< Tshenolo 19 >
1 Mme morago ga mo ka utlwa loshalaba lologolo lwa batho mo legodimong ba re, “Halleluja! Go bakwe Morena! Poloko e tswa mo Modimong wa rona. Tlotlo le taolo ke tsa one o le esi;
Post haec audivi quasi vocem turbarum multarum in caelo dicentium: Alleluia: Laus, et gloria, et virtus Deo nostro est:
2 gonne dikatlholo tsa one di siame ebile di boammaaruri. O otlhaile seaka se segolo se se bodisitseng polao ya batlhanka ba one.”
quia vera, et iusta iudicia sunt eius, qui iudicavit de meretrice magna, quae corrupit terram in prostitutione sua, et vindicavit sanguinem servorum suorum de manibus eius.
3 Ba bua gangwe le gape, ba re, “A go bakwe Morena! Mme mosi wa go fisiwa ga gagwe o ne wa tlhatloga ka bosakhutleng!” (aiōn )
Et iterum dixerunt: Alleluia. Et fumus eius ascendit in saecula saeculorum. (aiōn )
4 Mme bagolwane ba ba masome a mabedi le bone le ditshedi tse nne ba wela fa fatshe ba obamela Modimo, o o neng o ntse mo setilong sa bogosi, ba re, “Amen! Halleluja! Go bakwe Morena!”
Et ceciderunt seniores vigintiquattuor, et quattuor animalia, et adoraverunt Deum sedentem super thronum, dicentes: Amen: Alleluia.
5 Mme mo setilong sa bogosi ga tswa lentswe le le reng, “Bakang Modimo wa rona, lona lotlhe batlhanka ba One, bannye le bagolo, ba ba o boifang.”
Et vox de throno exivit, dicens: Laudem dicite Deo nostro omnes servi eius: et qui timetis eum pusilli, et magni.
6 Mme ka utlwa gape se se neng se utlwala jaaka loshalaba lwa batho ba bantsi kgotsa jaaka makhubu a lewatle a le lekgolo a phachegela mo lotshitshing kgotsa jaaka tumo e kgolo ya maru, ba re, “Go bakwe Morena. Gonne Morena Modimo wa rona, Mothatayotlhe, o a busa.
Et audivi quasi vocem turbae magnae, et sicut vocem aquarum multarum, et sicut vocem tonitruorum magnorum, dicentium: Alleluia: quoniam regnavit Dominus Deus noster omnipotens.
7 A re itumeleng re bo re ipele re mo tlotle; gonne lobaka lo fitlhile lwa modiro wa lonyalo lwa Kwana, mme monyadi wa gagwe o ipaakantse.
Gaudeamus, et exultemus: et demus gloriam ei: quia venerunt nuptiae Agni, et uxor eius praeparavit se.
8 O letleletswe go apara matsela a a phepa a masweu a a borethe.” (Letsela le le borethe le raya ditiro tse di molemo tse di dirilweng ke batho ba Modimo).
Et datum est illi ut cooperiat se byssino splendenti, et candido. Byssinum enim iustificationes sunt Sanctorum.
9 Mme moengele a nthaya mafoko a: “Go sego ba ba laleditsweng modiro wa nyalo ya Kwana.” Mme a tlatsa a re, “Modimo ka boone o buile se.”
Et dicit mihi: Scribe: Beati, qui ad coenam nuptiarum Agni vocati sunt: et dicit mihi: Haec verba Dei vera sunt.
10 Mme ka wela fa dinaong tsa gagwe go mo obamela, mme a re, “Nnyaa! o se ka wa nkobamela! Gonne ke motlhanka wa Modimo fela jaaka wena, le jaaka bakaulengwe ba gago ba ntse mo Moreneng, ba ba supang ka tumelo ya bone mo go Jesu. Maikaelelo a seporofeso sotlhe le a gotlhe mo ke go go supegeditseng ke go bolela kaga Jesu.”
Et cecidi ante pedes eius, ut adorarem eum. Et dicit mihi: Vide ne feceris: conservus tuus sum, et fratrum tuorum habentium testimonium Iesu. Deum adora. Testimonium enim Iesu est spiritus prophetiae.
11 Mme ka bona legodimo le bulegile mme pitse e tshweu e eme gone; Mme leina la yo o neng a palame pitse e ne e le “Boikanyego le Boammaaruri”, ene yo o atlholang a bo a dira ntwa ka tshiamo.
