< Tshenolo 9 >
1 Mme moengele wa botlhano a letsa torompeta ya gagwe mme ka bona mongwe yo o wetseng mo lefatsheng a tswa kwa legodimong, mme ene a bo a neetswe dikopololo tsa molete o o se nang bolekanngo. (Abyssos )
et quintus angelus tuba cecinit et vidi stellam de caelo cecidisse in terram et data est illi clavis putei abyssi (Abyssos )
2 Ya re a o bula, mosi wa tswa jaaka ekete o tswa mo leisong la boubelo jo bogolo. Mme letsatsi le phefo tsa fifadiwa ke mosi. (Abyssos )
et aperuit puteum abyssi et ascendit fumus putei sicut fumus fornacis magnae et obscuratus est sol et aer de fumo putei (Abyssos )
3 Mme tsie ya tswa mo mosing ya fologela mo lefatsheng mme ya newa nonofo ya go loma jaaka diphepheng.
et de fumo exierunt lucustae in terram et data est illis potestas sicut habent potestatem scorpiones terrae
4 E ne ya laelwa gore e se ka ya tlhokofatsa bojang kgotsa dijalo kgotsa ditlhare mme e tlhasele batho ba ba senang lotshwao lwa Modimo mo diphatlheng tsa bone.
et praeceptum est illis ne laederent faenum terrae neque omne viride neque omnem arborem nisi tantum homines qui non habent signum Dei in frontibus
5 E se ka ya ba bolaya, fa e se go ba tlhokofatsa selekanyo sa dikgwedi tse tlhano ka tlhokofatso e e tshwanang le go loma ga phepheng.
et datum est illis ne occiderent eos sed ut cruciarentur mensibus quinque et cruciatus eorum ut cruciatus scorpii cum percutit hominem
6 Mo malatsing ao batho ba tlaa leka go ipolaya mme ga ba kitla ba kgona, loso ga lo kitla lo tla. Ba tlaa eletsa go swa, mme loso lo tlaa sia!
et in diebus illis quaerent homines mortem et non invenient eam et desiderabunt mori et fugiet mors ab ipsis
7 Tsie e ne e lebega jaaka dipitse tse di baakanyeditsweng ntwa. E ne e na le sengwe se lebega jaaka dirwalo tsa gauta mo ditlhogong tsa yone, mme difatlhogo tsa yone di ntse jaaka batho.
et similitudines lucustarum similes equis paratis in proelium et super capita earum tamquam coronae similes auro et facies earum sicut facies hominum
8 Moriri wa yone o le mo leele jaaka wa basadi, le meno a yone a tshwana le a ditau.
et habebant capillos sicut capillos mulierum et dentes earum sicut leonum erant
9 E ne e apere diiphemelo tsa sehuba tse di ntseng jaaka tsa tshipi, le diphuka tsa yone di suma jaaka mophato wa dipitse tse di siamelang ntweng.
et habebant loricas sicut loricas ferreas et vox alarum earum sicut vox curruum equorum multorum currentium in bellum
10 E ne e na le megatla e e lomang jaaka diphepheng, mme nonofo ya yone ya go tlhokofatsa, e e e neetsweng selekanyo sa dikgwedi tse tlhano, e ne e le mo megatleng ya yone.
et habebant caudas similes scorpionum et aculei in caudis earum potestas earum nocere hominibus mensibus quinque
11 Kgosi ya yone ke kgosana ya molete o o senang bolekanngo e leina la yone e leng Abadone, ka Sehebera, mme ka Segerika ke Apolione (mme e ne e bidiwa Mosenyi ka Setswana). (Abyssos )
et habebant super se regem angelum abyssi cui nomen hebraice Abaddon graece autem Apollyon et latine habet nomen Exterminans (Abyssos )
12 Therego ya ntlha jaanong e a fela, mme go na le tse pedi tse di tlang!
vae unum abiit ecce veniunt adhuc duo vae post haec
13 Moengele wa borataro a letsa torompeta ya gagwe mme ka utlwa lentswe le bua mo dinakeng tse nne tsa sebeso sa gauta se se leng fa pele ga setilo sa Bogosi,
et sextus angelus tuba cecinit et audivi vocem unum ex cornibus altaris aurei quod est ante oculos Dei
14 le raya moengele wa borataro le re, “Golola baengele ba le bane ba ba boitshegang ba ba golegilweng fa nokeng e kgolo ya Yuferatase.”
dicentem sexto angelo qui habebat tubam solve quattuor angelos qui alligati sunt in flumine magno Eufrate
15 Ba ne ba baakanyeditswe yone ngwaga eo le kgwedi le letsatsi le oura eo, mme jaanong ba ne ba gololwa go bolaya karolo ya boraro ya batho botlhe.
et soluti sunt quattuor angeli qui parati erant in horam et diem et mensem et annum ut occiderent tertiam partem hominum
16 Mme ka utlwa kitsiso ya palo ya one, mophato wa ntwa wa didikadike tse di makgolo a mabedi, mme ka utlwa kitsiso ya palo ya one.
et numerus equestris exercitus vicies milies dena milia audivi numerum eorum
17 Ka bona dipitse tsa bone di bewa fa pele ga me mo ponatshegelong ya me; bapalami ba tsone ba ne ba apere diiphemelo tsa sehuba tse di khibidu, e tswa dingwe di ne di le botala jwa legodimo, tse dingwe di le di tshetlha. Ditlhogo tsa dipitse di ne di tshwana le tsa ditau, mme mosi le molelo le selefera e e tukang di tswa mo melomong ya tsone, di bolaya karolo ya boraro ya batho botlhe.
et ita vidi equos in visione et qui sedebant super eos habentes loricas igneas et hyacinthinas et sulphureas et capita equorum erant tamquam capita leonum et de ore ipsorum procedit ignis et fumus et sulphur
ab his tribus plagis occisa est tertia pars hominum de igne et fumo et sulphure qui procedebat ex ore ipsorum
19 Nonofo ya tsone ya loso e ne e se mo melomong ya tsone fela, le mo megatleng e ne e le teng, gonne megatla ya tsone e ne e tshwana le ya ditlhogo tsa dinoga tse di lomang go ntsha dintho tse di botlhoko.
potestas enim equorum in ore eorum est et in caudis eorum nam caudae illorum similes serpentibus habentes capita et in his nocent
20 Mme batho ba ba neng ba setse, morago ga dipetso tse, ba bo ba ntse ba gana go obamela Modimo! Ba se ka ba bakela go obamela mewa e e maswe, le medimo ya bone ya disetwa e e dirilweng ka gauta le selefera, kgotlho, leje le logong, e e sa boneng e e sa utlweng le fa e le go tsamaya!
et ceteri homines qui non sunt occisi in his plagis neque paenitentiam egerunt de operibus manuum suarum ut non adorarent daemonia et simulacra aurea et argentea et aerea et lapidea et lignea quae neque videre possunt neque audire neque ambulare
21 Le gone ga ba a ka ba fetola megopolo ya bone le maikutlo, dipolao tsa bone tsotlhe le boloi, boitshekologo jwa bone le bogodu.
et non egerunt paenitentiam ab homicidiis suis neque a veneficiis suis neque a fornicatione sua neque a furtis suis