< Baroma 6 >

1 Jalo he, a re tlaa nna re tswelela re dira dibe gore Modimo o tle o nne o re kaele tshiamo le boitshwarelo.
Wat zullen wij dan zeggen? Zullen wij in de zonde blijven, opdat de genade te meerder worde?
2 Nnyaa ga go a nna jalo! A re tshwanetse go nna re dira dibe fa re sa tshwanela? Gonne nonofo ya sebe e e neng e re imelela e robilwe fa re nna Bakeresete ra bo ra kolobediwa go nna tokololo ya ga Keresete; ka loso lwa gagwe.
Dat zij verre. Wij, die der zonde gestorven zijn, hoe zullen wij nog in dezelve leven?
3
Of weet gij niet, dat zovelen als wij in Christus Jezus gedoopt zijn, wij in Zijn dood gedoopt zijn?
4 Nonofo ya tlholego ya lona e kgologolo e e ratang go leofa e tsentswe le ene mo phupung ka kolobetso fa a a swa, mme erile fa Modimo Rara, ka nonofo e e galalelang o mo rudisa, lo ne lwa neelwa botshelo jwa gagwe jo bontle jo bosha go itumela ka jone.
Wij zijn dan met Hem begraven, door den doop in den dood, opdat, gelijkerwijs Christus uit de doden opgewekt is tot de heerlijkheid des Vaders, alzo ook wij in nieuwigheid des levens wandelen zouden.
5 Gonne lo fetogile tokololo ya gagwe, jalo he lo sule nae, go bua jalo ke raya ka nako e a neng a a swa ka yone; mme jaanong lo na le seabe mo botshelong jwa gagwe jo bosha mme lo tlaa tsoga fela jaaka a ne a tsoga.
Want indien wij met Hem een plant geworden zijn in de gelijkmaking Zijns doods, zo zullen wij het ook zijn in de gelijkmaking Zijner opstanding;
6 Dikeletso tsa lona tse di bosula tsa bogologolo di ne tsa kokotelwa mo mokgorong nae, tokololo eo ya lona e e ratang go leofa e ne ya ripitliwa ya ba ya ntshiwa dintho mo go bolayang, gore mmele wa gago o o ratang go leofa o seka wa tlhola o nna ka fa tlase ga taolo ya sebe, o sa tlhole o tlhoka go nna motlhanka wa boleo;
Dit wetende, dat onze oude mens met Hem gekruisigd is, opdat het lichaam der zonde te niet gedaan worde, opdat wij niet meer de zonde dienen.
7 gonne fa o sa tlhole o dira sebe o golotswe mo thaelong ya sone le nonofo ya sone go go laola.
Want die gestorven is, die is gerechtvaardigd van de zonde.
8 Mme ka tlholego ya lona e kgologolo ya go rata boleo e “sule” le Keresete, re itse gore lo tlaa nna le seabe mo botshelong jwa gagwe jo bosha.
Indien wij nu met Christus gestorven zijn, zo geloven wij, dat wij ook met Hem zullen leven;
9 Keresete o tsogile mo baswing mme ga a kitla a tlhola a a swa gape. Loso ga lo sa tlhole lo na le nonofo mo go ene.
Wetende, dat Christus, opgewekt zijnde uit de doden, niet meer sterft; de dood heerst niet meer over Hem.
10 O swetse ruri gangwe fela go fedisa nonofo ya sebe, mme jaanong o tshela ka metlha yotlhe mo botsalanong go ya bosakhutleng.
Want dat Hij gestorven is, dat is Hij der zonde eenmaal gestorven; en dat Hij leeft, dat leeft Hij Gode.
11 Jalo he, tsaya tlholego ya gago e kgologolo ya sebe jaaka e ka bo e sule e sa tsaalane molelo le sebe, mme mo boemong jwa go utlwana le sebe tshelela Modimo, o tlhomame mo go one, ka Jesu Keresete Morena wa rona.
Alzo ook gijlieden, houdt het daarvoor dat gij wel der zonde dood zijt, maar Gode levende zijt in Christus Jezus, onzen Heere.
12 Se tlhole o letlelela sebe go laola mmele wa gago o o kgobaletseng; se ineele mo dithatong tsa one tse di leofang.
Dat dan de zonde niet heerse in uw sterfelijk lichaam, om haar te gehoorzamen in de begeerlijkheden deszelven lichaams.
13 Se letleleleng tokololo epe ya mebele ya lona go nna didirisiwa tsa boleo, go dirisiwa mo go direng boleo; mme ineeleng gotlhelele mo Modimong, tokololo nngwe le nngwe ya lona, gonne lo tswa mo losong mme lo batla go nna didirisiwa tsa Modimo, go dirisiwa mo megopolong ya one e e siameng.
