< Baroma 3 >

1 Mme go thusang go nna Mojuta? A go na le botlhokwa bongwe mo thupisong ya Sejuta?
Τί οὖν τὸ περισσὸν τοῦ Ἰουδαίου, ἢ τίς ἡ ὠφέλεια τῆς περιτομῆς;
2 Ee, go nna Mojuta go na le dithuso di le dintsi. Santlha Modimo o ne wa ba neela melao ya one ka go ba ikanya [gore ba tle ba itse mme ba dire go rata ga one].
πολὺ κατὰ πάντα τρόπον. πρῶτον μὲν ⸀γὰρὅτι ἐπιστεύθησαν τὰ λόγια τοῦ θεοῦ.
3 Boammaaruri ke gore, bangwe ba bone ba ne ba sa ikanyege, mme fela ka ntlha ya gore ba ne ba senya ditsholofetso tsa bone mo Modimong, a seo se raya gore Modimo o tlaa senya ditsholofetso tsa one?
τί γάρ; εἰ ἠπίστησάν τινες, μὴ ἡ ἀπιστία αὐτῶν τὴν πίστιν τοῦ θεοῦ καταργήσει;
4 Ga go a nna jalo! Le fa batho mo lefatsheng e le baaki, Modimo one ga o a nna jalo. A o gakologelwa se se buiwang ke lokwalo lwa Dipesalema kaga selo se? Gore mafoko a Modimo a tlaa aga a supega a le boammaaruri a bile a siame, ga gore sepe gore mongwe o a ganetsa.
μὴ γένοιτο· γινέσθω δὲ ὁ θεὸς ἀληθής, πᾶς δὲ ἄνθρωπος ψεύστης, ⸀καθὼςγέγραπται· Ὅπως ἂν δικαιωθῇς ἐν τοῖς λόγοις σου καὶ ⸀νικήσειςἐν τῷ κρίνεσθαί σε.
5 Mme bangwe ba re, “Mme go senya tumelo ya rona mo Modimong go siame, tsa rona dibe di bontsha tshiamo, gonne batho ba tlaa lemoga gore Modimo o siame thata jang fa ba bona ka fa re leng maswe ka teng. A go siame jaanong, gore o re otlhae fa dibe tsa rona di o thusa?” (Ke ka fa batho bangwe ba buang ka teng.)
εἰ δὲ ἡ ἀδικία ἡμῶν θεοῦ δικαιοσύνην συνίστησιν, τί ἐροῦμεν; μὴ ἄδικος ὁ θεὸς ὁ ἐπιφέρων τὴν ὀργήν; κατὰ ἄνθρωπον λέγω.
6 Modimo o a gana wa re a go se tualo! Gonne e ne e tlaa bo e le Modimo o o ntseng jang, fa o tlodisa sebe matlho? O ne o ka atlhola le fa e le mang jang?
μὴ γένοιτο· ἐπεὶ πῶς κρινεῖ ὁ θεὸς τὸν κόσμον;
7 Gonne o ne o ka seka wa ntshekisa wa bo wa nkatlhola ke le moleofi fa go tlhoka go ikanyega ga me go ne go o leretse kgalalelo ka go supa go ikanyega ga one fa go tshwantshanngwa le maaka a me.
εἰ ⸀δὲἡ ἀλήθεια τοῦ θεοῦ ἐν τῷ ἐμῷ ψεύσματι ἐπερίσσευσεν εἰς τὴν δόξαν αὐτοῦ, τί ἔτι κἀγὼ ὡς ἁμαρτωλὸς κρίνομαι,
8 Fa o tsweletse ka mogopolo o o reng: Modimo o itumela fa re le baleofi! Katlholo e go emetse wena yo o buang dilo tse di ntsengjaana. Legale bangwe ba re ke sone se ke se rutang se!
καὶ μὴ καθὼς βλασφημούμεθα καὶ καθώς φασίν τινες ἡμᾶς λέγειν ὅτι Ποιήσωμεν τὰ κακὰ ἵνα ἔλθῃ τὰ ἀγαθά; ὧν τὸ κρίμα ἔνδικόν ἐστιν.
9 Jalo he, a rona Bajuta re botoka go na le ba bangwe? Nnyaa, le goka, gonne re setse re supile gore batho botlhe ke baleofi ka go tshwana, a e ka ne e le Bajuta kgotsa Badichaba.
