< Tshenolo 4 >
1 Mme ya re ke leba, ka bona kgoro e butswe kwa legodimong, mme lentswe le ke neng ka le utlwa la ntlha, le le neng le utlwala jaaka tumo e kgolo ya lonaka, la bua le nna la re, “Tla kwano mme ke tlaa go supegetsa se se tlaa diragalang mo lobakeng lo lo tlang.”
Potom jsem viděl, a aj, dvéře otevřené v nebi, a ten hlas první, kterýž jsem byl slyšel jako trouby, an mluví se mnou, řkoucí: Vstup sem, a ukážiť, co se má díti potom.
2 Mme ya re gone fela foo ka bo ke le kwa legodimong ke le mo moweng, ka bona kgalalelo ya lone! Setilo sa Bogosi le mongwe a ntse mo go sone!
A hned jsem byl u vytržení ducha, a aj, trůn postaven byl na nebi, a na trůnu jeden seděl.
3 Phatsimo e kgolo ya lesedi ya phatsima fa pele ga gagwe jaaka ekete e tswa mo teemaneng e e galalelang, kgotsa mo lentsweng la botlhokwa le le bohibidu jo bo tsabakelang, le mola wa godimo o phatsima, o phatshima jaaka leje la botlhokwa le le tala le dikaganyeditse setilo sa gagwe sa bogosi.
A ten, kterýž seděl, podoben byl oblíčejem kameni jaspidu a sardiovi; a vůkol toho trůnu byla duha, na pohledění podobná smaragdu.
4 Ditilo tse di masome a mabedi le bone di dikaganyeditse sa gagwe, le bagolwane ba le masome a mabedi le bone ba ntse mo go tsone; botlhe ba ne ba apere bosweu, ba rwele dirwalo tsa gauta mo ditlhogong tsa bone.
A okolo toho trůnu bylo trůnů čtyřmecítma, a na těch trůních viděl jsem čtyřmecítma starců sedících, oblečených v roucha bílá. A měli na hlavách svých koruny zlaté.
5 Ga tswa logadima le tumo ya maru mo setilong sa bogosi, mme ga bo go na le mantswe mo tumong ya maru. Fa pele ga setilo sa gagwe sa bogosi go ne go na le dipone di supa tse di tshubilweng di emetse Mewa e supa ya Modimo.
A z toho trůnu pocházelo blýskání, a hromobití, a hlasové. A sedm lamp ohnivých hořících před trůnem, jenž jsou sedm duchů Božích.
6 Fa pele ga sone ga bo go le lewatle la leje le le phatshimang jaaka legakwa le lesweu. Ditshedi tse nne, di takilwe ka matlho kwa pele le kwa morago, di ne di eme mo ditlhakoreng tse nne tsa setilo sa bogosi.
Bylo také před tím trůnem moře sklené, podobné křištálu, a u prostřed trůnu a vůkol trůnu čtvero zvířat, plných očí s předu i s zadu.
7 Setshedi sa ntlha mo go tse nne tse, se ne se tshwana le tau; sa bobedi se tshwana le pholo; sa boraro se na le sefatlhogo se se tshwanang le sa motho; sa bone se tshwana le ntsu, a phutholotse diphuka jaaka e ka re o a fofa.
První pak to zvíře podobné bylo lvu, a druhé zvíře podobné teleti, a třetí zvíře mající tvárnost člověka, a čtvrté zvíře podobné orlu letícímu.
8 Setshedi sengwe le sengwe sa ditshedi tse nne sa bo se na le diphuka di le thataro, mme bogare jwa diphuka tsa tsone jwa bo bo tletse matlho. Bosigo le motshegare di goa di re, “O Boitshepo, O Boitshepo, Morena Modimo Mothatayotlhe, ene yo o neng a le teng le yo o leng teng, e bile e le yo o tlaa tlang.”
A jedno každé z těch čtyř zvířat mělo šest křídel okolo, a vnitř plná byla očí, a neměla odpočinutí dnem i nocí, říkajíce: Svatý, svatý, svatý Pán Bůh všemohoucí, kterýž byl, a jest, i přijíti má.
9 Mme ya re fa ditshedi di galaletsa di tlotla e bile di leboga yo o ntseng mo setilong sa bogosi, yo o tshelang ka metlha le metlha, (aiōn )
A když ta zvířata vzdávala slávu, a čest, i díků činění sedícímu na trůnu, tomu živému na věky věků, (aiōn )
10 bagolwane ba ba masome a mabedi le bone ba wela fa pele ga gagwe ba mo obamela, yo o tshelang ka bosakhutleng, mme ba latlhela dirwalo tsa bone fa pele ga setilo sa bogosi ba opela ba re, (aiōn )
Padlo těch čtyřmecítma starců před oblíčejem toho sedícího na trůnu, a klanělo se tomu živému na věky věků, a metali koruny své před trůnem, řkouce: (aiōn )
11 “Oo Morena, O tshwanetse go amogela kgalalelo le tlotlo le nonofo, gonne o dirile tsotlhe. Di tlhodilwe tsa bo tsa bidiwa ditshedi ka thato ya gago.”
Hoden jsi, Pane, přijíti slávu, a čest, i moc; nebo ty jsi stvořil všecky věci, a pro vůli tvou trvají, i stvořeny jsou.