< Baroma 14 >
1 Amogelang ka boitumelo mokaulengwe mongwe le mongwe yo o batlang go dirisanya le lona, le fa tumelo ya gagwe e le bokoa. Se mo tshwayeng diphoso ka go nna le megopolo e e farologanyeng le ya lona ka se se siameng le se se sa siamang.
τον δε ασθενουντα τη πιστει προσλαμβανεσθε μη εις διακρισεις διαλογισμων
2 Sekai ke se, se ngangisanyeng nae kaga gore a go tshwanetse kgotsa ga go a tshwa-nela go ja nama e e tlhabetsweng medimo ya disetwa. Wena o ka ne kgotsa o dumela gore ga go na sekgopi mo go e jeng, mme tumelo ya ba bangwe e bokoa; ba gopola gore ga go a siama, mme ba tlaa tswelela ba ikitsa nama eo gotlhelele, ba je merogo fela go na le go ja nama e e ntseng jalo.
ος μεν πιστευει φαγειν παντα ο δε ασθενων λαχανα εσθιει
3 Ba ba bonang go ba siametse go ja nama e e ntseng jalo, ba seka ba nyatsa ba ba sa e jeng. Mme fa o le mongwe wa ba ba sa e jeng, se tshwaye phoso ba ba e jang. Gonne Modimo o ba amogetse go nna bana ba one.
ο εσθιων τον μη εσθιοντα μη εξουθενειτω και ο μη εσθιων τον εσθιοντα μη κρινετω ο θεος γαρ αυτον προσελαβετο
4 Ke batlhanka ba Modimo, ga se ba gago. Ba tlaa ikarabela mo go one, e seng mo go wena. A Modimo o ba bolelele ka bo one gore a ba siame kgotsa ga ba a siama. Gonne Modimo o nonofile go ba dira gore ba dire ka fa ba tshwanetseng go dira ka teng.
συ τις ει ο κρινων αλλοτριον οικετην τω ιδιω κυριω στηκει η πιπτει σταθησεται δε δυνατος γαρ εστιν ο θεος στησαι αυτον
5 Bangwe ba gopola gore Bakeresete ba tshwanetse go tshegetsa malatsi a Sejuta a boikhutso e le malatsi a a tlhophegileng go obamela Modimo. Mme bangwe ba re ga go a siama go itshwenya ka dilo tse di ntsengjaana, gonne malatsi otlhe ka go tshwana ke a Modimo. Malebang le dipotso tse di ntsengjaana, mongwe le mongwe o tshwanetse go ikakanyetsa.
ος μεν κρινει ημεραν παρ ημεραν ος δε κρινει πασαν ημεραν εκαστος εν τω ιδιω νοι πληροφορεισθω
6 Fa o na le malatsi a a tlhophegileng a go obamela Morena, o leka go mo tlotla; o dira selo se se molemo. Le motho yo o jang nama e e tlhabetsweng medimo ya disetwa o ntse fela jalo; o leboga Morena ka yone; le ene o dira sentle. Mme le motho yo o sa batleng go ama nama eo, le ene o gakaletse go itumedisa Morena gape o a leboga.
ο φρονων την ημεραν κυριω φρονει και ο μη φρονων την ημεραν κυριω ου φρονει ο εσθιων κυριω εσθιει ευχαριστει γαρ τω θεω και ο μη εσθιων κυριω ουκ εσθιει και ευχαριστει τω θεω
7 Ga re itaolele go tshela le go swa jaaka rona re ne re ka itlhophela.
ουδεις γαρ ημων εαυτω ζη και ουδεις εαυτω αποθνησκει
8 Gonne le fa re tshela, re tshelela Morena, le fa ree swa re swela Morena. Re ba Morena ntlheng tsotlhe.
εαν τε γαρ ζωμεν τω κυριω ζωμεν εαν τε αποθνησκωμεν τω κυριω αποθνησκομεν εαν τε ουν ζωμεν εαν τε αποθνησκωμεν του κυριου εσμεν
9 Gonne Keresete o ne a swela a bo a rulela one mogopolo o, gore a nne Morena wa rona rotlhe fa re santse re tshela le fa ree swa.
εις τουτο γαρ χριστος και απεθανεν και ανεστη και ανεζησεν ινα και νεκρων και ζωντων κυριευση
10 Ga o na tshwanelo ya go tshwaya wa gaeno diphoso kgotsa go mo nyatsa. Gakologelwa gore, mongwe le mongwe wa rona o tlaa ikarabela fa pele ga setilo sa tshekelo sa Modimo.
συ δε τι κρινεις τον αδελφον σου η και συ τι εξουθενεις τον αδελφον σου παντες γαρ παραστησομεθα τω βηματι του χριστου
11 Gonne Jehofa o kwadile a re, “Jaaka ke tshedile, mangole otlhe a tlaa nkhubamela, le diteme tsotlhe di tlaa ipolelela Modimo.”
