< Baroma 7 >
1 A ga lo ise lo bo lo tlhaloganye, bakaulengwe ba Sejuta ba ba rategang mo go Keresete, gore fa motho a a swa, molao ga o sa tlhole o mo tlama?
형제들아 내가 법 아는 자들에게 말하노니 너희는 율법이 사람의 살 동안만 그를 주관하는 줄 알지 못하느냐
2 Mmang ke tshwantshe: Fa mosadi a nyalwa, molao o mo golegelela mo monneng wa gagwe fela fa a sa ntse a tshela. Mme fa monna a a swa, mosadi ga a sa tlhole a golegeletswe mo go ene; melao ya lonyalo ga e sa tlhole e mo ama.
남편 있는 여인이 그 남편 생전에는 법으로 그에게 매인바 되나 만일 그 남편이 죽으면 남편의 법에서 벗어났느니라
3 Mme o ka nna a nyalwa ke monna o sele fa a rata. Moo go ne go tlaa bo go sa siama fa monna a ne a sa ntse a tshela, mme go siame sentle fela fa monna a sule.
그러므로 만일 그 남편 생전에 다른 남자에게 가면 음부라 이르되 남편이 죽으면 그 법에서 자유케 되나니 다른 남자에게 갈지라도 음부가 되지 아니하느니라
4 “Monna wa gago,” mong wa gago e kile ya ne e le molao wa Sejuta; mme o ne wa “swa” jaaka o ka re o swa le Keresete mo mokgorong; mme ka o “sule”, ga o sa tlhole o “Nyetswe ke molao,” le gone molao ga o sa tlhole o na le taolo mo go wena. Mme o ne wa boela mo botshelong gape fa Keresete a rula, jalo he o motho yo mosha. Mme jaanong o “nyetswe,” go bua jalo ke raya gore, o nyetswe ke yo o tsogileng mo baswing, gore o tle o ungwe loungo lo lo siameng, ke gore ditiro tse di siameng tsa Modimo.
그러므로 내 형제들아 너희도 그리스도의 몸으로 말미암아 율법에 대하여 죽임을 당하였으니 이는 다른이 곧 죽은 자 가운데서 살아나신 이에게 가서 우리로 하나님을 위하여 열매를 맺히게 하려 함이니라
5 Erile fa tlholego ya lona e kgologolo e sa ntse e dira mo nameng, dithato tsa boleo di ne di dira mo go lona, di lo batlisa go dira sengwe le sengwe se Modimo o neng o re lo seka lwa se dira, lo ungwa ditiro tsa boleo, loungo lo lo bolayang lwa loso.
우리가 육신에 있을 때에는 율법으로 말미암는 죄의 정욕이 우리 지체 중에 역사하여 우리로 사망을 위하여 열매를 맺게 하였더니
6 Mme jaanong ga lo sa tlhole lo tlhokana le go tshwenyega ka melao ya Sejuta le ngwao gonne lo ne lwa “swa” lo sa ntse lo le mo botshwarongjwa yone, mme jaanong lo ka direla Modimo tota; eseng ka tsela e kgologolo e ka yone lo neng lo obamela melao ka fa go batlwang ka teng, mme e leng ka tsela e ncha, (lo o obamela ka bojotlhe jwa dipelo tsa lona le maikutlo).
이제는 우리가 얽매였던 것에 대하여 죽었으므로 율법에서 벗어났으니 이러므로 우리가 영의 새로운 것으로 섬길 것이요 의문의 묵은 것으로 아니할지니라
7 Mme jalo, a ke raya gore melao e ya Modimo e bosula? Nnyaa ga ke rialo! Molao ga o boleo gonne ke one molao o o mpontshiteng sebe sa me. Nkabo ke ile ka seka ka itse sebe se se mo pelong ya me, dithato tse di bosula tse di fitlhegileng mo go yone fa molao o ne o sa re, “O seka wa nna le dithato tse di bosula mo pelong ya gago.”
그런즉 우리가 무슨 말 하리요 율법이 죄냐 그럴 수 없느니라 율법으로 말미암지 않고는 내가 죄를 알지 못하였니 곧 율법이 탐내지 말라 하지 아니하였더면 내가 탐심을 알지 못하였으리라
8 Mme sebe se dirisitse molao o kgatlhanong le dithato tse di bosula ka go nkgakolola gore dithato tse di ntseng jalo ga di a siama ebile di tsosa mefuta yotlhe ya dithato tse di sa letlelelweng mo go nna! Fela fa go ne go sena melao e e ka rojwang go ka bo go sena boleo.
그러나 죄가 기회를 타서 계명으로 말미암아 내 속에서 각양 탐심을 이루었나니 이는 법이 없으면 죄가 죽은 것임이니라
9 Ke sone se ke neng ke ikutlwa sentle fa ke sa tlhaloganye se tota molao o neng o se batla. Mme erile fa ke sena go ithuta boammaaruri, ke ne ka lemoga gore ke robile molao ebile ke moleofi yo o tshwanetseng go swa.
전에 법을 깨닫지 못할 때에는 내가 살았더니 계명이 이르매 죄는 살아나고 나는 죽었도다
10 Mme ka fa ke lemogileng ka teng, molao o o molemo o o neng o tshwanetse go ntshupegetsa tsela ya botshelo o ne wa dira gore ke atlholelwe loso.
