< Baroma 10 >
1 Bagaetsho ba ba rategang, keletso ya pelo ya me le thapelo ya me ke gore Bajuta ba bolokwe.
Ἀδελφοί, ἡ μὲν εὐδοκία τῆς ἐμῆς καρδίας καὶ ἡ δέησις πρὸς τὸν Θεὸν ὑπὲρ αὐτῶν εἰς σωτηρίαν.
2 Ke itse ka fa ba tlhwaafaletseng go tlotla Modimo ka teng, mme le fa go ntse jalo ke tlhwaafalo e e seng ka fa mokgweng.
μαρτυρῶ γὰρ αὐτοῖς ὅτι ζῆλον Θεοῦ ἔχουσιν, ἀλλ’ οὐ κατ’ ἐπίγνωσιν·
3 Gonne ga ba tlhaloganye gore Keresete o swetse go ba siamisa mo Modimong. Mo boemong jwa go tlhaloganya ba leka go itira tshiamo go gapa maikutlo a Modimo ka go tshegetsa melao ya Sejuta le ngwao, mme moo ga se tsela ya Modimo ya poloko.
ἀγνοοῦντες γὰρ τὴν τοῦ Θεοῦ δικαιοσύνην, καὶ τὴν ἰδίαν ζητοῦντες στῆσαι, τῇ δικαιοσύνῃ τοῦ Θεοῦ οὐχ ὑπετάγησαν.
4 Ga ba tlhaloganye gore Keresete o neela ba ba mo ikanyang sengwe le sengwe se ba lekang go nna naso ka go tshegetsa melao ya gagwe. O khutlisa gotlhe moo.
τέλος γὰρ νόμου Χριστὸς εἰς δικαιοσύνην παντὶ τῷ πιστεύοντι.
5 Gonne Moshe o kwadile gore fa motho a ne a ka nna molemo mo go senang le fa e le selabe, a ba a itisa mo thaelong yotlhe a sa ntse a tshela, a ba a sa leofe le fa e le gangwe, ke gone fela ka fa a ka itshwarelwang a bo a bolokwa.
Μωϋσῆς γὰρ γράφει ὅτι τὴν δικαιοσύνην τὴν ἐκ νόμου ὁ ποιήσας ἄνθρωπος ζήσεται ἐν αὐτῇ.
6 Mme poloko e e tlang ka tumelo ya re, “Ga go tlhokege go puruputsha magodimo o batla Jesu Keresete o bo o mo folosa go tla go go thusa,” ebile,
ἡ δὲ ἐκ πίστεως δικαιοσύνη οὕτως λέγει Μὴ εἴπῃς ἐν τῇ καρδίᾳ σου Τίς ἀναβήσεται εἰς τὸν οὐρανόν; τοῦτ’ ἔστιν Χριστὸν καταγαγεῖν·
7 “ga go tlhokege gore o ye kwa baswing go lere Keresete mo botshelong gape.” (Abyssos )
ἤ Τίς καταβήσεται εἰς τὴν ἄβυσσον; τοῦτ’ ἔστιν Χριστὸν ἐκ νεκρῶν ἀναγαγεῖν. (Abyssos )
8 Gonne poloko e e gautshwane mo go mongwe le mongwe wa rona; tota e gautshwane fela jaaka dipelo tsa rona le melomo.
ἀλλὰ τί λέγει; Ἐγγύς σου τὸ ῥῆμά ἐστιν, ἐν τῷ στόματί σου καὶ ἐν τῇ καρδίᾳ σου· τοῦτ’ ἔστιν τὸ ῥῆμα τῆς πίστεως ὃ κηρύσσομεν.
9 Gonne fa o bolelela ba bangwe ka molomo wa gago gore Jesu Keresete ke Morena wa gago, o bo o dumela mo pelong ya gago gore Modimo o mo tsositse mo baswing, o tlaa bolokwa.
ὅτι ἐὰν ὁμολογήσῃς ἐν τῷ στόματί σου Κύριον Ἰησοῦν, καὶ πιστεύσῃς ἐν τῇ καρδίᾳ σου ὅτι ὁ Θεὸς αὐτὸν ἤγειρεν ἐκ νεκρῶν, σωθήσῃ·
10 Gonne ke ka go dumela mo pelong ya gagwe gore motho o siama mo Modimong; mme ka molomo wa gagwe o bolelela ba bangwe kaga tumelo ya gagwe, a tlhomamisa kaga poloko ya gagwe.
καρδίᾳ γὰρ πιστεύεται εἰς δικαιοσύνην, στόματι δὲ ὁμολογεῖται εἰς σωτηρίαν.
11 Gonne Dikwalo di re bolelela gore ga go na ope yo o dumelang mo go Keresete yo o tlaa tlhabisiwang ditlhong.
λέγει γὰρ ἡ γραφή Πᾶς ὁ πιστεύων ἐπ’ αὐτῷ οὐ καταισχυνθήσεται.
