam interpellat pro nobis
35 Emang jaanong yo o ka re kgaoganyang le lorato lwa ga Keresete? Fa re na le mathata kgotsa re le mo tlalelong, fa re tsongwa kgotsa re bolawa, a ke ka ntlha ya gore ga a sa tlhole a re rata? A mme fa re bolawa ke tlala, kgotsa re sena madi, kgotsa re le mo diphatseng, kgotsa re tshosiwa ke loso, a Modimo o a bo o re latlhile?
quis nos separabit a caritate Christi tribulatio an angustia an persecutio an fames an nuditas an periculum an gladius
36 Nnyaa, gonne Dikwalo di re bolelela gore ka ntlha ya gagwe re tshwanetse go ipaakanyetsa go lebagana le loso ka nako nngwe le nngwe ya letsatsi, re tshwana fela le dinku tse di emetseng go tlhajwa.
sicut scriptum est quia propter te mortificamur tota die aestimati sumus ut oves occisionis
37 Mme mo godimo ga mo gotlhe, phenyo e kgolo ke ya rona ka Keresete yo o re ratileng a bo a re swela.
sed in his omnibus superamus propter eum qui dilexit nos
38 Gonne ke tlhomamisa gore ga go na sepe se se ka re kgaoganyang le lorato lwa gagwe. Loso ga lo ka ke, le botshelo ga bo ka ke. Baengele ga ba ka ke, le dinonofo tsotlhe tsa molete ga di ka ke tsa re kgaoganya le lorato lwa Modimo. Dipoifo tsa rona tsa gompieno, boitlhobaelelo jwa rona kaga letsatsi le le latelang,
certus sum enim quia neque mors neque vita neque angeli neque principatus neque instantia neque futura neque fortitudines
39 kgotsa fa re leng teng kwa godimodimo ga loapi, kgotsa mo lewatleng le le boteng-teng, ga gona sepe se se tlaa kgonang go re kgaoganya le lorato lwa Modimo lo lo supilweng ke Morena wa rona Jesu Keresete fa a re swela.
neque altitudo neque profundum neque creatura alia poterit nos separare a caritate Dei quae est in Christo Iesu Domino nostro

< Baroma 8 >