< Tshenolo 1 >
1 Lokwalo lo lo senola ditiro dingwe tse di tlaa akofang di diragala ka lobaka lo lo tlang mo botshelong jwa ga Jesu Keresete. Modimo o mo letlile go senolela motlhanka wa gagwe Johane dilo tse mo ponatshegelong; mme moengele a romelwa a tswa legodimong go tlhalosa gore ponatshegelo e raya eng.
Revelação de Jesus Cristo, a qual Deus lhe deu, para mostrar a seus servos as coisas que devem acontecer em breve; e as enviou por meio de seu anjo, e as informou ao seu servo João.
2 Johane a kwala gotlhe mo, ebong Mafoko a Modimo le a ga Jesu Keresete le sengwe se a se utlwileng le se a se bonyeng.
O qual deu testemunho da palavra de Deus, e do testemunho de Jesus Cristo, e de tudo o que ele viu.
3 Fa o balela phuthego polelo pele e, o tlaa amogela lesego le le faphegileng le le tswang mo Moreneng. Ba ba e reetsang fa e balwa ba bo ba dira se e se bolelang, le bone ba tlaa segofala. Gonne lobaka lo atametse lo dilo tse di tlaa diragalang ka lone.
Bem-aventurado [é] aquele que lê, e [também] os que ouvem as palavras desta profecia, e guardam as coisas nela escritas; porque o tempo [está] próximo.
4 Lo ke lokwalo lo lo tswang kwa go: Johane A kwalela: Diphuthego tse supa mo Asia. Ditsala tse di rategang: A tshegofatso le kagiso tse di tswang mo Modimong di nne le lona. Yo o leng teng, le yo o neng a le teng le yoo tlang! Le mo meweng e e supang e e fa pele ga setilo sa gagwe sa Bogosi;
João, às sete igrejas que estão na Ásia. Graça e paz sejam convosco, [provenientes] daquele que é, e que era, e que virá; e dos sete Espíritos que estão diante do trono dele;
5 le mo go Jesu Keresete yo ka go ikanyega a re senolelang boammaaruri jotlhe. Ke ene wa ntlha go tsoga mo baswing, le go sa tlholeng a a swa. O mogolo go feta kgosi nngwe le nngwe mo lefatsheng lotlhe. A a bakwe yo o re ratang ka metlha yotlhe le yo o re gololang mo dibeng tsa rona ka go re tshololela madi a gagwe a botshelo.
E de Jesus Cristo, que é a fiel testemunha, o primogênito dos mortos, e Chefe dos reis da terra; àquele que nos amou, e em seu sangue nos lavou de nossos pecados;
6 O re phuthetse mo Bogosing jwa gagwe a bo a re dira baperesiti ba Modimo Rraagwe. Mo neeng kgalalelo ka go sa feleng! o busa ka bosakhutleng! Amen. (aiōn )
E nos fez reis e sacerdotes a Deus e seu Pai; a ele [seja] a glória e o poder para todo o sempre, Amém! (aiōn )
7 Bonang! O e tla, a dikaganyeditswe ke maru; mme matlho otlhe a tlaa mmona, ee, le ba ba mo tlhabileng. Le dichaba di tlaa lela ka khutsafalo le ka poifo fa a tla, Ee! Amen!
Eis que ele vem com as nuvens, e todo olho o verá, até mesmo aqueles que o perfuraram; e todas as tribos da terra lamentarão sobre ele. Sim! Amém!
8 “Ke nna Alefa le Omeka, Tshimologo le Bokhutlo jwa dilo tsotlhe,” go bua jalo Modimo, yo e leng Morena, yo e leng Mothatayotlhe yo o leng teng, le yo o neng a le teng le yo o tlang gape!
“Eu sou o Alfa e o Ômega”, diz o Senhor Deus, que é, e que era, e que virá, o Todo-Poderoso.
9 Ke nna, mokaulengwe wa lona Johane, yo ke tlhakanetseng pitlagano le lona, yo ke lo kwalelang lokwalo lo. Le nna ke abalana le lona bopelotelele jo Jesu o re bo nayang, ebile re tlaa tlhakanela Bogosi jwa gagwe! Ke ne ke le mo setlhaketlhakeng sa Patemosa, ke kobetswe teng ka ntlha ya go rera Lefoko la Modimo, le go bolela se ke se itseng kaga Jesu Keresete.