Et vidi caelum apertum, et ecce equus albus, et qui sedebat super eum, vocabatur Fidelis, et Verax, et cum iustitia iudicat, et pugnat.
12 Matlho a gagwe a ne a tshwana le dikgabo tsa molelo, mme mo tlhogong ya gagwe ga bo go le dirwalo tse dintsi. Leina le ne le kwadilwe mo phatleng ya gagwe, mme ya bo e le ene fela yo o itseng tlhaloso ya lone.
Oculi autem eius sicut flamma ignis, et in capite eius diademata multa, habens nomen scriptum, quod nemo novit nisi ipse.
13 O ne a apere diaparo tse di innweng mo mading, mme leina la gagwe e ne e le “Lefoko la Modimo.”
Et vestitus erat veste aspersa sanguine: et vocabatur nomen eius, Verbum Dei.
14 Mme dintwa tsa legodimo, di apere letsela le le borethe, le le phepa le le sweu, tsa mo sala morago di palame dipitse tse di tshweu.
Et exercitus qui sunt in caelo, sequebantur eum in equis albis, vestiti byssino albo, et mundo.
15 Mo molomong wa gagwe a bo a tshotse chaka e e bogale go kgemetha dichaba; o ne a di busa ka thobane ya tshipi; mme a gataka segatisetso sa mofine sa bogale jwa Modimo Mothata-yotlhe.
Et de ore eius procedit gladius ex utraque parte acutus: ut in ipso percutiat Gentes. Et ipse reget eas in virga ferrea: et ipse calcat torcular vini furoris irae Dei omnipotentis.
16 Mo kobong ya gagwe le mo seruping ga bo go kwadilwe mokwalo o: “KGOSI YA DIKGOSI LE MORENA WA BARENA.”
Et habet in vestimento, et in foemore suo scriptum: Rex regum, et Dominus dominantium.
17 Mme ka bona moengele a eme mo letsatsing, mme a kua dinonyane ka lentswe le legolo a re, “Tlang! Phuthaganelang selalelo sa Modimo o mogolo!
Et vidi unum Angelum stantem in sole, et clamavit voce magna, dicens omnibus avibus, quae volabant per medium caeli: Venite, et congregamini ad coenam magnam Dei:
18 Tlang lo jeng nama ya dikgosi, le balaodi; le banna ba ba thata; ya dipitse le bapalami; le batho botlhe, ba bannye le bagolo, batlhanka le ba ba golotsweng.”
ut manducetis carnes regum, et carnes tribunorum, et carnes fortium, et carnes equorum, et sedentium in ipsis, et carnes omnium liberorum, et servorum, et pusillorum, et magnorum.
19 Mme ka bona sebatana se se bosula se phuthile mebuso ya lefatshe le masole a yone go tlhabantsha yo o palameng pitse le masole a gagwe.
Et vidi bestiam, et reges terrae, et exercitus eorum congregatos ad faciendum praelium cum illo, qui sedebat in equo, et cum exercitu eius.
20 Mme sebatana se se bosula sa tshwarwa, mmogo le Moporofiti wa tsietso, yo o neng a dira dikgakgamatso tse dikgolo fela fa sebatana se se bosula se ne se le teng, dikgakgamatso tse di tsieditseng botlhe ba ba amogetseng lotshwao lwa sebatana, le ba ba obametseng setshwantsho sa sone sa leje. Ka bobedi jwa bone, Sebatana le Moporofiti wa tsietso, ba ne ba latlhelwa mo lecheng la molelo le le tukang ka sebabole. (Limnē Pyr )
Et apprehensa est bestia, et cum ea pseudopropheta: qui fecit signa coram ipso, quibus seduxit eos, qui acceperunt characterem bestiae, et qui adoraverunt imaginem eius. Vivi missi sunt hi duo in stagnum ignis ardentis sulphure: (Limnē Pyr )
21 Mme mophato otlhe wa masole wa bolawa ka chaka e e bogale e e neng e le mo molomong wa yo o palameng pitse e tshweu, le dinonyane tsotlhe tsa loapi tsa kgora nama ya bone.
Et ceteri occisi sunt in gladio sedentis super equum, qui procedit de ore ipsius: et omnes aves saturatae sunt carnibus eorum.