< Tshenolo 20 >
1 Mme ka bona moengele a fologa kwa legodimong a tshotse dilotlole tsa molete o o senang bolekanngo le keetane e e bokete mo letsogong la gagwe. (Abyssos )
我また一人の御使の底なき所の鍵と大なる鎖とを手に持ちて、天より降るを見たり。 (Abyssos )
2 Mme a tshwara kgogela noga ya bogologolo, Satane, a mo golega selekanyo sa dingwaga di le sekete.
彼は龍、すなわち惡魔たりサタンたる古き蛇を捕へて、之を千年のあひだ繋ぎおき、
3 Mme a mo latlhela mo moleteng o o senang bolekanngo, o jaanong a neng a o tswala a bo a o lotlela, gore e se ka ya tlhola e tsietsa dichaba gape go fitlhelela dingwaga tse di sekete di fela. Morago ga moo e tlaa gololwa gape ka lobakanyana. (Abyssos )
底なき所に投げ入れ閉ぢ込めて、その上に封印し、千年の終るまでは諸國の民を惑すことなからしむ。その後、暫時のあひだ解放さるべし。 (Abyssos )
4 Mme ka bona ditilo tsa bogosi, mme ba ba neng ba ntse mo go tsone e ne e le ba ba neng ba neetswe taolo ya go atlhola. Mme ka bona mewa ya ba ba neng ba kgaotswe ditlhogo ka ntlha ya go supa ka Jesu, le go bolela Lefoko la Modimo, le ba ba neng ba se ka ba obamela sebatana le setshwantsho sa sone sa leje, kgotsa go amogela lotshwao lwa sone mo diphatleng tsa bone kgotsa mo diatleng. Ba ne ba rudile mme jaanong ba busa le Keresete selekanyo sa dingwaga di le sekete.
我また多くの座位を見しに、之に座する者あり、審判する權威を與へられたり。我またイエスの證および神の御言のために馘られし者の靈魂、また獸をもその像をも拜せず、己が額あるいは手にその徽章を受けざりし者どもを見たり。彼らは生きかへりて千年の間キリストと共に王となれり。
5 E ke tsogo ya ntlha ya baswi. (Mme ba ba setseng botlhe ba se ka ba rula go fitlhelela dingwaga tse di sekete di fela).
(その他の死人は千年の終るまで生きかへらざりき)これは第一の復活なり。
6 Go sego ebile go boitshepo ba ba nang le kabelo mo tsogong ya ntlha. Gonne mo go bone loso lwa bobedi ga lo na thata, gonne ba tlaa nna baperesiti ba Modimo le ba ga Keresete…
幸福なるかな、聖なるかな、第一の復活に干る人。この人々に對して第二の死は權威を有たず、彼らは神とキリストとの祭司となり、キリストと共に千年のあひだ王たるべし。
7 E tlaa re fa dingwaga tse di sekete di fela, Satane o tlaa gololwa mo kgolegelong.
千年 終りて後サタンは其の檻より解放たれ、
8 O tlaa tswa a ya go tsietsa dichaba tsa lefatshe a bo a di phutha, ga mmogo le Gogo le Magogo, go ya ntweng, ebong lesomo le legolo, le le senang palo jaaka motlhaba o o mo lotshitshing.
出でて地の四方の國の民、ゴグとマゴグとを惑し戰鬪のために之を集めん、その數は海の砂のごとし。
9 Ba tlaa tlhatloga ba kgabaganya kwa godimo ga bophara jwa lefatshe go dikaganyetsa batho ba Modimo le motse o o rategang wa Jerusalema mo ntlheng tsotlhe. Mme molelo wa Modimo o o tswang legodimong o tlaa fologela mo mephatong ya batlhasedi o bo o e laila.
かくて彼らは地の全面に上りて、聖徒たちの陣營と愛せられたる都とを圍みしが、天より火くだりて彼 等を燒き盡し、
10 Mme Diabolo yo o ba tsieditseng o tlaa latlhelwa mo lecheng la molelo o o tukang ka sebabole mo sebatana le moporofiti wa tsietso ba leng teng, mme ba tlaa tlhokofadiwa bosigo le motshegare ka bosakhutleng. (aiōn , Limnē Pyr )
彼らを惑したる惡魔は、火と硫黄との池に投げ入れられたり。ここは獸も僞 預言者もまた居る所にして、彼らは世々 限りなく晝も夜も苦しめらるべし。 (aiōn , Limnē Pyr )
11 Mme ka bona setilo sa bogosi se segolo se se sweu le yo o se ntseng, yo lefatshe le legodimo di neng tsa tshaba sefatlhogo sa gagwe, mme tsa tlhoka fa di iphitlhang teng.
我また大なる白き御座および之に座し給ふものを見たり。天も地もその御顏の前を遁れて跡だに見えずなりき。
12 Mme ka bona baswi, ba bannye le bagolo, ba eme fa pele ga Modimo mme dikwalo tsa bo di butswe, mmogo le Lokwalo lwa Botshelo. Mme baswi ba ne ba atlholwa ka fa dilong tse di neng di kwadilwe dikwalong, mongwe le mongwe ka fa ditirong tse o di dirileng.
我また死にたる者の大なるも小なるも御座の前に立てるを見たり。而して數々の書 展かれ、他にまた一つの書ありて展かる、即ち生命の書なり、死人は此 等の書に記されたる所の、その行爲に隨ひて審かれたり。
13 Mme mawatle a ntsha baswi ba ba mo go one; mme lefatshe le bobipo tsa ntsha baswi ba ba neng ba le mo go tsone. Mongwe le mongwe a atlholwa ka fa ditirong tsa gagwe. (Hadēs )
海はその中にある死人を出し、死も陰府もその中にある死人を出したれば、各自その行爲に隨ひて審かれたり。 (Hadēs )
14 Mme loso le molete tsa latlhelwa mo lecheng la molelo. Se ke loso lwa bobedi, ebong lecha la molelo. (Hadēs , Limnē Pyr )
かくて死も陰府も火の池に投げ入れられたり、此の火の池は第二の死なり。 (Hadēs , Limnē Pyr )
15 Mme fa leina la mongwe le ne le sa fitlhelwe le kwadilwe mo Lokwalong lwa Botshelo, o ne a latlhelwa mo lecheng la molelo. (Limnē Pyr )
すべて生命の書に記されぬ者はみな火の池に投げ入れられたり。 (Limnē Pyr )