< Baroma 11 >
1 Jaanong ke a botsa, A Modimo o ganne ebile o latlhile batho ba one Bajuta? Nnyaa, le goka! Gakologelwang gore nna ke Mojuta, wa losika lwa ga Aberahame, wa lotso lwa ga Benjamine.
再問:莫非天主擯棄了自己的人民嗎?斷然不是! 我自己就是個以色列人,出於亞巴郎的後裔,本雅明支派。
2 Nnyaa, Modimo ga o a latlha batho ba e leng ba one ba o saleng o ba itlhophela go tsweng tshimologong. A lo gakologelwa se Dikwalo di se buang ka ga se? Elija moporofiti o ne a ngongorega mo Modimong kaga Bajuta, a bolelela Modimo ka fa ba bolaileng baporofiti ka teng ba bo ba rutlolola dibeso tsa Modimo; Elija o ne a bua gore e ne e le ene fela yo o setseng mo lefatsheng lotlhe a santse a rata Modimo, mme le ene ba ne ba leka go mmolaya.
天主並沒有擯棄祂所預選的人民。難道你們不知道聖經在厄里亞篇上說了什麼,他怎樣向天主抱怨以色列?
『上主呀! 他們殺了你的先知,毀壞了你的祭壇,只剩下了我一個,他們還在謀害我的性命。』
4 A mme lo gakologelwa ka fa Modimo o neng wa mo fetola ka teng? Modimo o ne wa re, “Nnyaa, ga se wena o le nosi yo o setseng. Ke na le ba bangwe ba le dikete tse di supang kwa ntle ga gago, ba ba santseng ba nthata le gone ga ba ise ba ke ba obamele medimo ya disetwa.”
然而神諭告訢了他什麼?『我為我自己留下了七千人,他們沒有向巴耳屈過膝。』
5 Go ntse jalo le gompieno. Ga se Bajuta botlhe ba ba furaletseng Modimo; go na le ba se kae ba ba bolailweng ka ntlha ya kutlwelobotlhoko ya Modimo ka go ba itshenkela.
同樣,現在也留下了一些殘餘,即天主以恩寵所選拔的人。
6 Mme fa e le gore ke ka kutlwelo-botlhoko ya Modimo, mme ga se ka ntlha ya tshiamo ya bone. Gonne ka lebaka leo, neo ya mahala e ne e tlaa bo e sa tlhole e le mahala. Fa e direlwa ga e tlhole e le mahala.
既是出於恩寵,就不是出於作為,不然,恩寵就不算為恩寵了。
7 Jalo, he, seemo ke se: Bajuta ba le bantsi ga ba a bona kutlwelobotlhoko ya Modimo e ba e batlang. Ba se kae ba e bonye, bone ba Modimo o ba itlhophetseng, mme matlho a ba bangwe a foufaditswe.
那麼還說什麼呢?以色列全體所尋求的,沒有得到,只有那些蒙選的人得到了;其餘的都頑梗不化了。
8 Ke sone se Dikwalo tsa rona di se rayang fa di re Modimo o ba robaditse, o tswetse matlho le ditsebe tsa bone gore ba seka ba tlhaloganya se re se buang fa re ba bolelela Keresete. Nako kgolo ke eno ba ntse ba ntse fela jalo.
正如所記載的:『天主賦予了他們沉睡的神,有眼看不見,有耳聽不見,直到今日,仍是如此。』
9 Kgosi Dafide o ne a bua kaga sone selo se fa a re, “A dijo tsa bone tse di monate le masego a mangwe e nne seru mo go bone mo go itheyeng ga bone ba re gotlhe go siame fa gare ga bone le Modimo. A dilo tse di siameng tse di boele mo go bone di bo di ba wele mo ditlhogong go ba ripitla kwa ntle ga patiko.
達味也說過:『他們的筵席成為他們的陷阱、羅網、絆腳石和應得的報應。
10 A matlho a bone a fifale gore ba seka ba bona, o bo o ba obe mekwatla ka mokgweleo o o bokete ka bosakhutleng.”
願他們的眼睛昏迷,不得看見。願你使他們的脊背常常彎曲。』
11 A mo go raya gore Modimo o latlhetse ruri batho ba one Bajuta? Nnyaa, ga go a nna jalo! Maikaelelo a one e ne e le go dira gore poloko ya one e bonwe ke Badichaba, gonne Bajuta ba ne ba tlaa fufega ba bo ba simolola go ipatlela poloko ya Modimo ka bo bone.
