< Baroma 13 >

1 Obamelang mmuso, gonne o tlhomilwe ke Modimo, ga go na mmuso le fa e le kae o o sa tlhongwang ke Modimo go laola.
每个人都应该服从当权者,因为除非上帝许可,否则没有人拥有统治的权力,这些权力均由上帝赋予。
2 Jalo ba ba ganang go obamela melao ya mmuso ba gana go obamela Modimo, mme kwatlhao e tlaa nna teng.
抗拒这权力即对抗上帝的安排,抗拒者自会遭受相应的审判。
3 Gonne lepodisi ga se setshosa mo go ba ba dirang tshiamo; mme ba ba dirang bosula ba tlaa aga ba le boifa. Jalo fa o sa batle go tshelela mo poifong, tshegetsa melao mme o tlaa tswelela sentle.
因为统治者不会威慑正义之人,而是威慑错误之人。只有正义行事,你就不会害怕这权力,才会得到他们的认可。
4 Lepodise le romilwe ke Modimo go go thusa. Mme fa o dira sengwe se se bosula, ee, o tshwanetse go tshoga, gonne le tlaa go tshwara gore o otlhaiwe. Le rometswe ke Modimo go dira yone tiro eo.
当权者即上帝的仆人,他们当权也是为了你好。如果你犯错就应该感到害怕。毫无疑问,当权者自有权力予以惩罚!他们是上帝用于惩罚罪人的仆人。
5 Obamela melao, mme ka ntlha ya mabaka a mabedi a: lebaka la ntlha ke go go dibela gore o seka wa otlhaiwa, mme lebaka la bobedi ke fela ka gore o itse gore o tshwanetse go o obamela.
因此,遵从劝诫至关重要,不只是因为犯错可能会遭受惩罚,这也是为了遵循你的良心。
6 Duelang le makgetho a lona, ka ntlha ya one mabaka a mabedi a. Gonne badiredi ba mmuso ba tlhoka go duelwa gore ba tle ba nne ba tswelele ba dira tiro ya Modimo, ba lo direla.
所以你也必须纳税,因为当权者是上帝负责处理这种事情的仆人。
7 Duelang mongwe le mongwe ka se a tshwanetseng go duelwa ka sone: Duelang makgetho a lona ka boitumelo lo bo lo duele goromente makgetho a dithoto tse di tsenang mo lefatsheng ka phuthologo, ikobeleng ba ba lo okametseng, lo bo lo tlotle ba ba tshwanetseng go tlotlwa,
欠人钱就一定要还;该缴的税款一定要交;该付的费用一定要支付;尊重值得尊重之人,敬畏值得敬畏之人。
8 Duelang melato yotlhe fa e se fela molato wa lorato mo go ba bangwe, se khutlise go o duela! Gonne fa lo ba rata, lo tlaa bo lo obamela gotlhe ga melao ya Modimo, lo diragatsa tsotlhe tse di batlwang.
不要亏欠任何人,除非是出于对彼此的爱——因为爱其邻里之人即成就了律法。
9 Fa o rata mongwe ka wena fela jaaka o ithata, ga o na go rata go mo utlwisa botlhoko kgotsa go mo tsietsa, kgotsa go mmolaya kgotsa go mo utswela. Gape ga o na go dira boleo le mosadi wa gagwe, kgotsa go batla se e leng sa gagwe, kgotsa go dira le fa e le eng se melao e e some e reng ga se a siama Yotlhe ka bosome jwa yone e akareditswe mo molaong o o reng, “Rata mongwe ka wena jaaka o ithata.”
“不可奸淫、不可杀人、不可偷盗、不可贪婪”——这些诫命的核心都在“爱人如己”这句话之中。
10 Lorato ga lo direle ope bosula. Ke sone se e leng gore lo diragatsa gotlhe mo go batlwang ke Modimo. Ke one molao o le nosi fela o lo o tlhokang.
爱不会伤害任何人,所以爱成就律法。
11 Lebaka le lengwe la go tshela ka tlhamalalo ke le: lo itse gore nako e setse e fetile thata jang: nako e a fela. Tsogang, gonne go tla ga Morena go gautshwane jaanong, go na le jaaka re ne re dumela lwa ntlha.
你必须这样做,因为你应该意识到现在时间多么紧迫,现在应该从睡梦中醒来。因为相比我们最初信任上帝之时,现在的我们距离拯救更近。
12 Bosigo bo setse bo fetile, letsatsi la go bowa ga gagwe le tlaa tloga le goroga. Jalo latlhang ditiro tse di bosula tsa lefifi lo apare seaparo sa tshiamo sa go tshela ka tlhamalalo, jaaka rona ba re nnang mo leseding re tshwanetse go dira!
夜已深,白昼即将来临!让我们摆脱黑暗的行为,披上光明的盔甲。
13 Nnang molemo le boammaaruri mo go sengwe le sengwe se lo se dirang gore botlhe ba tle ba dumelane le maitseo a lona. Se diriseng nako ya lona mo medirong e e sa siamang, le mo go tagweng kgotsa mo kgokafalong le dithato tsa nama, kgotsa mo ntweng, kgotsa mo lefufeng.
让我们以得体的举止表明,我们生活在光明之中。我们不应该将时间用来设宴买醉,或追求不道德的放荡纵欲、纷争嫉妒。
14 Mme kopang Morena Jesu go lo thusa go tshela jaaka lo tshwanetse, le gone lo se ka lwa etleeletsa nama go diragatsa dithato tsa yone.
我们应该紧随主耶稣基督,而非屈从于个人罪恶的欲望。

< Baroma 13 >