< Tshenolo 6 >
1 Erile fa ke leba, ka bona Kwana e kanolola sekano sa ntlha mme ya simolola go menolola lokwalo. Hong sengwe sa Ditshedi tse nne, sa goa ka lentswe le le dumang jaaka tumo ya maru, sa re “Tla!”
Mens jeg så på, brøt Lammet det første seglet. Med en stemme som lignet på torden sa en av de fire skikkelsene:”Kom!”
2 Ka leba, mme kwa pele ga me ga bo go le pitse e tshweu. Mopalami wa yone a tshotse bora, mme serwalo sa bo se beilwe mo godimo ga tlhogo ya gagwe; a bolola go ya go fenya mo ditlhabanong di le di ntsi le go fenya ntwa.
Da fikk jeg se at det sto en hvit hest foran meg. Rytteren som satt på den, hadde en pil og bue. De satte en seierskrans på hodet hans. Som en seierherre red han ut over jorden for å vinne seier på nytt.
3 Hong a menolola lokwalo go ya sekanong sa bobedi. Mme ka utlwa Setshedi sa bobedi se re, “Tla!”
Da Lammet brøt det andre seglet, hørte jeg neste skikkelse si:”Kom!”
4 Ka nako e, ga tswa pitse e khunou. Mopalami wa yone o ne a neetswe chaka e telele le taolo ya go tlosa kagiso le go tlisa pheretlhego mo lefatsheng; ntwa le polaano ya tswa gongwe le gongwe.
Da kom det fram en ildrød hest. Rytteren på hesten fikk makt til å forstyrre freden på jorden, slik at folkene ville drepe hverandre, og han ble utstyrt med et langt sverd.
5 Ya re a sena go kanolola sekano sa boraro, ka utlwa Setshedi sa boraro se re “Tla!” Mme ka bona pitse e ntsho, le mopalami wa yone a tshotse dilekanyo tse pedi mo letsogong la gagwe.
Da Lammet brøt det tredje seglet, hørte jeg den tredje av de fire skikkelsene si:”Kom!” Jeg fikk se en svart hest. Rytteren på hesten holdt en vekt i hånden.
6 Mme lentswe la tswa mo Ditsheding tse nne la re, “Senkgwe se ja ledi le le lengwe selekanyo sa bopi jwa korong, mme ga go na lookwane kgotsa mofine.”
Jeg hørte noe som lød som en stemme blant de fire skikkelsene si:”Ett kilo hvete for en hel daglønn. Tre kilo korn for samme lønn. Men oljen og vinen må du ikke skade.”
7 Mme e rile sekano sa bone se sena go kanololwa, ka utlwa setshedi sa bone se re “Tla!”
Da Lammet brøt det fjerde seglet, hørte jeg den fjerde skikkelsen si:”Kom!”
8 Mme jaanong ka bona pitse e tshetlha, mme leina la mopalami wa yone ene e le Loso. Mme ya salwa morago ke pitse e nngwe e leina la mopalami wa yone e neng e le Molete. Ba ne ba neelwa taolo mo karolong ya bone ya lefatshe, go bolaya lefatshe ka ntwa le ka leuba le ka bolwetse le ka dibatana tsa naga. (Hadēs )
Nå fikk jeg se en blek gul hest. Rytteren på hesten het Døden. Etter den fulgte en representant fra de dødes verden. De fikk makt over en fjerdedel av jorden, slik at de kunne drepe folkene i krig, med sultekatastrofe, sykdommer og ville dyr. (Hadēs )
9 Mme ya re a kanolola sekano sa botlhano, ka bona aletara, mme ka fa tlase ga yone ga bo go le mewa yotlhe ya ba ba bolaetsweng go rera Lefoko la Modimo le go ikanyega mo bosuping jwa bone.
Da Lammet brøt det femte seglet, fikk jeg se alteret i templet. Under alteret så jeg sjelene til alle dem som var drept fordi de hadde spredd Guds budskap om Jesus.
10 Ba goela kwa Moreneng ba re, “Morena yo mogolo, yo o boitshepo le boammaaruri, go tlaa nna goleele go le kae pele ga o atlhola batho ba lefatshe kaga se ba se re diretseng? O tlaa busolosetsa leng madi a rona mo go ba ba tshelang mo lefatsheng?”
De ropte med kraftig stemme:”Herre, du som er hellig og sann, hvor lenge vil det dra ut før du dømmer folkene på jorden og straffer fordi de drepte oss?”
11 Mme ba newa dikobo tse di tshweu tse di kgokgothang, mme ba laelwa gore ba name ba sa ntse ba itapolositse go fitlhelela bakaulengwe ba bangwe ba bone, batlhanka ka bone ba ga Jesu ba bolaelwa tumelo mo lefatsheng ba bo ba kopana nabo.
Da fikk hver enkelt på seg hvite klær. De ble bedt om å være i ro enda en kort stund til antallet av Jesu tjenere, deres troende søsken, var fullt av dem som måtte dø for sin tro.
12 Ka lebelela fa a kanolola sekano sa borataro, mme ga bo go le thoromo e kgolo ya lefatshe; mme letsatsi la fifala jaaka letsela le le ntsho, le ngwedi a bo a le mohibidu jaaka madi.
Videre så jeg Lammet bryte det sjette seglet. Da kom det et stor jordskjelv. Solen ble svart som en sørgedrakt, hele månen ble rød som blod.
13 Hong dinaledi tsa legodimo tsa bonala ekete di wela mo lefatsheng, jaaka loungo lo lo tala lo lo wang mo ditlhareng tsa mofeige lo tlhotlhorwa ke phefo e e bokete.
Stjernene på himmelen falt til jorden som umoden frukt når fikentreet blir rystet av kraftige stormkast.
14 Mme magodimo a a tsabakelang ka dinaledi a nyelela jaaka e ka re go phuthilwe momeno mme a tlosiwa; mme thaba nngwe le nngwe le setlhaketlhake tsa tshikinyega tsa bo tsa suta.
Ja, himmelen forsvant for mine øyne, som om den ble rullet sammen som en skriftrull. Alle fjell og øyer ble flyttet fra sine steder.
15 Dikgosi tsa lefatshe, le baeteledipele ba lefatshe le bahumi, le batho botlhe ba bagolo ba sesole, batho botlhe, bagolo le bannye, ditshwarwa, le ba ba golotsweng ba iphitlha mo dikgageng le mo mafikeng a dithaba,
Makthaverne på jorden, ledere, høye militærsjefer, de rike og mektige, ja, alle folk, både slaver og frie gjemte seg i grotter og mellom fjellknauser.
16 mme ba lelela mo dithabeng gore di ba wele. Ba kopa ba re, “Re weleng godimo! Lo re fitlhele sefatlhogo sa yo o ntseng mo setilong sa bogosi, le mo bogaleng jwa Kwana,
De ropte til fjellene og steinene:”Fall over oss. Gjem oss for sinnet til ham som sitter på tronen og Lammet.
17 ka gore letsatsi le legolo la bogale jwa bone le tsile, mme e mang yo o ka bo falolang?”
For nå har den fryktelige dagen kommet da Gud og Lammet vil dømme alle. Hvem kan da overleve?”