那麼我再問:他們失足,是要他們永久跌倒嗎?絕對不是! 而是藉著他們的過犯,使救恩臨到外邦人,為刺激他們發憤。
12 Jaanong fa e le gore lefatshe lotlhe le humisitswe ka ntlha ya neo ya Modimo ya poloko, erile fa Bajuta ba kgotswa mo go yone ba bo ba e itatola, akanyang gore lefatshe le le tlaa nna le seabe sa lesego le legolo thata jang motlhang Bajuta le bone ba tlang kwa go Keresete.
如果因他們的過犯,世界得以致富;因他們的墮落,外邦人得以致富;他們全體歸正,更將怎樣呢?
13 Jaaka lo itse, Modimo o ntlhophetse go nna morongwa wa botlhokwa mo go lona badichaba. Ke gatelela selo se, ebile ke gakolola Bajuta kaga sone gangwe le gape fela ka fa ke ka kgonang ka teng,
我對你們外邦人說:我既然是外邦人的宗徒,我必要光榮我的職務;
14 gore e re fa go kgonega ke tle ke ba ratise se lona Badichaba lo nang naso mme ka yone tsela eo ke boloke bangwe ba bone.
這樣,或許可激動我的同胞發憤,因而能拯救他們幾個人。
15 Mme go tlaa nna go ntle thata jang fa ba nna Bakeresete! Erile fa Modimo o ba furalela go bo go raya gore o retologetse kwa go Badichaba go ba naya poloko ya one; mme jaanong ebile go go ntle thata fa Bajuta ba tla mo go Keresete. Go tlaa bo go tshwana le batho ba ba suleng ba boela mo botshelong.
如果因他們被遺棄,世界與天主和好了;那麼,他們如果蒙收納,豈不是死而復生嗎?
16 Mme ka Aberahame le baporofiti e le batho ba Modimo, le bana ba bone e tlaa nna bana ba Modimo. Gonne fa medi ya setlhare e le boitshepo, dikala le tsone di tlaa nna fela jalo.
如果所獻的初熟的麥麵是聖的,全麵團也成為聖的;如果樹根是聖的,樹枝也是聖的。
17 Mme dingwe tsa dikala tse, tse di tswang mo setlhareng sa ga Aberahame, dingwe tsa Bajuta, di kgaotswe. Mme lona Badichaba ba lo foo lo le dikala, a re re kgotsa, lo ditlhare tse di neng di kgaotswe mo motlhwareng wa naga, lwa lomelelwa mo go one. Jaanong le lona, lo amogela lesego le Modimo o le solofeditseng Aberahame le bana ba gagwe, lo tlhakanela go ja dikotla tsa Modimo.
假如有幾條橄欖樹枝被折下來,而你這枝野橄欖樹枝被接上去,同沾橄欖樹根的肥脂,
18 Mme o ikele tlhoko o seka wa ipelafatsa ka go lomelelwa ga gago mo motlhwareng go emisetsa dikala tse di neng di kgaotswe. Gakologelwa gore o botlhokwa fela ka ntlha ya gore jaanong o kala ya setlhare sa Modimo; o kala fela, e seng modi.
就不可向舊樹枝自誇。如果你想自誇,就該想不是你托著樹根,而是樹根托著你。
19 Mme o ka ne o re, “Hei, dikala tsele di ne di kgaolelwa gore ke tle ke lomelelwe, jalo, he, mo go raya gore ke tshwanetse ka be ke siame tota.”
或者你要說:樹枝被折下來,正是為叫我接上去。
20 Tlhokomelang Gakologelwang gore dikala tseo, ebong Bajuta ba lomolotswe ka ntlha ya gore ba ne ba sa dumele Modimo, mme wena o foo fela ka gore o a dumela. Se nne le boikgogomoso, nna le boingotlo le go leboga gape o ikele tlhoko.
不錯,他們因了不信而被折下來,你要因著信,才站得住。你決不可心高氣傲,反應恐懼,
21 Gonne fa Modimo o ise o ke o rekegele dikala tse o neng wa di tlhogisa pele, le wena ga o na go go rekegela.
因為天主既然沒有憐惜了那些原有的樹枝,將來也許不憐惜你。
22 Lemoga ka fa Modimo o leng pelonomi le pelo-e-thata ka teng. O pelo e thata mo go maswe mo go ba ba sa o reetseng, mme o molemo thata mo go wena fa o tswelela ka go o rata le go o ikanya. Mme fa o sa dire jalo, le wena o tlaa kgaolwa.
可是天主又慈善又嚴厲:天主對於跌倒了的人是嚴厲的,對於你卻是慈善的,只要你存留在祂的慈善上;不然你也必要被砍去。
23 Gape, fa Bajuta ba kgaogana le go tlhoka go dumela ga bone mme ba boela kwa Modimong, Modimo o tlaa ba lomelela gape mo setlhareng. O na le nonofo go dira jalo.