Τί οὖν; προεχόμεθα; οὐ πάντως, προῃτιασάμεθα γὰρ Ἰουδαίους τε καὶ Ἕλληνας πάντας ὑφʼ ἁμαρτίαν εἶναι,
10 Jaaka dikwalo di bua, “Ga go na ope yo o siameng, ga go na ope mo lefatsheng lotlhe yo o senang molato.”
καθὼς γέγραπται ὅτι Οὐκ ἔστιν δίκαιος οὐδὲ εἷς,
11 Ga go na le fa e le ope yo o kileng a tsamaya sentle mo ditseleng tsa Modimo, kgotsa le fa e le go batla go tsamaya mo go tsone ka boammaaruri.
οὐκ ἔστιν ⸀ὁσυνίων, οὐκ ἔστιν ⸁ὁἐκζητῶν τὸν θεόν·
12 Botlhe ba leofile ba fapogile. Ga go na ope le fa e le kae yo o tsweletseng pele a dira se se siameng; le fa e le a le mongwe.
πάντες ἐξέκλιναν, ἅμα ἠχρεώθησαν· οὐκ ⸀ἔστινποιῶν χρηστότητα, οὐκ ἔστιν ἕως ἑνός.
13 Dipuo tsa bone di leswe ebile di bosula jaaka monkgo wa sebodu o o tswang mo phupung e e atlhameng. Diteme tsa bone di tletse maaka. Sengwe le sengwe se ba se buang se na le lobolela le botlhole jwa dinoga tse di bolayang.
τάφος ἀνεῳγμένος ὁ λάρυγξ αὐτῶν, ταῖς γλώσσαις αὐτῶν ἐδολιοῦσαν, ἰὸς ἀσπίδων ὑπὸ τὰ χείλη αὐτῶν,
14 Melomo ya bone e tletse thogakano le bogalaka.
ὧν τὸ στόμα ἀρᾶς καὶ πικρίας γέμει·
15 Ba bofefo go bolaya, ba ila le fa e le mang yo o sa dumalaneng le bone.
ὀξεῖς οἱ πόδες αὐτῶν ἐκχέαι αἷμα,
16 Gongwe le gongwe kwa ba yang teng ba tlogela tshotlego le matshwenyego kwa morago,
σύντριμμα καὶ ταλαιπωρία ἐν ταῖς ὁδοῖς αὐτῶν,
17 le gone ga ba ise ba ke ba itse tsela ya kagiso le fa e le go akola masego a Modimo.
καὶ ὁδὸν εἰρήνης οὐκ ἔγνωσαν.
18 Ga ba boife sepe kaga Modimo le fa e le se Modimo o se gopolang kaga bone.
οὐκ ἔστιν φόβος θεοῦ ἀπέναντι τῶν ὀφθαλμῶν αὐτῶν.
19 Jalo tshegetsa melao ya Modimo mo boemong jwa go dira dilo tse tsotlhe tse di bosula; ga go na le fa e le ope wa bone yo o nang le seipato; ka boammaaruri lefatshe lotlhe le didimetse ebile le molato fa pele ga Modimo Mothatayotlhe.
Οἴδαμεν δὲ ὅτι ὅσα ὁ νόμος λέγει τοῖς ἐν τῷ νόμῳ λαλεῖ, ἵνα πᾶν στόμα φραγῇ καὶ ὑπόδικος γένηται πᾶς ὁ κόσμος τῷ θεῷ·
20 Jaanong a lo lemoga sentle? Ga go na le fa e le ope yo o ka siamisiwang mo ponong ya Modimo ka go dira se molao o se laolang. Gonne fa re ntse re tswelela ka go itse melao ya Modimo, re simolola go lemoga sentle gore ga re e obamele; melao ya one e dira gore re bone gore re baleofi.
διότι ἐξ ἔργων νόμου οὐ δικαιωθήσεται πᾶσα σὰρξ ἐνώπιον αὐτοῦ, διὰ γὰρ νόμου ἐπίγνωσις ἁμαρτίας.
21 Mme jaanong Modimo o re supegeditse tsela e sele ya go ya kwa legodimong, e seng “ka go siama ga rona” le go leka go tshegetsa melao ya one, mme e leng ka tsela e ncha (lefa go ntse jalo tota ga e ncha, gonne dikwalo ga di bolo go bolela ka ga yone bogologolo).
Νυνὶ δὲ χωρὶς νόμου δικαιοσύνη θεοῦ πεφανέρωται, μαρτυρουμένη ὑπὸ τοῦ νόμου καὶ τῶν προφητῶν,
22 Jaanong Modimo wa re o tlaa re amogela o bo o re golola, o re supa “re se molato” fa re ikanya Jesu go tlosa dibe tsa rona. Mme le rona rotlhe re ka bolokwa mo go yone tsela e, ka go tla kwa go Keresete, ga gore sepe gore re bomang kgotsa gore ra re re ntse jang.
