< Baroma 5 >

1 Mme jaanong, ka re siamisitswe mo ponong ya Modimo ka tumelo mo ditsholofetsong tsa one, re ka nna le kagiso mo go one ka ntlha ya se Jesu Keresete Morena wa rona o se re diretseng.
vi"svaasena sapu. nyiik. rtaa vayam ii"svare. na saarddha. m prabhu. naasmaaka. m yii"sukhrii. s.tena melana. m praaptaa. h|
2 Gonne ka ntlha ya tumelo ya rona, o re beile mo lefelong le le nang le tshwanelo e e kwa godimo fa re leng teng jaanong, mme re lebeletse ka tshepo le ka boitumelo go nna se tota Modimo o neng o gopotse gore re nne sone.
apara. m vaya. m yasmin anugrahaa"sraye ti. s.thaamastanmadhya. m vi"svaasamaarge. na tenaivaaniitaa vayam ii"svariiyavibhavapraaptipratyaa"sayaa samaanandaama. h|
3 Le rona re ka itumela, fa re tsena mo matha-teng le mo melekong gonne re itse gore mathata a re siametse, a re thusa go ithuta go nna pelotelele.
tat kevala. m nahi kintu kle"sabhoge. apyaanandaamo yata. h kle"saad dhairyya. m jaayata iti vaya. m jaaniima. h,
4 Mme bopelotelele bo tlhogisa boitshwaro jo bo nonofileng mo go rona, ebile bo re thusa go ikanya Modimo thata mo nakong nngwe le nngwe fa re bo dirisa go fitlhelela lwa bofelo tsholofelo ya rona le tumelo di nonofa di bo di dira ka boiketlo le kelotlhoko di sa reketle.
dhairyyaacca pariik. sitatva. m jaayate, pariik. sitatvaat pratyaa"saa jaayate,
5 Mme fa moo go diragala, re kgona go ema re nitame, ga go re sepe gore go diragala eng ebile re itse gore gotlhe go siame, gonne re itse ka fa Modimo o re ratang ka teng, ebile re utlwa lorato lo lo tukang gongwe le gongwe mo go rona gonne Modimo o re neile Mowa O O Boitshepo go tlatsa dipelo tsa rona ka lorato lwa one.
pratyaa"saato vrii. ditatva. m na jaayate, yasmaad asmabhya. m dattena pavitre. naatmanaasmaakam anta. hkara. naanii"svarasya premavaari. naa siktaani|
6 E rile re sa kgone go ithusa gotlhelele go se na letshoba la go falola, Jesu a tla ka nako e e tshwa-netseng mme a re swela rona baleofi ba re neng re sena molemo mo go ene.
asmaasu nirupaaye. su satsu khrii. s.ta upayukte samaye paapinaa. m nimitta. m sviiyaan pra. naan atyajat|
7 Le fa tota re ne re siame, re ne re se ka ke ra solofela ope go re swela, lefa go ntse jalo, go re swela go ne go ka kgonega.
hitakaari. no janasya k. rte kopi pra. naan tyaktu. m saahasa. m karttu. m "saknoti, kintu dhaarmmikasya k. rte praaye. na kopi praa. naan na tyajati|
8 Mme Modimo o ne wa supa lorato lwa one lo logolo mo go rona ka go romela Keresete go tla go re swela fa re ne re sa ntse re le baleofi.
kintvasmaasu paapi. su satsvapi nimittamasmaaka. m khrii. s.ta. h svapraa. naan tyaktavaan, tata ii"svarosmaan prati nija. m paramapremaa. na. m dar"sitavaan|
9 Mme e re ka madi a gagwe a re diretse mo gotlhe re le baleofi, o tlaa re direla go le gogolo thata jang jaanong ka a re supile re se molato? Jaanong o tlaa re boloka mo bogaleng jotlhe jwa Modimo jo bo tlang.
ataeva tasya raktapaatena sapu. nyiik. rtaa vaya. m nitaanta. m tena kopaad uddhaari. syaamahe|
10 Mme e re ka re ne re le baba ba one, re ne ra busediwa kwa Modimong ka loso lwa Morwaa one, kana ke masego a magolo thata jang a o tshwanetseng go a re naya jaanong ka gore re ditsala tsa one, le ka gore o nna mo go rona!
phalato vaya. m yadaa ripava aasma tade"svarasya putrasya mara. nena tena saarddha. m yadyasmaaka. m melana. m jaata. m tarhi melanapraaptaa. h santo. ava"sya. m tasya jiivanena rak. saa. m lapsyaamahe|
11 Jaanong re itumela mo kgolaganong ya rona e ntle e ncha le Modimo, gotlhe ka ntlha ya se Morena wa rona Jesu Keresete o se dirileng ka go swela dibe tsa rona, a re dira ditsala tsa Modimo.
tat kevala. m nahi kintu yena melanam alabhaamahi tenaasmaaka. m prabhu. naa yii"sukhrii. s.tena saampratam ii"svare samaanandaama"sca|
12 Erile fa Adamo a leofa, sebe sa tsena mo bathong botlhe. Sebe sa gagwe sa lere loso mo lefatsheng lotlhe, jalo sengwe le sengwe sa simolola go tsofala le go swa, gonne tsotlhe di leofile.
