< Tshenolo 21 >

1 Mme ka bona lefatshe le lesha (go sena mawatle!) le legodimo le lesha, gonne lefatshe le legodimo la pele di ne di nyeletse.
et vidi caelum novum et terram novam primum enim caelum et prima terra abiit et mare iam non est
2 Mme nna, Johane ka bona motse o o Boitshepo, Jerusalema yo mosha, a fologa kwa legodimong a tswa kwa Modimong. E ne e le pono e e galalelang a le montle jaaka monyadiwa kwa lonyalong lwa gagwe.
et civitatem sanctam Hierusalem novam vidi descendentem de caelo a Deo paratam sicut sponsam ornatam viro suo
3 Mme ka utlwa lentswe le tlhaeletsa le tswa kwa setilong sa Bogosi le re, “Bonang bonno jwa Modimo jaanong bo mo bathong, mme o tlaa nna le bone mme ba tlaa nna batho ba One; ee, Modimo ka bo one o tlaa nna mo go bone.
et audivi vocem magnam de throno dicentem ecce tabernaculum Dei cum hominibus et habitabit cum eis et ipsi populus eius erunt et ipse Deus cum eis erit eorum Deus
4 O tlaa phimola dikeledi tsotlhe mo matlhong a bone, mme ga go kitla go tlhola go nna le loso, kgotsa bohutsana kgotsa selelo kgotsa kutlobotlhoko. Tsotlhe di nyeleletse ruri.”
et absterget Deus omnem lacrimam ab oculis eorum et mors ultra non erit neque luctus neque clamor neque dolor erit ultra quae prima abierunt
5 Mme yo o ntseng mo setilong sa bogosi a re, “Bona, ke shafatsa dilo tsotlhe!” Mme a nthaya a re, “Kwala se, gonne se ke se go bolelelang se boikanyo le boammaaruri!
et dixit qui sedebat in throno ecce nova facio omnia et dicit scribe quia haec verba fidelissima sunt et vera
6 Go fedile! Ke nna Alefa le Omega, Tshimologo le Bokhutlo. Ke tlaa naya ba ba nyorilweng metswedi ya metse a botshelo, e le mpho!
et dixit mihi factum est ego sum Alpha et Omega initium et finis ego sitienti dabo de fonte aquae vivae gratis
7 Mongwe le mongwe yo o fenyang o tlaa rua masego a otlhe, mme ke tlaa nna Modimo wa gagwe le ene o tlaa nna morwaake.
qui vicerit possidebit haec et ero illi Deus et ille erit mihi filius
8 Mme magatlapa a a mphuralelang, le ba ba sa ikanyegeng mo go nna le ba ba bodileng, ke babolai, baitshekologi, ba ba buang le mewa e e maswe, le baobamedi ba medimo ya disetswa le baaki botlhe, tatlhego ya bone e mo lecheng le le tukang ka molelo le sebabole. Se ke loso lwa bobedi.” (Limnē Pyr g3041 g4442)
timidis autem et incredulis et execratis et homicidis et fornicatoribus et veneficis et idolatris et omnibus mendacibus pars illorum erit in stagno ardenti igne et sulphure quod est mors secunda (Limnē Pyr g3041 g4442)
9 Mme mongwe wa baengele ba ba supang, ba ba neng ba tsholola megotswana e e neng e na le dipetso tsa bofelo, a tla mme a nthaya a re, “Ntshala morago mme ke tlaa go supegetsa monyadiwa, mosadi wa ga Kwana.”
et venit unus de septem angelis habentibus fialas plenas septem plagis novissimis et locutus est mecum dicens veni ostendam tibi sponsam uxorem agni
10 Mo ponatshegelong a ntseela kwa setlhoweng sa thaba e e goletseng kwa godimo mme ya re ke le mo go yone ka lebelela motse oo wa Jerusalema yo o Boitshepo, o fologa kwa legodimong o tswa kwa Modimong.
et sustulit me in spiritu in montem magnum et altum et ostendit mihi civitatem sanctam Hierusalem descendentem de caelo a Deo
11 O ne o tletse kgalalelo ya Modimo mme o phatsima jaaka lentswe le le botlhokwa, legakwa le le phepa jaaka jasepara.
habentem claritatem Dei lumen eius simile lapidi pretioso tamquam lapidi iaspidis sicut cristallum
12 Dipota tsa one di ne di atlhame di goletse kwa godimo di na le dikgoro di le lesome le bobedi di disitswe ke baengele ba le lesome le bobedi. Mme maina a ditso di le lesome le bobedi tsa merafe ya Iseraele a bo a kwadilwe mo dikgorong.
