< Baroma 2 >

1 Go siame, o ka ne kgotsa o re, “O ntse o bua kaga batho ba ba sa siamang thata jang!” Iketle pele! Le wena o tshwana nabo. Fa lo re ba ikepile ba tshwanetse go otlhaiwa, go ithaya lona gonne lo dira tsone fela ditiro tse ba di dirang.
Διὸ ἀναπολόγητος εἶ, ὦ ἄνθρωπε πᾶς ὁ κρίνων· ἐν ᾧ γὰρ κρίνεις τὸν ἕτερον, σεαυτὸν κατακρίνεις· τὰ γὰρ αὐτὰ πράσσεις ὁ κρίνων.
2 Mme re itse gore Modimo mo tshekisong o tlaa otlhaya le fa e le mang yo o dirang dilo tse di tshwanang le tse.
οἴδαμεν δὲ ὅτι τὸ κρῖμα τοῦ θεοῦ ἐστιν κατὰ ἀλήθειαν ἐπὶ τοὺς τὰ τοιαῦτα πράσσοντας·
3 A o gopola gore Modimo o tlaa sekisa o bo o atlhola ba bangwe ka ntlha ya go dira dilo tseo mme o go tlodise matlho fa le wena o ntse o di dira?
λογίζῃ δὲ τοῦτο, ὦ ἄνθρωπε ὁ κρίνων τοὺς τὰ τοιαῦτα πράσσοντας καὶ ποιῶν αὐτά, ὅτι σὺ ἐκφεύξῃ τὸ κρῖμα τοῦ θεοῦ;
4 A ga o lemoge ka fa Modimo o leng pelotelele mo go wena ka teng? Kgotsa a ga o tshwenyege ka gope? A ga o bone gore o ntse o sa go otlhae mo lobakeng lo lotlhe, e le go go naya sebaka sa go sokologa mo sebeng? Bopelonomi jwa one bo diretswe go go gogela kwa boikwatlhaong.
ἢ τοῦ πλούτου τῆς χρηστότητος αὐτοῦ καὶ τῆς ἀνοχῆς καὶ τῆς μακρο θυμίας καταφρονεῖς, ἀγνοῶν ὅτι τὸ χρηστὸν τοῦ θεοῦ εἰς μετάνοιάν σε ἄγει;
5 Mme le fa go ntse jalo, ga o reetse; mme ka go dira jalo o ipolokela kwatlhao e e setlhogo ka ntlha ya botlhogo-e-thata jwa gago jwa go gana go soko-loga mo sebeng; gonne go tlaa tla letsatsi la bogale fa Modimo o tlaa bong o le moatlhodi yo o sa patikeng wa lefatshe lotlhe.
κατὰ δὲ τὴν σκληρότητά σου καὶ ἀμετανόητον καρδίαν θησαυρίζεις σεαυτῷ ὀργὴν ἐν ἡμέρᾳ ὀργῆς καὶ ἀποκαλύψεως δικαιοκρισίας τοῦ θεοῦ,
6 O tlaa naya mongwe le mongwe tuelo ka fa ditirong tsa gagwe.
ὃς ἀποδώσει ἑκάστῳ κατὰ τὰ ἔργα αὐτοῦ,
7 O tlaa naya botshelo jo bo sa khutleng ba ba dirang go rata ga Modimo ka bopelotelele, ba batla kgalalelo e e sa bonweng ka matlho le tlotlo le botshelo jo bo sa khutleng jo o bo abang. (aiōnios g166)
τοῖς μὲν καθ᾽ ὑπομονὴν ἔργου ἀγαθοῦ δόξαν καὶ τιμὴν καὶ ἀφθαρσίαν ζητοῦσιν ζωὴν αἰώνιον· (aiōnios g166)
8 Mme o tlaa otlhaya setlhogo ba ba tlhabantshang boammaaruri jwa Modimo ba tsamaya mo ditseleng tse di bosula, bogale jwa Modimo bo tlaa ba wela godimo.
τοῖς δὲ ἐξ ἐριθείας καὶ ἀπειθοῦσιν τῇ ἀληθείᾳ, πειθομένοις δὲ τῇ ἀδικίᾳ, ὀργὴ καὶ θυμός,
9 Go tlaa nna khutsafalo le pogisego mo Bajuteng le mo go Badichaba ba ba tswelelang ba dira boleo.
θλῖψις καὶ στενοχωρία ἐπὶ πᾶσαν ψυχὴν ἀνθρώπου τοῦ κατεργαζομένου τὸ κακόν, Ἰουδαίου τε πρῶτον καὶ Ἕλληνος·
10 Mme go tlaa nna kgalalelo le tlotlo le kagiso e tswa kwa Modimong e le tsa ba ba o reetsang, le fa e ka ne e le Bajuta kgotsa Badichaba.
