< Tshenolo 17 >

1 Mme mongwe wa baengele ba ba su pang ba ba neng ba tshololetse dipetso mo lefatsheng a tla a bua le nna. A re, “Ntshala morago, ke tlaa go supegetsa se se tlaa diragalelang seaka se se tumileng; se se ntseng mo godimo ga metse a mantsi a lefatshe.
Et venit unus de septem Angelis, qui habebant septem phialas, et locutus est mecum, dicens: Veni ostendam tibi damnationem meretricis magnae, quae sedet super aquas multas,
2 Dikgosi tsa lefatshe di ne tsa akafala naso, le batho ba tagisitswe ke mofine wa boaka jwa sone.”
cum qua fornicati sunt reges terrae, et inebriati sunt qui inhabitant terram de vino prostitutionis eius.
3 Jalo moengele a ntsaya ke le mo moweng a nkisa kwa sekakeng. Teng koo ka bona mosadi a palame sebatana se se hibidu se se neng se na le ditlhogo di supa le dinaka di le lesome, se kwadilwe matlhapa gongwe le gongwe ka mafoko a a tlhapatsang Modimo.
Et abstulit me in spiritu in desertum. Et vidi mulierem sedentem super bestiam coccineam, plenam nominibus blasphemiae, habentem capita septem, et cornua decem.
4 Mosadi yo o ne a apere diaparo tse di borokwa le bohibidu le manyena a mantle a a dirilweng ka gauta le majana a botlhokwa le ditalama, mme a bo a tshotse phafana ya gauta e tletse tse di makgapha, ebong dilo tse di maswe tsa kgokafalo ya gagwe.
Et mulier erat circumdata purpura, et coccino, et inaurata auro, et lapide pretioso, et margaritis, habens poculum aureum in manu sua, plenum abominatione, et immunditia fornicationis eius:
5 Mme ga bo go kwadilwe mo phatleng ya gagwe sesupo se se gakgamatsang se re, “Babelone yo Mogolo, Mmadiaka le wa Kobamelo ya Disetwa, gongwe le gongwe mo tikologong ya Lefatshe.”
Et in fronte eius nomen scriptum: Mysterium: Babylon magna, mater fornicationum, et abominationum terrae.
6 Ke ne ka bona gore o ne a tlhapetswe, a tlhapetswe ke madi a baswela tumelo ba ga Jesu ba a ba bolaileng. Ka mo tlhoma matlho ke tshogile thata.
Et vidi mulierem ebriam de sanguine sanctorum, et de sanguine martyrum Iesu. Et miratus sum cum vidissem illam admiratione magna.
7 Mme moengele a botsa a re, “Ke eng fa o gakgametse jaana? Ke tlaa go bolelela gore mosadi yoo ke mang le gore sebatana se o se palamang se raya eng.
Et dixit mihi Angelus: Quare miraris? Ego dicam tibi sacramentum mulieris, et bestiae, quae portat eam, quae habet capita septem, et cornua decem.
8 Sebatana se se ne se tshela mme jaanong ga se tlhole se tshela. Le fa go ntse jalo se tlaa tloga se tswa mo moleting o o senang bolekanngo se ya kwa tatlhegong ya bosakhutleng; mme batho ba lefatshe, ba maina a bone a sa kwalwang mo Lokwalong lwa Botshelo pele ga tshimologo ya lefatshe, ba tlaa akabadiwa ke go tla ga sone, morago ga se sena go swa. (Abyssos g12)
Bestia, quam vidisti, fuit, et non est, et ascensura est de abysso, et in interitum ibit: et mirabuntur inhabitantes terram (quorum non sunt scripta nomina in Libro vitae a constitutione mundi) videntes bestiam, quae erat, et non est. (Abyssos g12)
9 “Mme jaanong akanya thata: ditlhogo tsa sone tse supa di emetse motse mongwe o o agilweng mo dithabeng di supa kwa mosadi yo o nnang teng.
Et hic est sensus, qui habet sapientiam. Septem capita: septem montes sunt, super quos mulier sedet, et reges septem sunt.
10 Gape di emetse dikgosi di supa. Tse tlhano di setse di ole, jaanong go busa ya borataro, mme ya bosupa e e tla, mme puso ya yone e tlaa nna ka lobakanyana.
Quinque ceciderunt, unus est, et alius nondum venit: et cum venerit, oportet illum breve tempus manere.
11 Sebatana se sehibidu se se suleng, ke kgosi ya boferabobedi, e e kileng ya busa pele e le nngwe ya tse di supang; morago ga puso ya sone ya bobedi, le sone se tlaa ya tatlhegong.
Et bestia, quae erat, et non est: et ipsa octava est: et de septem est, et in interitum vadit.
12 Dinaka tsa sone tse some ke dikgosi tse some tse di iseng di amogele bogosi; di tlaa bewa mo bogosing jwa tsone ka lobaka lo lo khutshwane, go busa le sone sebatana.
Et decem cornua, quae vidisti, decem reges sunt: qui regnum nondum acceperunt, sed potestatem tamquam reges una hora accipient post bestiam.
13 Tsotlhe di tlaa kwala tumalano ya go neela sebatana nonofo ya tsone le taolo.
Hi unum consilium habent, et virtutem, et potestatem suam bestiae tradent.
14 Tsotlhe di tlaa tlhabantsha Kwana, mme e tlaa di fenya, gonne ke Morena wa barena botlhe, le Kgosi ya dikgosi, mme batho ba gagwe ke ba ba biditsweng, ba ba tlhophilweng, e bile ke ba ba ikanyegang.
Hi cum Agno pugnabunt, et Agnus vincet illos: quoniam Dominus dominorum est, et Rex regum, et qui cum illo sunt, vocati, et electi, et fideles.
15 “Mawatle, macha le melapo e mosadi o ntseng mo go yone e emetse boidiidi jwa batho jwa merafe yotlhe.
Et dixit mihi: Aquae, quas vidisti ubi meretrix sedet, populi sunt, et Gentes, et linguae.
16 “Mme sebatana se se hibidu le dinaka tsa sone tse some, tse di emetseng dikgosi tse some tse di tlaa busang naso, tsotlhe di tlaa ila mosadi, mme di tlaa mo tlhasela di mo tlogele a sa ikatega a bo a fisiwe ka molelo.
Et decem cornua, quae vidisti in bestia: hi odient fornicariam, et desolatam facient illam, et nudam, et carnes eius manducabunt, et ipsam igne concremabunt.
17 Gonne Modimo o tlaa tsenya mo ditlhaloganyong tsa bone, leano le le tlaa tsweledisang maikaelelo a one: ba tlaa dumalana ka bongwe jwa pelo go naya sebatana se sehibidu taolo, gore mafoko a Modimo a tle a diragadiwe.
Deus enim dedit in corda eorum ut faciant quod placitum est illi: ut dent regnum suum bestiae donec consummentur verba Dei.
18 Mosadi yo o mmonyeng mo ponatshegelong ya gago o emetse motse o mogolo o o busang dikgosi tsa lefatshe.”
Et mulier, quam vidisti, est civitas magna, quae habet regnum super reges terrae.

< Tshenolo 17 >