tathaa sati, ekena maanu. se. na paapa. m paapena ca mara. na. m jagatii. m praavi"sat apara. m sarvve. saa. m paapitvaat sarvve maanu. saa m. rte rnighnaa abhavat|
13 (Re itse gore ke sebe sa ga Adamo se se dirileng selo se) gonne le fa go ntse jalo, batho ba ne ba tswelela ba leofa go simolola ka nako ya ga Adamo go fitlhelela ka Moshe, ka malatsi ao Modimo o ne o ise o ba neele melao ya one le fa e le go ba bolelela se o batlang ba se dira.
yato vyavasthaadaanasamaya. m yaavat jagati paapam aasiit kintu yatra vyavasthaa na vidyate tatra paapasyaapi ga. nanaa na vidyate|
14 Jalo e ne ya re fa mebele ya bone e e swa e bo e se ka ntlha ya dibe tsa bone, ka ntlha ya gore bone ka bo bone ba ne ba ise ba ke ba tlole molao mongwe wa botlhokwa wa Modimo kgatlhanong le go ja loungo lo lo idiwang, jaaka Adamo a ne a dira. A pharologanyo e tona fa gare ga ga Adamo le Keresete yo o neng a tlaa tloga a tla!
tathaapyaadamaa yaad. r"sa. m paapa. m k. rta. m taad. r"sa. m paapa. m yai rnaakaari aadamam aarabhya muusaa. m yaavat te. saamapyupari m. rtyuu raajatvam akarot sa aadam bhaavyaadamo nidar"sanamevaaste|
15 Gape a pharologanyo e tona fa gare ga sebe sa motho le boitshwarelo jwa Modimo! Gonne monna yo fela a le nosi Adamo, o lerile loso mo go ba le bantsi ka sebe sa gagwe. Mme monna yo ebong Jesu Keresete, o lerile boitshwarelo mo go ba le bantsi ka ntlha ya kutlwelo botlhoko ya Modimo.
kintu paapakarmma. no yaad. r"so bhaavastaad. rg daanakarmma. no bhaavo na bhavati yata ekasya janasyaaparaadhena yadi bahuunaa. m mara. nam agha. tata tathaapii"svaraanugrahastadanugrahamuulaka. m daana ncaikena janenaarthaad yii"sunaa khrii. s.tena bahu. su baahulyaatibaahulyena phalati|
16 Sebe sa ga Adamo se le sosi se lerile loso mo go ba le bantsi, fa Keresete a tlosa dibe tsotlhe a ba naya botshelo jo bo galalelang mo boemong jwa loso.
aparam ekasya janasya paapakarmma yaad. rk phalayukta. m daanakarmma taad. rk na bhavati yato vicaarakarmmaika. m paapam aarabhya da. n.dajanaka. m babhuuva, kintu daanakarmma bahupaapaanyaarabhya pu. nyajanaka. m babhuuva|
17 Sebe sa monna yo a le nosi, ebong Adamo, se dirile loso go nna kgosi mo go botlhe, mme botlhe ba ba tlaa amogelang neo ya Modimo ya boitshwarelo le kgololo ke dikgosi tsa botshelo ka ntlha ya monna yo, a le nosi, ebong Jesu Keresete.
yata ekasya janasya paapakarmmatastenaikena yadi mara. nasya raajatva. m jaata. m tarhi ye janaa anugrahasya baahulya. m pu. nyadaana nca praapnuvanti ta ekena janena, arthaat yii"sukhrii. s.tena, jiivane raajatvam ava"sya. m kari. syanti|
18 Ee, Sebe sa ga Adamo se tlisitse kotlhao mo go botlhe, mme tshiamo ya ga Keresete e dira batho tshiamo mo Modimong, gore ba tshele.
eko. aparaadho yadvat sarvvamaanavaanaa. m da. n.dagaamii maargo. abhavat tadvad eka. m pu. nyadaana. m sarvvamaanavaanaa. m jiivanayuktapu. nyagaamii maarga eva|
19 Adamo o dirile ba le bantsi gore ba nne baleofi gonne gaa a ka a reetsa Modimo, mme Keresete o dirile ba le bantsi go amogelesega kwa Modimong gonne o ne a reetsa Modimo.
aparam ekasya janasyaaj naala"nghanaad yathaa bahavo. aparaadhino jaataastadvad ekasyaaj naacara. naad bahava. h sapu. nyiik. rtaa bhavanti|
20 Melao e e some e ne ya ntshiwa gore botlhe ba bone selekanyo sa ka fa ba tlhaelang ka teng go obamela melao ya Modimo. Mme fa re ntse re bona boleo jwa rona ke gone bogolo re bonang kutlwelobotlhoko ya Modimo o o re itshwarelang.
adhikantu vyavasthaagamanaad aparaadhasya baahulya. m jaata. m kintu yatra paapasya baahulya. m tatraiva tasmaad anugrahasya baahulyam abhavat|
21 Pele, sebe se ne se busa batho botlhe mme sa ba lere mo losong, mme jaanong kutlwelo-botlhoko ya Mo-dimo e busa mo boemong jwa sebe, e re naya tshwanelo ya go ema fa pele ga Modimo re le ba ba itekanetseng gore re nne le botshelo jo bo sa khu-tleng ka Jesu Keresete Morena wa rona. (aiōnios g166)
tena m. rtyunaa yadvat paapasya raajatvam abhavat tadvad asmaaka. m prabhuyii"sukhrii. s.tadvaaraanantajiivanadaayipu. nyenaanugrahasya raajatva. m bhavati| (aiōnios g166)

< Baroma 5 >