< Tshenolo 22 +
1 Mme a ntshupegetsa noka ya metse a a itshekileng a Botshelo, a le phepa jaaka legakwa, a elela a tswa mo setilong sa Bogosi sa Modimo le sa Kwana,
Тоді [ангел] показав мені річку води життя, прозору, як кришталь, що, витікаючи з престолу Бога та Агнця,
2 a fologela ka mmila o mo tona. Mo ntlheng e nngwe le e nngwe ya noka ga bo go tlhogile ditlhare tsa Botshelo di na le dikungo di le lesome le bobedi, di ungwa dikungo tse di itekanetseng kgwedi le kgwedi; matlhare a tsone a ne a dirisiwa e le molemo go alafa dichaba.
[текла] посеред головної вулиці міста. По обидва береги річки росте дерево життя, що приносить врожай дванадцять разів на рік, щомісяця даючи свій плід. А листя дерева служить для зцілення народів.
3 Ga go kitla go nna le sepe mo motseng se se bosula; gonne setilo sa bogosi sa Modimo le sa ga Kwana di tlaa bo di le gone, mme batlhanka ba gagwe ba tlaa mo obamela.
І не буде більше ніякого прокляття. Престол Бога та Агнця буде в місті, і Його раби служитимуть Йому.
4 Mme ba tlaa bona sefatlhogo sa gagwe; mme leina la gagwe le tlaa kwalwa mo diphatleng tsa bone.
Вони будуть бачити Його обличчя й [матимуть] на чолах Його ім’я
5 Mme ga go kitla go nna bosigo gone, ga go tlhokege dipone kgotsa letsatsi, gonne Morena Modimo o tlaa nna lesedi la bone; mme ba tlaa busa ka bosakhutleng. (aiōn )
Ночі більше не буде, і не матимуть потреби у світильнику чи у світлі сонця, бо Господь Бог буде світити над ними. І вони царюватимуть навіки-віків. (aiōn )
6 Mme moengele a nthaya a re, “Mafoko a a Boikanyo le Boammaaruri; ‘Ke e tla ka bonako!’ Modimo, o o bolelelang baporofiti ba one se se diragalang mo lobakeng lo lo tlang, o rometse moengele wa one go go bolelela se se tlaa tlogang se diragala. Go sego ba ba se dumelang le botlhe ba ba kwadilweng mo lokwalong lo lo mennweng.”
[Ангел] сказав мені: «Ці слова вірні й правдиві. Господь Бог, Який надихає пророків, послав Свого ангела показати своїм рабам те, що незабаром має відбутися».
«Ось Я скоро прийду! Блаженний той, хто дотримується слів пророцтва, [записаних] у цій книзі».
8 Nna, Johane ke bonye, e bile ke utlwile dilo tse tsotlhe, mme ke ne ka wela fa fatshe go obamela moengele yo o neng a di mpontsha;
Я, Іван, усе це чув і бачив. І, почувши й побачивши це, я впав до ніг ангела, який все мені показував, щоб поклонитись.
9 mme a nthaya gape a re, “Nnyaa, se dire sepe se se ntseng jalo. Le nna ke motlhanka wa ga Jesu jaaka wena, le jaaka bomorwa rrago ba ntse, le botlhe ba ba bolokileng boammaaruri jo bo kwadilweng mo lokwalong lo. Ba obamela Modimo o le osi.”
Але він сказав мені: «Дивись, не [роби цього]! Я такий же служитель, як і ти, твої брати-пророки та [всі], хто дотримується слів цієї книги. Богові поклоняйся!»
10 Mme a ntaela a re, “O se ka wa tswalela se o se kwadileng, gonne nako ya tiragatso e atametse.
Потім він сказав мені: «Не запечатуй слів пророцтва цієї книги, бо час уже близький.
11 Mme e tlaa re fa lobaka loo lo tla, botlhe ba ba dirang bosula ba tlaa bo dira go fetisisa; yo o leswe o tlaa nna leswe thata, batho ba ba siameng ba tla siama thata; ba ba boitshepo ba tlaa tswelela mo boitshepong jo bogola.”
Неправедний хай і далі чинить неправду, нечестивий хай продовжує осквернятися, праведний хай і надалі живе праведно, а святий нехай освячується».
12 “Bonang, ke e tla ka bonako, mme ke tshotse tuelo ya me, go duela mongwe le mongwe ka fa ditirong tse a di dirileng.
«Ось Я скоро прийду! Моя винагорода зі Мною, і Я віддам кожному згідно з його вчинками.
13 “Ke nna, Alefa le Omega, Tshimologo le Bokhutlo, wa Ntlha le wa Bofelo.
Я – Альфа і Омега, Перший і Останній, Початок і Кінець.
14 Go sego botlhe ba ba tlhatswitseng dikobo tsa bone, go nna le tshwanelo ya go tsena ka dikgoro tsa motse, le go ja loungo lwa setlhare sa Botshelo.
Блаженні ті, хто омиває свій одяг, щоб мати право [споживати плоди] з дерева життя й увійти в місто через ворота.
15 “Kwa ntle ga motse go na le ba ba ikgogonneng mo Modimong, le baloi le diaka le babolai le baobamedi ba medimo ya disetwa, le botlhe ba ba ratang, maaka, le go a bua.
Зовні – пси, чаклуни, розпусники, убивці, ідолопоклонники та всі, хто любить і чинить неправду.
16 Nna Jesu, ke rometse moengele wa me kwa go lona go bolelela diphuthego dilo tse tsotlhe. Ke nna modi wa ga Dafide le wa lotso lwa gagwe. Ke Naledi ya Moso e e phatsimang.”
Я, Ісус, послав Свого ангела, щоб він дав це свідчення для церков. Я – корінь і нащадок Давида, яскрава ранкова зоря».
17 Mme mowa le monyadiwa ba re, “Tla” A mongwe le mongwe wa lona yo o ba utlwang le ene a re, “Tla” A yo o nyorilweng a tle, mongwe le mongwe yo o batlang go tla; a a tle, a tle go nwa metse a botshelo kwa ntle ga theko.
Дух і наречена кажуть: «Прийди!» І нехай той, хто чує, скаже: «Прийди!» І спраглий нехай прийде, і той, хто бажає, нехай візьме даром воду життя.
18 Mme ke bolelela mongwe le mongwe ka tlhwaafalo yo o balang lokwalo lo: go re, fa mongwe a oketsa mo go se se kwadilweng fa, Modimo o tlaa mo okeletsa dipetso tse di boletsweng mo lokwalong lo.
Я свідчу кожному, хто чує слова пророцтва цієї книги, якщо хтось додасть до них щось, Бог додасть йому покарання, описані в цій книзі.
19 Mme fa mongwe a fokotsa bontlha bongwe jwa diporofeso tse, Modimo o tlaa tlosa seabe sa gagwe mo setlhareng sa Botshelo, le mo motseng o o Boitshepo jaaka go boletswe.
І якщо хтось відійме слова з цієї книги пророцтва, Бог забере в нього частку в дереві життя та у святому місті, про які написано в цій книзі.
20 Ene yo o buileng dilo tse tsotlhe a re, “Ee, ke e tla ka bonako!” Amen! Tla, Morena Jesu!
Той, Хто свідчить про це, говорить: «Так, Я скоро прийду». Амінь! Прийди, Господи Ісусе!
21 A tshegofatso ya Morena Jesu Keresete e nne le lona lotlhe. Amen!
Благодать Господа Ісуса нехай буде з усіма. Амінь.