Eu, João, (que também sou vosso irmão, e companheiro na aflição, e no Reino, e [na] paciência de Jesus Cristo), estava na ilha chamada Patmos, por causa da palavra de Deus, e por causa do testemunho de Jesus Cristo.
10 E ne e le ka letsatsi la Morena mme ebile ke ne ke obama, fa ka tshoganetso ke utlwa lentswe le le tsholetsegileng fa morago ga me, lentswe le le neng le utlwala jaaka tumo ya torompeta.
No dia do Senhor, eu fui [arrebatado] em espírito, e atrás de mim eu ouvi uma grande voz, como de trombeta,
11 Le re, “Ke nna Alefa le Omega, Tshimologo le Bokhutlo!” Mme ka mo utlwa a re, “Kwala sengwe le sengwe se o se bonang, mme o romele lokwalo lwa gago mo diphuthegong di supa tse di mo Asia: mo phuthegong e e mo Efeso, e e mo Semerena, tse di mo Peregamose, Thiatira, Seredisa, Filadelefia mo Laodisia.”
Dizendo: “O que tu estás vendo, escreve em um livro, e envia às sete igrejas: a Éfeso, e a Esmirna, e a Pérgamo, e a Tiatira, e a Sardes, e a Filadélfia, e a Laodiceia”.
12 Erile fa ke retologa bona yo o neng a bua le nna, teng fa morago ga me ga bo go le dipone di supa tsa gauta.
E eu me virei para ver a voz que tinha falado comigo; e ao me virar, vi sete castiçais de ouro;
13 Mme mo gare ga tsone ga bo go eme mongwe yo o neng a tshwana le Jesu yo o neng a ipitsa Morwa Motho, a apere kobo e telele a itlamile ka moitlamo wa gauta go kgabaganya sehuba sa gagwe.
E no meio dos sete castiçais, um semelhante a [o] Filho do homem, vestido até os pés de uma roupa comprida, e o tórax envolvido com um cinto de ouro;
14 Moriri wa gagwe o ne o le mosweu jaaka bobowa kgotsa kapoko, le matlho a gagwe a ntse jaaka kgabo ya molelo.
E a cabeça e os cabelos dele eram brancos como a lã, brancos como a neve; e seus olhos como chama de fogo;
15 Dinao tsa gagwe di ne di phatsima jaaka kgotlho e e ntlafaditsweng mo leubelong le lentswe la gagwe la gagwe le Suma jaaka makhubu a lewatle a itaaka lotshitshi.
E os pés dele semelhantes a um metal valioso e reluzente, e ardentes como em fornalha; e a voz dele, como de muitas águas.
16 O ne a tshotse dinaledi di supa mo seatleng sa gagwe se segolo le chaka e e lootsegileng e e ntlha pedi mo molomong wa gagwe, le sefatlhogo sa gagwe se phatshima jaaka nonofo ya letsatsi mo go senang maru.
E tinha em sua [mão] direita sete estrelas; e de sua boca saía uma espada aguda de dois fios; e seu rosto como o sol brilhando em sua força.
17 Erile ke mmona, ka wela fa dinaong tsa gagwe jaaka ekete ke sule; mme a baya seatla sa gagwe se segolo mo go nna a re, “Se boife! Le fa ke le wa Ntlha le wa Bofelo,
E quando eu o vi, cai aos pés dele como que morto; e ele pôs sua mão direita sobre mim, [e] me disse: “Não temas; eu sou o primeiro e o último;
18 yo o tshelang yo o neng a swa, yo jaanong o tshelang ka bosakhutleng, yo o tshotseng dilotlele tsa molete le loso, se boife! (aiōn , Hadēs )
eu [sou] o que vivo, e fui morto; e eis que eu vivo para todo o sempre; Amém. E eu tenho as chaves da morte e do Xeol. (aiōn , Hadēs )
19 “Kwala se o ntseng o se bona, le se o tlaa tlogang o se supegediwa.
Escreve as coisas que tens visto, e as que são, e as que estão para acontecer;
20 Se ke tlhaloso ya dinaledi tse di supang tse o di bonyeng mo seatleng sa me se segolo, le dipone tse di supang tsa gauta: dinaledi tse di supang ke baeteledipele ba diphuthego di supa, mme ditlhomo tse di supang ke diphuthego ka bo tsone.
O mistério das sete estrelas, que viste em minha [mão] direita, e os sete castiçais de ouro: as sete estrelas são os anjos [ou mensageiros] das sete igrejas; e os sete castiçais que viste, são as sete igrejas.