δικαιοσύνη δὲ θεοῦ διὰ πίστεως Ἰησοῦ Χριστοῦ, εἰς ⸀πάνταςτοὺς πιστεύοντας, οὐ γάρ ἐστιν διαστολή.
23 Ee, botlhe ba leofile; botlhe ba tlhaela kgalaletso ya Modimo;
πάντες γὰρ ἥμαρτον καὶ ὑστεροῦνται τῆς δόξης τοῦ θεοῦ,
24 mme le fa go ntse jalo Modimo o re supa “re se molato” wa go o leofela fa re ikanya mo go Jesu Keresete, yo mo bopelonoming jwa gagwe o tlosang dibe tsa rona kwa ntle ga tuelo epe.
δικαιούμενοι δωρεὰν τῇ αὐτοῦ χάριτι διὰ τῆς ἀπολυτρώσεως τῆς ἐν Χριστῷ Ἰησοῦ·
25 Gonne Modimo o rometse Jesu Keresete go tlosa kwatlhao ya rona ka ntlha ya dibe tsa rona, le go fedisa bogale jotlhe jwa Modimo jo bo re okameng. Modimo o dirisitse madi a ga Keresete le tumelo ya rona e le tsela ya go re boloka mo bogaleng jwa one. Ka yone tsela e, o ne wa supa tshiamo ya one o sa patike ope, le fa o ise o ke o otlhae ba ba neng ba leofa mo metlheng ya pele. Gonne o ne o lebetse kwa pele nako e Keresete o neng a tlaa tla ka yone go tlosa dibe tseo tsotlhe.
ὃν προέθετο ὁ θεὸς ἱλαστήριον ⸀διὰπίστεως ἐν τῷ αὐτοῦ αἵματι εἰς ἔνδειξιν τῆς δικαιοσύνης αὐτοῦ διὰ τὴν πάρεσιν τῶν προγεγονότων ἁμαρτημάτων
26 Mme jaanong le mo malatsing ano, o ka amogela baleofi ka yone tsela e, gonne Jesu o tlositse dibe tsa bone. A mme tota golo mo go siame gore Modimo o golole badira bosula, mme o bo o re ga ba na le fa e le molato ope? Nnyaa, gonne o go dira ka go ikanya ga bone mo go Jesu yo o tlositseng dibe tsa bone.
ἐν τῇ ἀνοχῇ τοῦ θεοῦ, πρὸς ⸀τὴνἔνδειξιν τῆς δικαιοσύνης αὐτοῦ ἐν τῷ νῦν καιρῷ, εἰς τὸ εἶναι αὐτὸν δίκαιον καὶ δικαιοῦντα τὸν ἐκ πίστεως Ἰησοῦ.
27 Mme re ka ipelafatsa ka go dira eng gore re bone poloko? Ga go sepe gotlhelele. Ka go reng? Gonne kgololo ya rona ga e a ikaega mo ditirong tsa rona tse di molemo; e ikaegile mo go se Keresete o se dirileng, le tumelo ya rona mo go ene.
Ποῦ οὖν ἡ καύχησις; ἐξεκλείσθη. διὰ ποίου νόμου; τῶν ἔργων; οὐχί, ἀλλὰ διὰ νόμου πίστεως.
28 Jalo go raya gore re bolokwa ka tumelo ya rona mo go Keresete e seng ka ditiro tse di molemo tse re di dirang.
λογιζόμεθα ⸀γὰρ⸂δικαιοῦσθαι πίστει ἄνθρωπον χωρὶς ἔργων νόμου.
29 A mme Modimo o boloka Bajuta fela ka yone tsela e? Nnyaa, le Badichaba ba ka tla kwa go ene ka yone tsela e.
ἢ Ἰουδαίων ὁ θεὸς μόνον; ⸀οὐχὶκαὶ ἐθνῶν; ναὶ καὶ ἐθνῶν,
30 Modimo o re tsaya fela ka go tshwana; botlhe fela, a e ka ne e le Bajuta kgotsa Badichaba, ba a gololwa fa ba na le tumelo.
⸀εἴπερεἷς ὁ θεός, ὃς δικαιώσει περιτομὴν ἐκ πίστεως καὶ ἀκροβυστίαν διὰ τῆς πίστεως.
31 Mme jalo he, fa re bolokwa ka tumelo, a mo go raya gore ga re sa tlhole re tlhokana le go obamela melao ya Modimo? Nnyaa ga go a nna jalo! Tota fela fa re ikanya Jesu ke gone re ka o obamelang ka boammaaruri.
νόμον οὖν καταργοῦμεν διὰ τῆς πίστεως; μὴ γένοιτο, ἀλλὰ νόμον ⸀ἱστάνομεν

< Baroma 3 >