< Tshenolo 8 >
1 Erile fa Kwana e sena go kanolola sekano sa bosupa, ga nna tidimalo mo legodimong lotlhe e ka nna selekanyo sa oura.
Et cum aperuisset sigillum septimum, factum est silentium in caelo, quasi media hora.
2 Mme ka bona baengele ba supa ba ba emang fa pele ga Modimo, mme ba neelwa ditorompeta di supa.
Et vidi septem Angelos stantes in conspectu Dei: et datae sunt illis septem tubae.
3 Mme moengele yo mongwe a tshotse leiswana la gauta a tla a ema fa sebesong; mme a neelwa maswalo a mantsi go a tlhakanya le dithapelo tsa batho ba Modimo, gore a a bee mo sebesong sa gauta e le setlhabelo fa pele ga setilo sa Bogosi.
Et alius Angelus venit, et stetit ante altare habens turibulum aureum: et data sunt illi incensa multa, ut daret de orationibus sanctorum omnium super altare aureum, quod est ante thronum Dei.
4 Mme lonko lwa maswalo lo lo tlhakaneng le dithapelo lwa tlhatlogela kwa Modimong lo tswa mo sebesong mo moengele a neng a a tshetse teng.
Et ascendit fumus incensorum de orationibus sanctorum de manu Angeli coram Deo.
5 Mme moengele a tlatsa leiswana ka molelo o o tswang mo sebesong mme a le latlhela mo lefatsheng; mme tumo ya maru ya thulana ya duma, logadima lwa phatsima, mme ga nna le thoromo e e maswe ya lefatshe.
Et accepit Angelus turibulum aureum, et implevit illud de igne altaris, et misit in terram, et facta sunt tonitrua, et voces, et fulgura, et terraemotus magnus.
6 Mme baengele basupa ba ba tshotseng ditorompeta ba ipaakanyetsa go di letsa.
Et septem Angeli, qui habebant septem tubas, praeparaverunt se ut tuba canerent.
7 Moengele wa ntlha a letsa torompeta ya gagwe, mme sefako le molelo di tlhakane le madi tsa latlhelwa mo lefatsheng. Karolo ya boraro ya lefatshe ya fisiwa gore karolo ya boraro ya ditlhare e bo e lailwe ke molelo, le bojang jotlhe jo bo tala.
Et primus Angelus tuba cecinit, et facta est grando, et ignis, mista in sanguine, et missum est in terram, et tertia pars terrae combusta est, et tertia pars arborum concremata est, et omne foenum viride combustum est.
8 Mme moengele wa bobedi a letsa torompeta ya gagwe, mme se se neng se bonala ekete thaba e kgolo e e tukang ya latlhelwa mo lewatleng, ya senya karolo ya boraro ya dikepe; mme karolo ya lewatle ya fetoga bohibidu jaaka madi; le karolo ya boraro ya ditlhapi ya bolawa.
Et secundus Angelus tuba cecinit: et tamquam mons magnus igne ardens missus est in mare, et facta est tertia pars maris sanguis,
et mortua est tertia pars creaturae eorum, quae habebant animas in mari, et tertia pars navium interiit.
10 Moengele wa boraro a letsa torompeta mme naledi e kgolo e e tukang ya wa kwa legodimong ya wela mo karolong ya boraro ya melapo le metswedi.
Et tertius Angelus tuba cecinit: et cecidit de caelo stella magna, ardens tamquam facula, et cecidit in tertiam partem fluminum, et in fontes aquarum:
11 Naledi e e ne e bidiwa “Bogalaka” gonne e ne ya fetola karolo ya boraro ya metse otlhe mo lefatsheng, mme batho ba le bantsi ba a swa.
et nomen stellae dicitur Absinthium; et facta est tertia pars aquarum in absinthium: et multi hominum mortui sunt de aquis, quia amarae factae sunt.
12 Moengele wa bone a letsa torompeta ya gagwe mme ka bofefo karolo ya boraro ya letsatsi ya senngwa ya ba ya fifadiwa, le karolo ya boraro ya ngwedi le dinaledi, mo phatsimo ya letsatsi e neng ya fifadiwa selekanyo sa karolo ya boraro mme ga nna lefifi le le boitshegang.
Et quartus Angelus tuba cecinit: et percussa est tertia pars solis, et tertia pars lunae, et tertia pars stellarum, ita ut obscuraretur tertia pars eorum, et diei non luceret pars tertia, et noctis similiter.
13 Ya re ke lebelela, ka bona ntsu a le esi a fofa go kgabaganya magodimo a lelela kwa godimo, a re, “Ija, Ija, Ija, a bo go latlhega batho ba lefatshe ka ntlha ya dilo tse di maswe tse di tlaa tlogang di direga fa baengele ba bararo ba ba setseng ba letsa ditorompeta tsa bone.”
Et vidi, et audivi vocem unius aquilae volantis per medium caeli, dicentis voce magna: Vae, vae, vae habitantibus in terra de ceteris vocibus trium Angelorum, qui erant tuba canituri.