< Baroma 12 >

1 Ke gone, bagaetsho, ke a lo rapela gore lo neele Modimo mebele ya lona. A mebele ya lona e nne setlhabelo se se tshelang, e le boitshepo, e le mofuta o Modimo o ka o amogelang. Fa lo akanya kaga se o se lo diretseng, a lo fitlhela e le gore se o se lopang se segolo thata.
obsecro itaque vos fratres per misericordiam Dei ut exhibeatis corpora vestra hostiam viventem sanctam Deo placentem rationabile obsequium vestrum
2 Se gapiweng ke mokgwa le ngwao ya lefatshe leno, mme nnang batho ba basha ba ba pharologanyo ba na le maikutlo a masha mo go tsotlhe tse ba di dirang le tse ba di akanyang. Mme lo tlaa itemogela ka fa ditsela tsa Modimo di tlaa lo itumedisang ka teng. (aiōn g165)
et nolite conformari huic saeculo sed reformamini in novitate sensus vestri ut probetis quae sit voluntas Dei bona et placens et perfecta (aiōn g165)
3 Jaaka morongwa wa Modimo ke neela mongwe le mongwe wa lona tlhagiso ya Modimo: Ikanyegeng mo go kaeng seemo sa lona mo Modimong, lo lekanya letlotlo la lona gore Modimo o le lo neetse ka tumelo e e selekanyo se kae.
dico enim per gratiam quae data est mihi omnibus qui sunt inter vos non plus sapere quam oportet sapere sed sapere ad sobrietatem unicuique sicut Deus divisit mensuram fidei
4 Fela jaaka go na le ditokololo di le dintsi mo mebeleng ya rona, mmele wa ga Keresete o ntse fela jalo. Rotlhe re ditokololo tsa one, mme go raya gore rotlhe fa re kopanye re dira mmele o o feletseng, gonne mongwe le mongwe wa rona o na le tiro e e farologanyeng go e dira. Jalo he, re ruanye, mongwe le mongwe o tlhokana le ba bangwe.
sicut enim in uno corpore multa membra habemus omnia autem membra non eundem actum habent
5
ita multi unum corpus sumus in Christo singuli autem alter alterius membra
6 Modimo o neetse mongwe le mongwe wa rona nonofo go dira dilo dingwe sentle. Jalo fa Modimo o go neetse nonofo ya go porofesa dira jalo fa go kgonega ka dinako tsotlhe tse tumelo ya gago e nonofileng go amogela molaetsa o o tswang kwa Modimong.
habentes autem donationes secundum gratiam quae data est nobis differentes sive prophetiam secundum rationem fidei
7 Fa e le gore neo ya gago ke ya go direla batho sentle, ba direle sentle. Fa o le moruti, dira tiro e ntle ya go ruta.
sive ministerium in ministrando sive qui docet in doctrina
8 Fa o le moreri, bona gore dithero tsa gago di nonofile di bile di na le thuso. Fa Modimo o go file madi, nna pelotshweu mo go thuseng ba bangwe ka one. Fa Modimo o go file nonofo ya go laola ebile o go dirile motlhokomedi wa tiro ya ba bangwe, tsaya tiro eo ya boikarabelo ka tlhwaafalo. Ba ba gomotsang ba ba hutsahetseng ba tshwanetse go dira jalo ka lorato lwa Sekeresete.
qui exhortatur in exhortando qui tribuit in simplicitate qui praeest in sollicitudine qui miseretur in hilaritate
9 Se ipeye fela jaaka o ka re o rata ba bangwe: Ba rate ka boammaaruri. Ila se se sa siamang. Ema le bomolemo.
dilectio sine simulatione odientes malum adherentes bono
10 Ratang ka lorato lwa sekaulengwe lo bo lo itumelelane mo go tlotlaneng.
caritatem fraternitatis invicem diligentes honore invicem praevenientes
11 Se nneng ditshwakga mo tirong ya lona mme direlang Modimo ka tlhwaafalo.
sollicitudine non pigri spiritu ferventes Domino servientes
12 Itumeleleng gotlhe mo Modimo o go lo baakanyetsang. Nnang pelotelele mo mathateng, lo bo lo nne mo thapelong malatsi otlhe.
spe gaudentes in tribulatione patientes orationi instantes
13 Fa bana ba Modimo ba tlhoka, a e nne wena o ba thusang. O bo o itlwaetse mokgwa wa go nna o laletsa baeng dijo kwa lapeng la gago, kgotsa le fa ba tlhoka boroko o ba bo neye.
necessitatibus sanctorum communicantes hospitalitatem sectantes
14 Fa mongwe a go sotla ka ntlha ya gore o Mokeresete, se mo hutse; mo rapelele gore Modimo o mo segofatse.
benedicite persequentibus benedicite et nolite maledicere
15 Fa ba bangwe ba itumetse, itumele nabo. Fa ba utlwile botlhoko, utlwa botlhoko nabo.
gaudere cum gaudentibus flere cum flentibus
16 Dirisanyang ka boitumelo. Se lekeng go ikgodisa. Se lekeng go ithatisa batho ba maemo a a kwa godimo, mme itumeleleng go nna mo lesomong la batho ba ba kwa tlase. Le gone lo seka lwa ikgopola gore lo botlhale.
id ipsum invicem sentientes non alta sapientes sed humilibus consentientes nolite esse prudentes apud vosmet ipsos
17 Se busoloseng bosula ka bosula. Dirang dilo ka tsela e e leng gore mongwe le mongwe o ka bona gore lo ikanyega mo go tsone.
nulli malum pro malo reddentes providentes bona non tantum coram Deo sed etiam coram omnibus hominibus
18 Se omaneng le ope. Nnang kagiso le mongwe le mongwe, ka fa nonofong ya lona.
si fieri potest quod ex vobis est cum omnibus hominibus pacem habentes
19 Bagaetsho ba ba rategang, se ipusolosetseng. Tlogelang moo mo Modimong, gonne o rile o tlaa duela ba ba tshwanetsweng ke tuelo. (Se itseeleng molao ka mabogo a lona).
non vosmet ipsos defendentes carissimi sed date locum irae scriptum est enim mihi vindictam ego retribuam dicit Dominus
20 Mo boemong jwa go dira jalo, fa mmaba wa gago a bolailwe ke tlala, mo fe dijo. Fa a tshwerwe ke lenyora mo nose, ka go dira jalo, o tlaa bo o “Tlhatlaganya magala a molelo mo tlhogong ya gagwe.” Ka mafoko a mangwe o tlaa itlhabelwa ke ditlhong ka ntlha ya se a se go diretseng.
sed si esurierit inimicus tuus ciba illum si sitit potum da illi hoc enim faciens carbones ignis congeres super caput eius
21 Se dumeleng go fenngwa ke bosula mme fenyang bosula ka go dira tshiamo.
noli vinci a malo sed vince in bono malum

< Baroma 12 >