至於他們,如果他們不固執於無信之中,必會再被接上去,因為天主有能力重新把他們接上去。
24 Gonne fa Modimo o ne wa lo tsaya lona ba lo neng lo le kgakala nao, lo le dikala tsa motlhware wa naga, wa ba wa lo lomelela mo setlhareng sa one se se molemo, a ga lo bone gore o tlaa bo o ipaakanyeditse go lomelela Bajuta ba ba neng ba le foo lwa ntlha?
其實,如果你這由本生的橄欖樹上被砍下來的,逆著性被接在好橄欖樹上,何況他們那些原生的樹枝,豈不更容易接在自己原來的橄欖樹上麼?
25 Ke batla gore lo itse kaga boammaaruri jo, jo bo tswang kwa Modimong, bakaulengwe ba ba rategang, gore lo tlo lo seka lwa ikgogomosa lwa simolola go belafala. Ee, ke boammaruri gore jaanong bangwe ba Bajuta ba itirile go nna kgatlhano le Mafoko a a Molemo, mme mo go tlaa nna fela jalo go fitlhelela lona Badichaba lo tla mo go Keresete.
弟兄們! 免得你們自作聰明,我不願意你們不知道這項奧祕的事,就是只有一部分是執迷不悟的,直到外邦人全數進入天國為止:
26 Mme hong Chaba yotlhe e tlaa bolokwa. A lo gakologelwa se baporofiti ba se buileng kaga se? “Go tlaa tswa Mogolodi mo Siona, mme o tlaa sokolola Bajuta mo boikepong jotlhe.
那時,全以色列必也獲救,正如經上所載:『拯救者必要來自熙雍,從雅各伯中消除不敬之罪;
27 Ka nako eo ke tlaa tlosa dibe tsa bone tsotlhe, fela jaaka ke solofeditse.”
這是我與他們所訂立的盟約:那時我要赦免他們的罪惡。』
28 Jaanong bontsi jwa Bajuta ke baba ba Mafoko a a Molemo. Ba a a ila. Mme mo go lo solegela molemo, gonne go dirile gore Modimo o lo neye dineo tsa one lona Badichaba. Legale Bajuta ba sa ntse ba ratwa ke Modimo ka ntlha ya ditsholofetso tsa one mo go Aberahame, Isake le Jakoba.
照福音來說,他們由於你們的緣故,成了天主的仇人;但照召選來說,由於他們祖先的緣故,他們仍是可愛的,
29 Gonne Modimo ga o ke o busetsa morago dineo le pitso ya one; ga o kitla o boela kwa morago mo ditsholofetsong tsa one.
因為天主的恩賜和召選是決不會撤回的。
30 Lo kile lwa bo lo le batsuulodi ba Modimo, mme erile fa Bajuta ba gana dineo tsa one, Modimo mo boemong jwa go gana ga bone wa nna kutlwelo botlhoko mo go lona.
就如你們以前背判了天主,如今卻因了他們的背判而蒙受了憐憫;
31 Mme jaanong Bajuta ke batsuulodi, legale letsatsi lengwe le bone ba tlaa balelwa mo kutlwelong botlhoko ya Modimo fela jaaka lona.
同樣,因了你們所受的憐憫,他們如今背判,這是為叫他們今後池蒙受憐憫,
32 Gonne Modimo o ba dirile baleofi botlhe gore o tle o ba utlwele botlhoko botlhe ka go tshwana. (eleēsē )
因為天主把人都禁錮在背判之中,是為要憐憫眾人。 (eleēsē )
33 Ana re na le Modimo O O molemo jang? Botlhale jwa one le kitso le dikhumo tsa one di dikgolo jang! Ga go kgonege jang mo go rona go tlhaloganya maikaelelo a One le ditsela tsa One.
啊! 天主的富饒,上智和知識,是麼高深! 他的決斷是多麼不可探察!
34 Gonne ke ofe mo go rona yo o ka itseng mogopolo wa Morena? Ke mang yo o ka itseng sentle go ka nna mogakolodi le mogogi wa one?
有誰曾知道上主的心意?或者,有誰曾當過祂的顧問?
35 Gape ke ofe yo o ka abelang Morena sengwe se se lekanyeng pele go mo tlhotlheletsa gore le ene a tle a mo direle sengwe?
或者,有誰曾先施恩於祂,而望祂還報呢?
36 Gonne sengwe le sengwe se ntse ka nonofo ya one. A kgalalelo e nne mo go one ka bosakhutleng. (aiōn )
因為萬物都出於祂,依賴祂,而歸於祂。願光榮歸於祂直至永世! 阿們! (aiōn )