En stelt uwe leden niet der zonde tot wapenen der ongerechtigheid; maar stelt uzelven Gode, als uit de doden levende geworden zijnde, en stelt uw leden Gode tot wapenen der gerechtigheid.
14 Sebe ga se sa tlhole se tshwanetse go nna monnga lona, gonne jaanong ga lo sa tlhole lo golegeletswe mo molaong mo sebe se lo dirang makgoba teng, mme lo gololesegile ka fa tlase ga thato ya Modimo le kutlwelo-botlhoko ya one.
Want de zonde zal over u niet heersen; want gij zijt niet onder de wet, maar onder de genade.
15 A mo go raya gore re ka nna ra tswelela ra leofa mme ra seka ra tshwenyega ka ga gone? (Gonne poloko ya rona ga e ikaege mo go bolokeng molao; fa e se mo go amogeleng tshegofatso ya Modimo). Nnyaa ga go a nna jalo!
Wat dan? Zullen wij zondigen, omdat wij niet zijn onder de wet, maar onder de genade? Dat zij verre.
16 A ga o lemoge gore o ka itlhophela mong wa gago? O ka tlhopha sebe (le loso) kgotsa theetso (le kgololo). Yo o mo ineelang, o tlaa go tsaya a bo a nna mong wa gago mme o tlaa nna motlhanka wa gagwe.
Weet gij niet, dat wien gij uzelven stelt tot dienstknechten ter gehoorzaamheid, gij dienstknechten zijt desgenen, dien gij gehoorzaamt, of der zonde tot den dood, of der gehoorzaamheid tot gerechtigheid?
17 A go lebogwe Modimo ka gore le fa lo kile lwa itlhophela go nna batlhanka ba boleo; jaanong lo tshegeditse thuto e Modimo o e lo neileng ka pelo yotlhe ya lona.
Maar Gode zij dank, dat gij wel dienstknechten der zonde waart, maar dat gij nu van harte gehoorzaam geworden zijt aan het voorbeeld der leer, tot hetwelk gij overgegeven zijt;
18 Mme jaanong lo gololesegile mo go mong wa lona yo mogologolo, (sebe); jaanong lo batlhanka ba mong wa lona yo mosha, ebong tshiamo.
En vrijgemaakt zijnde van de zonde, zijt gemaakt dienstknechten der gerechtigheid.
19 Ke bua jaana, ke dirisa sekai sa batlhanka le barena, gonne se motlhofo go tlhaloganngwa: fela jaaka lo kile lwa bo lo le batlhanka mo mefuteng yotlhe ya boleo, jaanong lo tshwanetse go itetlelela go nna batlhanka mo go gotlhe mo go siameng go bile go itshepile.
Ik spreek op menselijke wijze, om der zwakheid uws vleses wil; want gelijk gij uw leden gesteld hebt, om dienstbaar te zijn der onreinigheid en der ongerechtigheid, tot ongerechtigheid, alzo stelt nu uw leden, om dienstbaar te zijn der gerechtigheid, tot heiligmaking.
20 Mo malatsing ale fa lo ne lo sa ntse lo le batlhanka ba boleo, lo ne lo sa tshwenyege ka tshiamo ya Modimo.
Want toen gij dienstknechten waart der zonde, zo waart gij vrij van de gerechtigheid.
21 Mme maduo e ne ya nna eng? Go bonala sentle gore ga e aka ya nna tshiamo, ka jaanong lo tlhabiwa ke ditlhong go akanya kaga dilo tse lo kileng lwa bo lo di dira, gonne tsotlhe di felela mo tatlhegong ya bosakhutleng.
Wat vrucht dan hadt gij toen van die dingen, waarover gij u nu schaamt? Want het einde derzelve is de dood.
22 Mme jaanong lo gololesegile mo nonofong ya boleo lo batlhanka ba Modimo, mme thobo ya lona mo go one ke boitshepo le botshelo jo bo sa khutleng. (aiōnios g166)
Maar nu, van de zonde vrijgemaakt zijnde, en Gode dienstbaar gemaakt zijnde, hebt gij uw vrucht tot heiligmaking, en het einde het eeuwige leven. (aiōnios g166)
23 Gonne maduo a boleo ke loso, mme neo ya Mo-dimo e e sa rekweng ke botshelo jo bosakhutleng ka Jesu Keresete Morena wa rona. (aiōnios g166)
Want de bezoldiging der zonde is de dood, maar de genadegift Gods is het eeuwige leven, door Jezus Christus, onzen Heere. (aiōnios g166)

< Baroma 6 >