< Tshenolo 20 >

1 Mme ka bona moengele a fologa kwa legodimong a tshotse dilotlole tsa molete o o senang bolekanngo le keetane e e bokete mo letsogong la gagwe. (Abyssos g12)
و دیدم فرشته‌ای را که از آسمان نازل می شود و کلید هاویه را دارد و زنجیری بزرگ بر دست وی است. (Abyssos g12)۱
2 Mme a tshwara kgogela noga ya bogologolo, Satane, a mo golega selekanyo sa dingwaga di le sekete.
و اژدها یعنی مار قدیم را که ابلیس و شیطان می‌باشد، گرفتار کرده، او راتا مدت هزار سال در بند نهاد.۲
3 Mme a mo latlhela mo moleteng o o senang bolekanngo, o jaanong a neng a o tswala a bo a o lotlela, gore e se ka ya tlhola e tsietsa dichaba gape go fitlhelela dingwaga tse di sekete di fela. Morago ga moo e tlaa gololwa gape ka lobakanyana. (Abyssos g12)
و او را به هاویه انداخت و در را بر او بسته، مهر کرد تا امت‌ها رادیگر گمراه نکند تا مدت هزار سال به انجام رسد؛ و بعد از آن می‌باید اندکی خلاصی یابد. (Abyssos g12)۳
4 Mme ka bona ditilo tsa bogosi, mme ba ba neng ba ntse mo go tsone e ne e le ba ba neng ba neetswe taolo ya go atlhola. Mme ka bona mewa ya ba ba neng ba kgaotswe ditlhogo ka ntlha ya go supa ka Jesu, le go bolela Lefoko la Modimo, le ba ba neng ba se ka ba obamela sebatana le setshwantsho sa sone sa leje, kgotsa go amogela lotshwao lwa sone mo diphatleng tsa bone kgotsa mo diatleng. Ba ne ba rudile mme jaanong ba busa le Keresete selekanyo sa dingwaga di le sekete.
و تختها دیدم و بر آنها نشستند و به ایشان حکومت داده شد و دیدم نفوس آنانی را که بجهت شهادت عیسی و کلام خدا سر بریده شدند و آنانی را که وحش و صورتش را پرستش نکردند و نشان او را بر پیشانی و دست خود نپذیرفتند که زنده شدند و با مسیح هزار سال سلطنت کردند.۴
5 E ke tsogo ya ntlha ya baswi. (Mme ba ba setseng botlhe ba se ka ba rula go fitlhelela dingwaga tse di sekete di fela).
و سایر مردگان زنده نشدند تاهزار سال به اتمام رسید. این است قیامت اول.۵
6 Go sego ebile go boitshepo ba ba nang le kabelo mo tsogong ya ntlha. Gonne mo go bone loso lwa bobedi ga lo na thata, gonne ba tlaa nna baperesiti ba Modimo le ba ga Keresete…
خوشحال و مقدس است کسی‌که از قیامت اول قسمتی دارد. بر اینها موت ثانی تسلط ندارد بلکه کاهنان خدا و مسیح خواهند بود و هزار سال با اوسلطنت خواهند کرد.۶
7 E tlaa re fa dingwaga tse di sekete di fela, Satane o tlaa gololwa mo kgolegelong.
و چون هزار سال به انجام رسد، شیطان اززندان خود خلاصی خواهد یافت۷
8 O tlaa tswa a ya go tsietsa dichaba tsa lefatshe a bo a di phutha, ga mmogo le Gogo le Magogo, go ya ntweng, ebong lesomo le legolo, le le senang palo jaaka motlhaba o o mo lotshitshing.
تا بیرون رودو امت هایی را که در چهار زاویه جهانند، یعنی جوج و ماجوج را گمراه کند و ایشان را بجهت جنگ فراهم آورد که عدد ایشان چون ریگ دریاست.۸
9 Ba tlaa tlhatloga ba kgabaganya kwa godimo ga bophara jwa lefatshe go dikaganyetsa batho ba Modimo le motse o o rategang wa Jerusalema mo ntlheng tsotlhe. Mme molelo wa Modimo o o tswang legodimong o tlaa fologela mo mephatong ya batlhasedi o bo o e laila.
و بر عرصه جهان برآمده، لشکرگاه مقدسین و شهر محبوب را محاصره کردند. پس آتش از جانب خدا از آسمان فرو ریخته، ایشان رابلعید.۹
10 Mme Diabolo yo o ba tsieditseng o tlaa latlhelwa mo lecheng la molelo o o tukang ka sebabole mo sebatana le moporofiti wa tsietso ba leng teng, mme ba tlaa tlhokofadiwa bosigo le motshegare ka bosakhutleng. (aiōn g165, Limnē Pyr g3041 g4442)
و ابلیس که ایشان را گمراه می‌کند، به دریاچه آتش و کبریت انداخته شد، جایی که وحش و نبی کاذب هستند؛ و ایشان تا ابدالابادشبانه‌روز عذاب خواهند کشید. (aiōn g165, Limnē Pyr g3041 g4442)۱۰
11 Mme ka bona setilo sa bogosi se segolo se se sweu le yo o se ntseng, yo lefatshe le legodimo di neng tsa tshaba sefatlhogo sa gagwe, mme tsa tlhoka fa di iphitlhang teng.
و دیدم تختی بزرگ سفید و کسی را بر آن نشسته که از روی وی آسمان و زمین گریخت وبرای آنها جایی یافت نشد.۱۱
12 Mme ka bona baswi, ba bannye le bagolo, ba eme fa pele ga Modimo mme dikwalo tsa bo di butswe, mmogo le Lokwalo lwa Botshelo. Mme baswi ba ne ba atlholwa ka fa dilong tse di neng di kwadilwe dikwalong, mongwe le mongwe ka fa ditirong tse o di dirileng.
و مردگان را خرد وبزرگ دیدم که پیش تخت ایستاده بودند؛ و دفترهارا گشودند. پس دفتری دیگر گشوده شد که دفترحیات‌است و بر مردگان داوری شد، بحسب اعمال ایشان از آنچه در دفترها مکتوب است.۱۲
13 Mme mawatle a ntsha baswi ba ba mo go one; mme lefatshe le bobipo tsa ntsha baswi ba ba neng ba le mo go tsone. Mongwe le mongwe a atlholwa ka fa ditirong tsa gagwe. (Hadēs g86)
و دریا مردگانی را که در آن بودند باز داد؛ و موت و عالم اموات مردگانی را که در آنها بودندباز دادند؛ و هر یکی بحسب اعمالش حکم یافت. (Hadēs g86)۱۳
14 Mme loso le molete tsa latlhelwa mo lecheng la molelo. Se ke loso lwa bobedi, ebong lecha la molelo. (Hadēs g86, Limnē Pyr g3041 g4442)
و موت و عالم اموات به دریاچه آتش انداخته شد. این است موت ثانی، یعنی دریاچه آتش. (Hadēs g86, Limnē Pyr g3041 g4442)۱۴
15 Mme fa leina la mongwe le ne le sa fitlhelwe le kwadilwe mo Lokwalong lwa Botshelo, o ne a latlhelwa mo lecheng la molelo. (Limnē Pyr g3041 g4442)
و هر‌که در دفتر حیات مکتوب یافت نشد، به دریاچه آتش افکنده گردید. (Limnē Pyr g3041 g4442)۱۵

< Tshenolo 20 >