12 Mojuta le Modichaba ba tshwana fela mo lobakeng lo: Botlhe ba na le Morena a le mongwe yo ka bopelotshweu ja gagwe o abelang botlhe dikhumo tse ba di mo kopang.
οὐ γάρ ἐστιν διαστολὴ Ἰουδαίου τε καὶ Ἕλληνος· ὁ γὰρ αὐτὸς Κύριος πάντων, πλουτῶν εἰς πάντας τοὺς ἐπικαλουμένους αὐτόν·
13 Le fa e le mang yo o bitsang leina la Morena o tlaa bolokwa.
Πᾶς γὰρ ὃς ἂν ἐπικαλέσηται τὸ ὄνομα Κυρίου σωθήσεται.
14 Mme ba tlaa mo kopa jang go ba boloka fa ba sa dumele mo go ene? Le gone ba ka dumela jang mo go ene fa ba ise ba ke ba bo ba utlwalele kaga gagwe? Gape ba ka utlwa jang kaga gagwe fa go sena ope yo o ba bolelelang?
πῶς οὖν ἐπικαλέσωνται εἰς ὃν οὐκ ἐπίστευσαν; πῶς δὲ πιστεύσωσιν οὗ οὐκ ἤκουσαν; πῶς δὲ ἀκούσωσιν χωρὶς κηρύσσοντος;
15 Le gone mongwe o tlaa tsamaya jang a ya go ba bolelela fa mongwe a sa mo rome? Ke sone se Dikwalo di buang kaga sone fa di re, “Ana go go ntle jang dinao tsa ba ba rerang Mafoko a kagiso le Modimo, ba bo ba lere mafoko a a itumedisang a dilo tse di molemo.” Ka mafoko a mangwe ke gore, go amogelesega thata jang ba ba tlang ba rera Mafoko a Modimo a a Molemo!
πῶς δὲ κηρύξωσιν ἐὰν μὴ ἀποσταλῶσιν; καθάπερ γέγραπται Ὡς ὡραῖοι οἱ πόδες τῶν εὐαγγελιζομένων ἀγαθά.
16 Mme ga se mongwe le mongwe yo e a reng a utlwa Mafoko a a Molemo a a amogele, gonne Isaia moporofiti o rile, “Morena, ke mang yo o ntumetseng fa ke ba bolelela?”
Ἀλλ’ οὐ πάντες ὑπήκουσαν τῷ εὐαγγελίῳ. Ἡσαΐας γὰρ λέγει Κύριε, τίς ἐπίστευσεν τῇ ἀκοῇ ἡμῶν;
17 Mme le fa go ntse jalo tumelo e tla ka go reetsa Mafoko a a Molemo a, Mafoko a a Molemo kaga Keresete.
ἄρα ἡ πίστις ἐξ ἀκοῆς, ἡ δὲ ἀκοὴ διὰ ῥήματος Χριστοῦ.
18 Mme re tlaa reng ka Bajuta? A ba utlwile molaetsa wa Modimo? Ee, gonne molaetsa o ile gongwe le gongwe kwa ba leng teng, Mafoko a a Molemo a boletswe go ya khutlong tsa lefatshe.
ἀλλὰ λέγω, μὴ οὐκ ἤκουσαν; μενοῦνγε Εἰς πᾶσαν τὴν γῆν ἐξῆλθεν ὁ φθόγγος αὐτῶν, καὶ εἰς τὰ πέρατα τῆς οἰκουμένης τὰ ῥήματα αὐτῶν.
19 Mme a ba ne ba tlhaloganya (gore Modimo o tlaa neela ba bangwe poloko fa ba gana go e amogela)? Ee, gonne le mo malatsing a bogologolo a lobaka lwa ga Moshe, Modimo o ne wa re o tlaa dira batho ba one go nna lefufa o bo o leka go ba tsosa ka go naya poloko ya one dichaba tsa dieleele tsa baheitane.
ἀλλὰ λέγω, μὴ Ἰσραὴλ οὐκ ἔγνω; πρῶτος Μωϋσῆς λέγει Ἐγὼ παραζηλώσω ὑμᾶς ἐπ’ οὐκ ἔθνει, ἐπ’ ἔθνει ἀσυνέτῳ παροργιῶ ὑμᾶς.
20 Mme moragonyana Isaia a bua ka bopelokgale a re “Modimo o tlaa bonwa ke batho ba ba neng ba sa o batle.”
Ἡσαΐας δὲ ἀποτολμᾷ καὶ λέγει Εὑρέθην τοῖς ἐμὲ μὴ ζητοῦσιν, ἐμφανὴς ἐγενόμην τοῖς ἐμὲ μὴ ἐπερωτῶσιν.
21 Mo lobakanyaneng lo, Modimo o tsweletse ka go otlololela mabogo a one mo Bajuteng, mme ba tsweletse ka go tatalala ba gana go tla mo go one.
πρὸς δὲ τὸν Ἰσραὴλ λέγει Ὅλην τὴν ἡμέραν ἐξεπέτασα τὰς χεῖράς μου πρὸς λαὸν ἀπειθοῦντα καὶ ἀντιλέγοντα.