< Tshenolo 16 >

1 Mme ka utlwa lentswe le legolo le tlhaeletsa baengele ba supa le tswa mo tempeleng le re, “Jaanong tsamayang lo tshololele megotswana e supa ya bogale jwa Modimo mo lefatsheng.”
et audivi vocem magnam de templo dicentem septem angelis ite et effundite septem fialas irae Dei in terram
2 Jalo moengele wa ntlha a tsamaya a tshololela mogotswana wa gagwe mo lefatsheng mme dintho tse di maswe tsa tswa mongwe le mongwe yo o neng a na le lotshwao lwa sebatana e bile a obamela setshwantsho sa sone sa leje.
et abiit primus et effudit fialam suam in terram et factum est vulnus saevum ac pessimum in homines qui habent caracterem bestiae et eos qui adoraverunt imaginem eius
3 Moengele wa bobedi a tshololela mogotswana wa gagwe mo mawatleng, mme a nna jaaka madi a a metse a motho yo o suleng; mme sengwe le sengwe mo mawatleng otlhe sa a swa.
et secundus effudit fialam suam in mare et factus est sanguis tamquam mortui et omnis anima vivens mortua est in mari
4 Moengele wa boraro a tshololela mogotswana wa gagwe mo dinokeng le mo metsweding ya metse mme tsa fetoga madi.
et tertius effudit fialam suam super flumina et super fontes aquarum et factus est sanguis
5 Mme ka utlwa moengele yo wa metse a re, “O siame ka go lere katlholo e, wena yo o boitshepo, yo o leng teng le yo o neng a le teng,
et audivi angelum aquarum dicentem iustus es qui es et qui eras sanctus quia haec iudicasti
6 gonne baitshepi ba gago le baporofiti ba ne ba bolawa mme madi a bone a tshelwa mo lefatshing; mme mo go ipusolosetseng o tsholotse madi a ba ba neng ba ba bolaile, ke tuelo ya bone e e ba tshwanetseng.”
quia sanguinem sanctorum et prophetarum fuderunt et sanguinem eis dedisti bibere digni sunt
7 Mme utlwa moengele wa sebeso a re, “Ee, Morena Mothatayotlhe, dikotlhao tsa gago di siame e bile di boammaaruri.”
et audivi altare dicens etiam Domine Deus omnipotens vera et iusta iudicia tua
8 Mme moengele wa bone a tshololela mogotswana wa gagwe mo letsatsing, a dira gore le fise batho botlhe ka molelo wa lone.
et quartus effudit fialam suam in solem et datum est illi aestu adficere homines et igni
9 Mongwe le mongwe o ne a fisiwa ke mogote o mogolo, mme ba hutsa leina la Modimo o o neng o rometse dipetso, ba se ka ba fetola megopolo ya bone le maikutlo go o galaletsa.
et aestuaverunt homines aestu magno et blasphemaverunt nomen Dei habentis potestatem super has plagas neque egerunt paenitentiam ut darent illi gloriam
10 Mme moengele wa botlhano a tshololela mogotswana wa gagwe mo setilong sa bogosi sa sebatana se se tswang mo lewatleng, mme bogosi jwa sone jwa fifadiwa. Mme batlhanka ba sone ba itshotlha diteme ka ntlha ya botlhoko,
et quintus effudit fialam suam super sedem bestiae et factum est regnum eius tenebrosum et conmanducaverunt linguas suas prae dolore
11 mme ba hutsa Modimo wa legodimo ka ntlha ya dintho tsa bone le kutlobotlhoko, mme ba gana go ikwatlhaele ditiro tsotlhe tsa bone tse di bosula.
et blasphemaverunt Deum caeli prae doloribus et vulneribus suis et non egerunt paenitentiam ex operibus suis
12 Moengele wa borataro a tshololela mogotswana wa gagwe mo nokeng e kgolo ya Uferatase mme ya kgala gore dikgosi tse di tswang botlhaba-tsatsi le masole a tsone di tle di kgone go kgabaganyetsa kwa bophirima-tsatsi go sena sekgoreletsi sepe.
et sextus effudit fialam suam in flumen illud magnum Eufraten et siccavit aquam eius ut praepararetur via regibus ab ortu solis
13 Mme ka bona mewa e le meraro e e bosula e e itirileng jaaka digwagwa e tswa mo molomong wa Kgogela, Sebatana, le Moporofiti wa sone wa Tsietso.
et vidi de ore draconis et de ore bestiae et de ore pseudoprophetae spiritus tres inmundos in modum ranarum
14 Mme mewa e e maswe e e neng e dira dikgakgamatso, ya buisanya le babusi botlhe ba lefatshe go ba phutha go tlhabana le Morena ka Letsatsi le legolo la Katlholo le le tlang.
sunt enim spiritus daemoniorum facientes signa et procedunt ad reges totius terrae congregare illos in proelium ad diem magnum Dei omnipotentis
15 “Bona, Ke tlaa tla ka tshoganetso jaaka legodu! Go sego botlhe ba ba ntetetseng, ba ba bolokang dikobo tsa bone di siame gore ba seka ba tlhokana le go tsamaya ba sa ikatega le go tlhabisiwa ditlhong.”
ecce venio sicut fur beatus qui vigilat et custodit vestimenta sua ne nudus ambulet et videant turpitudinem eius
16 Mme ba phuthela mephato yotlhe ya ntwa ya lefatshe gaufi le felo fa go bidiwang, Amaketone ka Sehebera, ebong Thaba ya Megita.
et congregavit illos in locum qui vocatur hebraice Hermagedon
17 Mme moengele wa bosupa a tshololela mogotswana wa gagwe mo phefong; mme lentswe le le nonofileng la tswa mo setilong sa bogosi sa tempele mo legodimong la re, “Go fedile!”
et septimus effudit fialam suam in aerem et exivit vox magna de templo a throno dicens factum est
18 Mme ga nna tumo e kgolo ya maru logadima lwa phatshima; mme ga nna le thoromo e kgolo ya lefatshe e e iseng e ke e nne teng mo tlholegong ya setho.
et facta sunt fulgora et voces et tonitrua et terraemotus factus est magnus qualis numquam fuit ex quo homines fuerunt super terram talis terraemotus sic magnus
19 Motse o mogolo wa “Babelone” wa kgaogana dikarolo di le tharo, le metse mo tikologong ya lefatshe ya gosomana ya fetoga matlotla; jalo Modimo wa gakologelwa boleo jotlhe jwa “Babelone,” mme a otlhaiwa go fitlhelela kwa lerothoding la bofelo la bogale jo bo mo senwelong sa mofine sa bogale jwa one jo bo tshabegang.
et facta est civitas magna in tres partes et civitates gentium ceciderunt et Babylon magna venit in memoriam ante Deum dare ei calicem vini indignationis irae eius
20 Ditlhaketlhake tsa nyelela, le dithaba tsa kokobela,
et omnis insula fugit et montes non sunt inventi
21 mme ga wa sefako se segolo kwa legodimong; maje a sone a le bokete jwa diponto di le lekgolo a wa kwa legodimong a wela batho mo lefatsheng, mme ba hutsa Modimo ka ntlha ya sefako se se boitshegang seo.
et grando magna sicut talentum descendit de caelo in homines et blasphemaverunt homines Deum propter plagam grandinis quoniam magna facta est vehementer

< Tshenolo 16 >