et habebat murum magnum et altum habens portas duodecim et in portis angelos duodecim et nomina inscripta quae sunt nomina duodecim tribuum filiorum Israhel
13 Go ne go na le dikgoro di le tharo mo ntlheng nngwe le nngwe, bokone, borwa, botlhaba le bophirimatsatsi.
ab oriente portae tres et ab aquilone portae tres et ab austro portae tres et ab occasu portae tres
14 Dipota di ne di na le maje a motheo a le lesome le bobedi, mme mo go one ga bo go kwadilwe maina a baaposetoloi ba ba lesome le bobedi ba ga Kwana.
et murus civitatis habens fundamenta duodecim et in ipsis duodecim nomina duodecim apostolorum agni
15 Mme moengele a bo a tshotse selekanyo sa gauta go lekanya motse le dikgoro tsa one le dipota.
et qui loquebatur mecum habebat mensuram harundinem auream ut metiretur civitatem et portas eius et murum
16 Mme e rile a lekanya, a fitlhela o lekalekana; tota boleele jwa one bo ne bo lekana le boatlhamo, gonne go tsholetsega ga one go ne go lekana le boleele le bophara jwa one, e le dimaele di le sekete le makgolo a matlhano.
et civitas in quadro posita est et longitudo eius tanta est quanta et latitudo et mensus est civitatem de harundine per stadia duodecim milia longitudo et latitudo et altitudo eius aequalia sunt
17 A lekanya bokima jwa dipota mme a fitlhela di le selekanyo sa dikgato di le makgolo a mabedi le lesome le borataro, go kgabaganya, (mme moengele a mpiletsa dilekanyo tse, a dirisa molao wa go lekanya dilo).
et mensus est murus eius centum quadraginta quattuor cubitorum mensura hominis quae est angeli
18 Motse ka bo one o ne o itshekile o galalela jaaka galase ya gauta! Dipota di ne di dirilwe ka jasepera, mme di agilwe mo dithakong tse di lesome le bobedi tsa maje a motheo o o neng o kgabisitswe ka majana a botlhokwa. Mme motheo wa ntlha e ne e le jasepera; wa botlhano e le Saredonukese;
et erat structura muri eius ex lapide iaspide ipsa vero civitas auro mundo simile vitro mundo
fundamenta muri civitatis omni lapide pretioso ornata fundamentum primum iaspis secundus sapphyrus tertius carcedonius quartus zmaragdus
20 wa borataro e le Saredise; wa bosupa e le Kerusolete; wa bofera bobedi e le berile; boferabongwe e le topase; wa lesome e le Kerusaperase; wa lesome le bongwe e le Yakinithe; wa lesome le bobedi e le Amethuseta:
quintus sardonix sextus sardinus septimus chrysolitus octavus berillus nonus topazius decimus chrysoprassus undecimus hyacinthus duodecimus amethistus
21 Dikgoro tse di lesome le bobedi di ne di dirilwe ka diperela, kgoro nngwe le nngwe e dirilwe ka perela e le nngwe! Mme mmila o mo tona o ne o dirilwe ka gauta e e galalelang, jaaka galase.
et duodecim portae duodecim margaritae sunt per singulas et singulae portae erant ex singulis margaritis et platea civitatis aurum mundum tamquam vitrum perlucidum
22 Go ne go sena tempele epe e e bonalang mo motsing, gonne Morena Modimo Mothatayotlhe le Kwana ke bone tempele ya motse oo.
et templum non vidi in ea Dominus enim Deus omnipotens templum illius est et agnus
23 Mme motse ga o tlhoke letsatsi kgotsa ngwedi go o bonessa gonne kgalalelo ya Modimo le ya ga Kwana di a o bonesa.
et civitas non eget sole neque luna ut luceant in ea nam claritas Dei inluminavit eam et lucerna eius est agnus
24 Lesedi la one le tlaa bonesa dichaba tsa lefatshe, mme babusi ba lefatshe ba tlaa tla ba o leretse kgalalelo.
et ambulabunt gentes per lumen eius et reges terrae adferent gloriam suam et honorem in illam
25 Dikgoro tsa one ga di ke di tswalwa di nna di butswe letsatsi lotlhe, ebile ga go na bosigo!
et portae eius non cludentur per diem nox enim non erit illic
26 Mme kgalalelo le tlotlo ya dichaba tsotlhe di tlaa tlisiwa mo go one.
et adferent gloriam et honorem gentium in illam
27 Ga go na sepe se se bosula se se tlaa letlelelwang mo go one, ke raya le fa e le yo o boitshekologo kgotsa yo o sa ikanyegeng, mme fa e se fela ba maina a bone a kwadilweng mo Lokwalong lwa Botshelo lwa ga Kwana.
nec intrabit in ea aliquid coinquinatum et faciens abominationem et mendacium nisi qui scripti sunt in libro vitae agni

< Tshenolo 21 >