< Tshenolo 15 >

1 Mme mo legodimong ka bona sesupo se se boitshegang sa dilo tse di tlaa tlogang di tla; baengele ba supa ba ne ba abelwa go tlisa dipetso tsa bofelo di supa mo lefatsheng, mme kwa bofelong bogale jwa Modimo bo tlaa fela.
Then I saw another great and marvelous sign in heaven: seven angels with the seven final plagues, with which the wrath of God is completed.
2 Mme fa pele ga me ga bo go phatlaladitswe sengwe ekete lewatle la molelo le galase, mme mo go lone ga bo go eme botlhe ba ba neng ba fentse sebatana se se bosula le setshwantsho le lotshwao le palo ya sone. Botlhe ba ne ba tshotse diharepa tsa Modimo,
And I saw something like a sea of glass mixed with fire, beside which stood those who had conquered the beast and its image and the number of its name. They were holding harps from God,
3 mme ba ne ba opela sefela sa ga Moshe, motlhanka wa Modimo le sefela sa Kwana ba re: “Ditiro tsa gago di dikgolo di a gakgamatsa, Morena Modimo Mothatayotlhe, Ditsela tsa gago di siame ebile di boammaaruri, Wena Kgosi ya dingwaga-ngwaga.
and they sang the song of God’s servant Moses and of the Lamb: “Great and wonderful are Your works, O Lord God Almighty! Just and true are Your ways, O King of the nations!
4 Ke mang yo o se kitlang a boifa, Morena. A bo a galaletsa leina la gago? Gonne ke wena fela yo o boitshepo. Mme dichaba tsotlhe di tlaa tla di go obamela, Gonne tshiamo ya ditiro tsa gago e senotswe.”
Who will not fear You, O Lord, and glorify Your name? For You alone are holy. All nations will come and worship before You, for Your righteous acts have been revealed.”
5 Mme ka leba mme ka bona gore Boitshepo jwa Maitshepo jwa Tempele mo legodimong bo butswe.
After this I looked, and the temple—the tabernacle of the Testimony—was opened in heaven.
6 Baengele ba supa ba ba neng ba abetswe tiro ya go tsholola dipetso di supa; ba tswa mo tempeleng, ba apere matsela a masweu, le meitlamo ya gauta go kgabaganya dihuba tsa bone.
And out of the temple came the seven angels with the seven plagues, dressed in clean and bright linen and girded with golden sashes around their chests.
7 Mme sengwe sa ditshedi tse nne sa naya mongwe le mongwe wa bone lebotlolo la gauta le tletse bogale jo bo maswe jwa Modimo o o tshelang ka bosakhutleng. (aiōn g165)
Then one of the four living creatures gave the seven angels seven golden bowls full of the wrath of God, who lives forever and ever. (aiōn g165)
8 Tempele ya tlala mosi o o tswang mo kgalalelong ya Modimo le mo thateng ya one; mme ga bo go se ope yo o nonofileng go ka tsena go fitlhelela baengele ba supa ba sena go fetsa go tsholola dipetso di supa.
And the temple was filled with smoke from the glory of God and from His power; and no one could enter the temple until the seven plagues of the seven angels were completed.

< Tshenolo 15 >