생명에 이르게 할 그 계명이 내게 대하여 도리어 사망에 이르게 하는 것이 되었도다
11 Sebe sa ntsietsa ka go tsaya melao e e molemo ya Modimo se e dirisa go nkatlholela loso.
죄가 기회를 타서 계명으로 말미암아 나를 속이고 그것으로 나를 죽였는지라
12 Le fa go ntse jalo, lemoga gore molao ka bo one o ne o siame ebile o le molemo.
이로 보건대 율법도 거룩하며 계명도 거룩하며 의로우며 선하도다
13 Mme moo go ka diragala jang? A molao ga se one o o dirileng gore ke atlholelwe loso? Mme jaanong molao o ka nna molemo jang? Nnyaa, e ne e le sebe, ke selo sa bo-Satane, se se dirisitseng se se neng se le molemo go lere katlholo ya me. Jalo o ka bona ka fa maikaelelong a sone a a bosula go bolaya le go atlholela loso.
그런즉 선한 것이 내게 사망이 되었느뇨 그럴 수 없느니라 오직 죄가 죄로 드러나기 위하여 선한 그것으로 말미암아 나를 죽게 만들었으니 이는 계명으로 말미암아 죄로 심히 죄되게 하려 함이니라
14 Molao o molemo, jalo he, molato ga o mo molaong o mo go nna, gonne ke rekisitswe mo botlhankeng jwa sebe jaaka monngake.
우리가 율법은 신령한 줄 알거니와 나는 육신에 속하여 죄 아래 팔렸도다
15 Ga ke itlhaloganye gotlhelele, gonne tota ke batla go dira se se molemo, mme ga ke kgone. Ke dira se ke sa se rateng go se dira, se ke se ilang.
나의 행하는 것을 내가 알지 못하노니 곧 원하는 이것은 행하지 아니하고 도리어 미워하는 그것을 함이라
16 Ke itse sentle gore se ke se dirang ga se a siama, le letswalo la me le le sa siamang le supa gore ke dumalana le melao e ke e robang.
만일 내가 원치 아니하는 그것을 하면 내가 이로 율법의 선한 것을 시인하노니
17 Mme ga ke kgone go ithusa, gonne ga se nna ke se dirang. Ke sebe se se mo go nna ke sone se nonofileng go mpheta, ke sone se ntirisang dilo tse di bosula tse.
이제는 이것을 행하는 자가 내가 아니요 내 속에 거하는 죄니라
18 Ke itse gore ke bodile e le ruri ka ntlha ya tlholego ya me e kgologolo ya boleo. Le fa ke re ke leka go tilela kae, ga ke kgone go itira gore ke dire tshiamo. Ke a rata mme ga ke kgone.
내 속 곧 내 육신에 선한 것이 거하지 아니하는 줄을 아노니 원함은 내게 있으나 선을 행하는 것은 없노라
19 Fa ke batla go dira molemo ga ke o dire; mme fa ke leka gore ke se ka ka dira bosula, ke a bo dira.
내가 원하는 바 선은 하지 아니하고 도리어 원치 아니하는 바 악은 행하는도다
20 Jaanong fa ke dira se ke sa rateng go se dira, go bonala sentle kwa molato o leng teng: Sebe se santse se nngaparetse ka bosula jwa sone.
만일 내가 원치 아니하는 그것을 하면 이를 행하는 자가 내가 아니요 내 속에 거하는 죄니라
21 Go bonala e le boammaaruri jo bo leng teng mo botshelong gore fa ke batla go dira se se siameng, ke hekeetsega go dira se se sa siamang.
그러므로 내가 한 법을 깨달았노니 곧 선을 행하기 원하는 나에게 악이 함께 있는 것이로다
22 Ke rata go dira go rata ga Modimo fela kafa tlholegong yame e ncha e ntseng ka teng;
내 속 사람으로는 하나님의 법을 즐거워하되
23 mme go na le selo sengwe mo botennye jwa me, mo tlholegong ya me e kgologolo, se se tlhabanang le tlhaloganyo ya me, mme se ntira motlhanka wa boleo jo bo sa ntseng bo le mo go nna.
내 지체 속에서 한 다른 법이 내 마음의 법과 싸워 내 지체 속에 있는 죄의 법 아래로 나를 사로잡아 오는 것을 보는도다
24 Mo tlhaloganyong ya me ke batla go nna motlhanka wa Modimo yo o ikemise-ditseng go dira go rata ga one mme mo boemong jwa moo ke iphitlhela ke sa ntse ke le motlhanka wa boleo. Jalo lo bona ka fa go ntseng ka teng: Botshelo jwa me jo bosha bo mpolelela gore ke dire molemo, mme tlholego e kgologolo e e sa ntseng e le mo go nna e rata go leofa.
오호라! 나는 곤고한 사람이로다 이 사망의 몸에서 누가 나를 건져내랴
25 Oo, ke mo bothateng jo bo boitshegang jang! Emang yo o tlaa nkgololang mo botlhankeng jo jwa tlholego e ya loso. Ke leboga Modimo! Gonne go setse go dirilwe ke Keresete Morena wa rona. O nkgolotse.
우리 주 예수 그리스도로 말미암아 하나님께 감사하리로다 그런즉 내 자신이 마음으로는 하나님의 법을 육신으로는 죄의 법을 섬기노라