< Tshenolo 7 >

1 Mme ka bona baengele ba le bane ba eme mo dikhutlong tse nne tsa lefatshe, ba tshwere diphefo tse nne gore di seka tsa foka, gore lekakaba lepe le se ka la nna le mokgwasa mo ditlhareng, mme lewatle la nna borethe jaaka galase.
이 일 후에 내가 네 천사가 땅 네 모퉁이에 선 것을 보니 땅의 사방의 바람을 붙잡아 바람으로 하여금 땅에나 바다에나 각종 나무에 불지 못하게 하더라
2 Mme ka bona moengele yo mongwe a tswa kwa botlhaba, a tshotse sekano se segolo sa Modimo o o tshelang. Mme a goa baengele ba bane ba ba neng ba neetswe nonofo go tlhokofatsa lefatshe le lewatle, “Iketleng!
또 보매 다른 천사가 살아 계신 하나님의 인을 가지고 해 돋는 데로부터 올라와서 땅과 바다를 해롭게 할 권세를 얻은 네 천사를 향하여 큰 소리로 외쳐
3 Namang lo ise lo dire sepe, se tlhokofatseng lefatse kgotsa lewatle kgotsa ditlhare, go fitlhelela re se na go baya sekano sa Modimo mo diphatleng tsa batlhanka ba one.”
가로되 `우리가 우리 하나님의 종들의 이마에 인치기까지 땅이나 바다나 나무나 해하지 말라' 하더라
4 Ke ba le kae ba ba neetsweng lotshwao lo? Ke ne ka utlwa gotwe palo ya bone ke dikete di le lekgolo le masome a masome a mane le bone, mo ditsong tsotlhe tsa Iseraele tse di lesome le bobedi, jaaka di rulagantswe fa: Juda 12,000 Rubene 12,000, Gade 12,000, Ashe 12,000, Nafetali 12,000, Manasa 12,000, Simeone 12,000, Lefi 12,000, Isekare 12,000, Sebulane 12,000, Josefa 12,000, Benjamine 12,000.
내가 인 맞은 자의 수를 들으니 이스라엘 자손의 각 지파 중에서 인 맞은 자들이 십 사만 사천이니
5
유다 지파 중에 인 맞은 자가 일만 이천이요 르우벤 지파 중에 일만 이천이요 갓 지파 중에 일만 이천이요
6
아셀 지파 중에 일만 이천이요 납달리 지파 중에 일만 이천이요 므낫세 지파 중에 일만 이천이요
7
시므온 지파 중에 일만 이천이요 레위 지파 중에 일만 이천이요 잇사갈 지파 중에 일만 이천이요
8
스블론 지파 중에 일만 이천이요 요셉 지파 중에 일만 이천이요 베냐민 지파 중에 인 맞은 자가 일만 이천이라
9 Morago ga mo ka bona bontsintsi jo bogolo jwa batho, bo le bogolo thata mo bo neng bo se ka ke jwa balwa, go tswa mo merafeng yotlhe le mo mafatshing le dipuo (diteme), bo eme fa pele ga setilo sa bogosi le fa pele ga Kwana, bo apere bosweu bo tshotse dikala tsa mokolane ka diatla.
이 일 후에 내가 보니 각 나라와 족속과 백성과 방언에서 아무라도 능히 셀 수 없는 큰 무리가 흰 옷을 입고 손에 종려 가지를 들고 보좌 앞과 어린 양 앞에 서서
10 Mme ba ne ba goa mo go boitshegang ba re, “Poloko e tswa mo Modimong wa rona o o ntseng mo setilong sa bogosi, le mo go Kwana.”
큰 소리로 외쳐 가로되 `구원하심이 보좌에 앉으신 우리 하나님과 어린 양에게 있도다' 하니
11 Mme jaanong baengele botlhe ba bo ba dikaganyeditse setilo sa bogosi le bagolwane le ditshedi tse nne, ba digile difatlhogo fa pele ga setilo sa bogosi ba obamela Modimo.
모든 천사가 보좌와 장로들과 네 생물의 주위에 섰다가 보좌 앞에 엎드려 얼굴을 대고 하나님께 경배하여
12 Ba re, “Amen! Pako, le kgalalelo, le botlhale, le malebogo, le tlotlo, le nonofo, le thata di nne go Modimo wa rona ka bosakhutleng. Amen!” (aiōn g165)
가로되 `아멘 찬송과 영광과 지혜와 감사와 존귀와 능력과 힘이 우리 하나님께 세세토록 있을지로다 아멘' 하더라 (aiōn g165)
13 Hong mongwe wa bagolwane ba ba masome a mabedi le bone a mpotsa a re, “A o itse gore ba ke bo mang ba ba apereng bosweu le gore ba tswa kae?”
장로 중에 하나가 응답하여 내게 이르되 `이 흰 옷 입은 자들이 누구며 또 어디서 왔느뇨'
14 Ka re, “Nnyaa, Morena, tswee-tswee mpolelela.” A re, “Ba ke ba ba tswang mo pitlaganong e kgolo, ba tlhatswitse dikobo tsa bone, ba di sweufaditse ka madi a Kwana.
내가 가로되 `내 주여 당신이 알리이다' 하니 그가 나더러 이르되 `이는 큰 환난에서 나오는 자들인데 어린 양의 피에 그 옷을 씻어 희게 하였느니라
15 Ke gone ka moo ba leng fano fa pele ga setilo sa bogosi sa Modimo, ba mo direla bosigo le motshegare mo tempeleng ya gagwe. Yo o ntseng mo setilong sa bogosi o tlaa ba sireletsa;
그러므로 그들이 하나님의 보좌 앞에 있고 또 그의 성전에서 밤낮 하나님을 섬기매 보좌에 앉으신 이가 그들 위에 장막을 치시리니
16 ga ba kitla ba tlhola ba tshwarwa ke tlala gape, kgotsa lenyora, mme ba tlaa sirelediwa ka botlalo mo mogoteng o o fisang wa letsatsi.
저희가 다시 주리지도 아니하며 목마르지도 아니하고 해나 아무 뜨거운 기운에 상하지 아니할지니
17 Gonne Kwana yo o emeng fa pele ga setilo sa bogosi o tlaa nna modisa wa bone a bo a ba etelela pele a ba isa kwa metsweding ya metse a Botshelo. Mme Modimo o tlaa phimola dikeledi tsa bone.”
이는 보좌 가운데 계신 어린 양이 저희의 목자가 되사 생명수 샘으로 인도하시고 하나님께서 저희 눈에서 모든 눈물을 씻어 주실 것임이러라'

< Tshenolo 7 >