δόξα δὲ καὶ τιμὴ καὶ εἰρήνη παντὶ τῷ ἐργαζομένῳ τὸ ἀγαθόν, Ἰουδαίῳ τε πρῶτον καὶ Ἕλληνι·
11 Gonne Modimo o tsaya batho ka tekatekanyo.
οὐ γάρ ἐστιν προσωπολημψία παρὰ τῷ θεῷ.
12 O tlaa otlhaya sebe gongwe le gongwe kwa se bonwang teng. O tlaa otlhaya baheitane fa ba leofa, le fa ba ise ba ke ba nne le melao ya Modimo e e kwadilweng, gonne mo botennye jwa dipelo tsa bone ba itse tshiamo le bosula.
Ὅσοι γὰρ ἀνόμως ἥμαρτον, ἀνόμως καὶ ἀπολοῦνται· καὶ ὅσοι ἐν νόμῳ ἥμαρτον, διὰ νόμου κριθήσονται,
13 Melao ya Modimo e kwadilwe mo go bone; segakolodi sa bone se ba baya molato, ka nako e nngwe se dumalana nabo.
οὐ γὰρ οἱ ἀκροαταὶ νόμου δίκαιοι παρὰ θεῷ, ἀλλ᾽ οἱ ποιηταὶ νόμου δικαιωθήσονται,
14 Mme Modimo o tlaa otlhaela Bajuta go leofa gonne ba na le melao ya one e e kwadilweng mme ga ba e tshegetse.
(ὅταν γὰρ ἔθνη τὰ μὴ νόμον ἔχοντα φύσει τὰ τοῦ νόμου ποιῶσιν, οὗτοι νόμον μὴ ἔχοντες ἑαυτοῖς εἰσιν νόμος,
15 Ba itse se se siameng mme ga ba se dire. Kana poloko ga e newe ba ba itseng se ba tshwanetseng go se dira, fa e se fela ba se dira.
οἵτινες ἐνδείκνυνται τὸ ἔργον τοῦ νόμου γραπτὸν ἐν ταῖς καρδίαις αὐτῶν, συμμαρτυρούσης αὐτῶν τῆς συνειδήσεως καὶ μεταξὺ ἀλλήλων τῶν λογισμῶν κατηγορούντων ἢ καὶ ἀπολογουμένων, )
16 Ammaaruri letsatsi le tlaa tla fa ka taolo ya Modimo, Jesu Keresete o tlaa atlholang masaitsiweng a mongwe le mongwe, maikutlo a bone a a kwa teng le maikaelelo a bone; se ke bontlha bongwe jwa leano la Modimo le legolo le ke lo le bolelelang.
ἐν ἡμέρᾳ ὅτε κρινεῖ ὁ θεὸς τὰ κρυπτὰ τῶν ἀνθρώπων κατὰ τὸ εὐαγγέλιόν μου, διὰ Ἰησοῦ χριστοῦ.
17 Lona Bajuta lo gopola gore gotlhe go siame fa gare ga lona le Modimo gonne o lo neetse melao ya one; lo ipelafatsa ka gore lo ithaya lo re lo ditsala tsa one tse di tlhophegileng.
Εἰ δὲ σὺ Ἰουδαῖος ἐπονομάζῃ καὶ ἐπαναπαύῃ νόμῳ, καὶ καυχᾶσαι ἐν θεῷ,
18 Ee, lo itse se o se batlang; lo itse pharologanyo ya bosula le molemo mme lo rata tshiamo gonne lo rutilwe melao ya one go tsweng bonyaneng jwa lona.
καὶ γινώσκεις τὸ θέλημα καὶ δοκιμάζεις τὰ διαφέροντα, κατηχούμενος ἐκ τοῦ νόμου·
19 Lo tlhomamisa tota tsela e e yang kwa Modimong mo e leng gore lo ka e supegetsa le sone sefofu tota. Lo ipona lo le masedi a a bontshang tsela, lo kaela batho ba ba latlhegetseng mo lefifing tsela ya go ya kwa Modimong.