γεγραπται γαρ ζω εγω λεγει κυριος οτι εμοι καμψει παν γονυ και πασα γλωσσα εξομολογησεται τω θεω
12 Ee, mongwe le mongwe wa rona o tlaa ikarabela mo Modimong.
αρα ουν εκαστος ημων περι εαυτου λογον δωσει τω θεω
13 Jalo he, lo seka lwa tlhola lo nyatsana. Mo boemong jwa moo, leka go tshela ka tsela e e leng gore ga o kitla o dira gore wa gaeno a kgopiwe ka go dira gore a bone o dira se ene a ithayang a re ga se a siama.
μηκετι ουν αλληλους κρινωμεν αλλα τουτο κρινατε μαλλον το μη τιθεναι προσκομμα τω αδελφω η σκανδαλον
14 Tota fela nna, ke tlhomamisa sentle fela thata mo taolong ya Morena Jesu gore, ga go na molato ope mo go jeng dijo tse di tlhabetsweng medimo ya disetwa. Mme fa mongwe a dumela gore go phoso, hong a seka a e ja ka ntlha ya gore mo go ene ke molato.
οιδα και πεπεισμαι εν κυριω ιησου οτι ουδεν κοινον δι εαυτου ει μη τω λογιζομενω τι κοινον ειναι εκεινω κοινον
15 Mme fa mokaulengwe wa gago a tshwenyega ka se o se jang, ga o dire ka fa loratong fa o tswelela ka go se ja. Se dire gore se o se jang se koafatse mongwe yo Keresete o mo swetseng.
ει δε δια βρωμα ο αδελφος σου λυπειται ουκετι κατα αγαπην περιπατεις μη τω βρωματι σου εκεινον απολλυε υπερ ου χριστος απεθανεν
16 Se dire sepe se se tlaa go iteisang letswalo le fa tota o itse gore se o se dirang se tlhamaletse.
μη βλασφημεισθω ουν υμων το αγαθον
17 Gonne tota fela, sa botlhokwa mo go rona re le Bakeresete, ga se se re se jang kgotsa se re se nwang fa e se go dira bomolemo le kagiso le boitumelo jo bo tswang mo Moweng O O Boitshepo.
ου γαρ εστιν η βασιλεια του θεου βρωσις και ποσις αλλα δικαιοσυνη και ειρηνη και χαρα εν πνευματι αγιω
18 Fa o letla Keresete go nna Morena mo dilong tse, Modimo o tlaa itumela; fela jalo le ba bangwe ba tlaa itumela.
ο γαρ εν τουτοις δουλευων τω χριστω ευαρεστος τω θεω και δοκιμος τοις ανθρωποις
19 Ka yone tsela e, ikaeleleng go agisanya ka kagiso mo phuthegong lo bo lo leke go agelelana ka go godisanya mo tumelong.
αρα ουν τα της ειρηνης διωκωμεν και τα της οικοδομης της εις αλληλους
20 Lo seka lwa senya tiro ya Modimo ka ntlha ya dijo. Gakologelwang gore, ga go na sepe se se molato mo nameng, mme go phoso go e ja fa e kgopisa yo mongwe.
μη ενεκεν βρωματος καταλυε το εργον του θεου παντα μεν καθαρα αλλα κακον τω ανθρωπω τω δια προσκομματος εσθιοντι
21 Selo se se siameng go dirwa ke go tlogela go ja nama kgotsa go nwa mofine kgotsa go dira sengwe se se kgopisang mokaulengwe wa gago kgotsa se mo leofisa.
καλον το μη φαγειν κρεα μηδε πιειν οινον μηδε εν ω ο αδελφος σου προσκοπτει η σκανδαλιζεται η ασθενει
22 O ka itse gore ga go na molato mo go se o se dirang, le ka fa BoModimong, mme se ipolokele mo pelong; se supe tumelo ya gago ka boikgogomoso fa pele ga ba bangwe, ba e ka reng kgotsa ya ba kgopisa. Ka mabaka a a ntseng jaana, go sego motho yo o sa leofeng ka go dira se a itseng gore se siame.
συ πιστιν εχεις κατα σαυτον εχε ενωπιον του θεου μακαριος ο μη κρινων εαυτον εν ω δοκιμαζει
23 Mme le fa e le mang yo o dumelang gore selo se o batlang go se dira ga se a tshwanela, a seka a se dira. Fa a se dira o a leofa, gonne o akanya gore ga se a siama, jalo he, mo go ene ga se a tshwanela. Le fa e le eng se se dirwang kwa ntle ga se a bonang se siame, ke sebe.
ο δε διακρινομενος εαν φαγη κατακεκριται οτι ουκ εκ πιστεως παν δε ο ουκ εκ πιστεως αμαρτια εστιν