πέποιθάς τε σεαυτὸν ὁδηγὸν εἶναι τυφλῶν, φῶς τῶν ἐν σκότει,
20 Lo akanya gore lo ka goga dieleele lwa ba lwa ruta le bana ditiro tsa Modimo, gonne lo itse melao ya one sentle e e tletseng kitso yotlhe le boammaaruri.
παιδευτὴν ἀφρόνων, διδάσκαλον νηπίων, ἔχοντα τὴν μόρφωσιν τῆς γνώσεως καὶ τῆς ἀληθείας ἐν τῷ νόμῳ·
21 Ee, lo ruta ba bangwe, jaanong ke eng fa lona lo sa ithute? Lo raya ba bangwe lo re ba seka ba utswa, a e bile lo a utswa?
ὁ οὖν διδάσκων ἕτερον σεαυτὸν οὐ διδάσκεις; ὁ κηρύσσων μὴ κλέπτειν κλέπτεις;
22 Lwa re go phoso go dira kgokafalo a ebile lo a e dira? Lwa re, “Go seka ga rapelwa medimo ya disetwa,” mme lona lo dira madi modimo wa lona wa disetwa mo boemong jwa go rapela Modimo.
ὁ λέγων μὴ μοιχεύειν μοιχεύεις; ὁ βδελυσσόμενος τὰ εἴδωλα ἱεροσυλεῖς;
23 Lo ipelafatsa thata ka go itse melao ya Modimo, mme lo o tlontlolola ka go e roba.
ὃς ἐν νόμῳ καυχᾶσαι, διὰ τῆς παραβάσεως τοῦ νόμου τὸν θεὸν ἀτιμάζεις;
24 Ga go gakgamatse fa Dikwalo di re lefatshe le bua bosula ka ga Modimo ka ntlha ya lona.
Τὸ γὰρ ὄνομα τοῦ θεοῦ δι᾽᾽ ὑμᾶς βλασφημεῖται ἐν τοῖς ἔθνεσιν, καθὼς γέγραπται.
25 Go nna Mojuta go botlhokwa fa o tshegetsa melao ya Modimo; mme fa o sa e tshegetse, ga o botoka go na le moheitane.
περιτομὴ μὲν γὰρ ὠφελεῖ, ἐὰν νόμον πράσσῃς· ἐὰν δὲ παραβάτης νόμου ᾖς, ἡ περιτομή σου ἀκροβυστία γέγονεν.
26 Mme fa baheitane ba tshegetsa melao ya Modimo, a Modimo ga o kitla o ba naya ditshwanelo tsotlhe le tlotlo e o neng o ikaeletse go e naya Bajuta?
ἐὰν οὖν ἡ ἀκροβυστία τὰ δικαιώματα τοῦ νόμου φυλάσσῃ, οὐχ ἡ ἀκροβυστία αὐτοῦ εἰς περιτομὴν λογισθήσεται;
27 Ammaaruri baheitane bao ba tlaa nna botoka thata go na le lona Bajuta ba lo itseng thata kaga Modimo ebile lo na le ditsholofetso tsa one mme lo sa tshegetse melao ya one.
καὶ κρινεῖ ἡ ἐκ φύσεως ἀκροβυστία τὸν νόμον τελοῦσα σὲ τὸν διὰ γράμματος καὶ περιτομῆς παραβάτην νόμου;
28 Gonne ga lo Bajuta tota, fela ka ntlha ya gore lo tsetswe ke batsadi ba Sejuta kgotsa ka ntlha ya gore lo rupisitswe mo mokgweng wa Sejuta, ebong modiro wa bogwera.
οὐ γὰρ ὁ ἐν τῷ φανερῷ Ἰουδαῖός ἐστιν, οὐδὲ ἡ ἐν τῷ φανερῷ ἐν σαρκὶ περιτομή,
29 Nnyaa, Mojuta tota ke mongwe fela yo pelo ya gagwe e siameng mo Modimong. Gonne ga o batle ba ba kgaolang ditokololo dingwe tsa mebele ya bone go rupisiwa ga senama, mme o batla ba ba fetogileng dipelo le mewa. Le fa e le mang yo o nang le phetogo e e ntseng jalo mo botshelong jwa gagwe o tlaa amogela pako e e tswang kwa Modimong, le fa e sa tswe mo go lona.
ἀλλὰ ὁ ἐν τῷ κρυπτῷ Ἰουδαῖος, καὶ περιτομὴ καρδίας ἐν πνεύματι οὐ γράμματι, οὗ ὁ ἔπαινος οὐκ ἐξ ἀνθρώπων ἀλλὰ ἐκ τοῦ θεοῦ.

< Baroma 2 >