< Tshenolo 14 >

1 Mme ka bona Kwana a eme mo Thabeng ya Sione mo Jerusalema, mme a bo a na le batho ba le dikete di le lekgolo le masome a mane le bone ba ba neng ba na le leina la gagwe le leina la ga Rraagwe le kwadilwe mo diphatleng tsa bone.
et vidi et ecce agnus stabat supra montem Sion et cum illo centum quadraginta quattuor milia habentes nomen eius et nomen Patris eius scriptum in frontibus suis
2 Mme ka utlwa lentswe le tswa kwa legodimong ekete mosumo wa metse a magolo kgotsa tumo e kgolo ya maru. E ne e le moopelo wa batho ba letsa diharepa.
et audivi vocem de caelo tamquam vocem aquarum multarum et tamquam vocem tonitrui magni et vocem quam audivi sicut citharoedorum citharizantium in citharis suis
3 Mme baopedi ba ba ditswerere ba, ba ba neng ba le sekete le masome a mane le bone, ba opela sefela se se monate se sesha fa pele ga setilo sa bogosi sa Modimo le fa pele ga ditshedi tse nne le bagolwane ba ba masome a mabedi le bone; mme go ne go se na ope yo o ka opelang sefela se fa e se ba ba sekete le masome a mane le bone, ba ba neng ba golotswe mo lefatsheng.
et cantabant quasi canticum novum ante sedem et ante quattuor animalia et seniores et nemo poterat discere canticum nisi illa centum quadraginta quattuor milia qui empti sunt de terra
4 Gonne ga ba a leswafadiwa ke sepe mo meweng, ba itshekile jaaka makgarebane, ba sala Kwana morago gongwe le gongwe kwa o ya teng. Ba ne ba rekilwe mo gare ga batho ba ba mo lefatsheng e le ba ba tshwaetsweng Modimo.
hii sunt qui cum mulieribus non sunt coinquinati virgines enim sunt hii qui sequuntur agnum quocumque abierit hii empti sunt ex hominibus primitiae Deo et agno
5 Ga go na maaka a ba ka bewang molato ka one, ga ba na selabe sepe.
et in ore ipsorum non est inventum mendacium sine macula sunt
6 Mme ka bona moengele yo mongwe a fofa mo magodimong a tshotse Mafoko a a Molemo a bosakhutleng go rerela ba ba mo lefatsheng, ebong dichaba tsotlhe, ditso, dipuo le batho. (aiōnios g166)
et vidi alterum angelum volantem per medium caelum habentem evangelium aeternum ut evangelizaret sedentibus super terram et super omnem gentem et tribum et linguam et populum (aiōnios g166)
7 A goela kwa godimo a re, “Boifang Modimo, lo bo lo bake bogolo jwa one. Gonne lobaka lo tsile lo o tlaa nnang moatlhodi ka lone. Obamelang ene yo o dirileng legodimo le lefatshe, lewatle le metswedi yotlhe ya lona.”
dicens magna voce timete Deum et date illi honorem quia venit hora iudicii eius et adorate eum qui fecit caelum et terram et mare et fontes aquarum
8 Mme moengele yo mongwe a mo latela mo legodimong, a re, “Babelone o ole, o ole, ebong motse o mogolo ole, ka ntlha ya gore o tsieditse dichaba tsa lefatshe a di raya a re di tlhakanele mofine wa gagwe wa boitshekologo le boleo.”
et alius angelus secutus est dicens cecidit cecidit Babylon illa magna quae a vino irae fornicationis suae potionavit omnes gentes
9 Mme moengele wa boraro a ba latela a goa a re, “Mongwe le mongwe yo o obamelang sebatana se se tswang mo lewatleng le setshwantsho sa sone sa leje a bo a amogela lotshwao lwa sone mo phatleng kgotsa mo seatleng,
et alius angelus tertius secutus est illos dicens voce magna si quis adoraverit bestiam et imaginem eius et acceperit caracterem in fronte sua aut in manu sua
10 o tshwanetse go nwa mofine wa bogale jwa Modimo o sa timolwa. Mme ba tlaa tlhokofadiwa ka molelo le ka sebabole mo ponong ya baengele ba ba boitshepo le Kwana.
et hic bibet de vino irae Dei qui mixtus est mero in calice irae ipsius et cruciabitur igne et sulphure in conspectu angelorum sanctorum et ante conspectum agni
11 Mosi wa tlhokofatso ya bone o tlhatloga ka bosakhutleng, mme ga ba kitla ba nna le setshwantsho sa sone sa leje, mme gape ba tshwailwe palo ya leina la one. (aiōn g165)
et fumus tormentorum eorum in saecula saeculorum ascendit nec habent requiem die ac nocte qui adoraverunt bestiam et imaginem eius et si quis acceperit caracterem nominis eius (aiōn g165)
12 “A se se kgothatse batho ba Modimo go itshokela teko nngwe le nngwe le pogiso ka bopelotelele, gonne baitshepi ba gagwe ba ba nnang ba nitame go ya kwa bofelong ba reetsa ditaolo tsa gagwe ebile ba ikanya Jesu.”
hic patientia sanctorum est qui custodiunt mandata Dei et fidem Iesu
13 Mme ka utlwa lentswe le tswa mo magodimong le re, “Kwala se: kwa bofelong lobaka lo fitlhile lwa gore baswela-tumelo ba tsene mo tuelong ya bone e e tletseng. Ee, go bua Mowa wa re, ba sego thata, gonne jaanong ba tlaa ikhutsa mo matsapeng a bone le diteko, gonne ditiro tsa bone tse di molemo di ba sala morago go ya legodimong!”
et audivi vocem de caelo dicentem scribe beati mortui qui in Domino moriuntur amodo iam dicit Spiritus ut requiescant a laboribus suis opera enim illorum sequuntur illos
14 Mme ponatshego ya fetoga mme ka bona leru le lesweu, le mongwe a ntse mo go lone yo o neng a tshwana le Jesu, yo o neng a bidiwa “Morwa Motho,” a rwele serwalo sa gauta mo tlhogong ya gagwe le thipa e e bogale mo seatleng sa gagwe.
et vidi et ecce nubem candidam et supra nubem sedentem similem Filio hominis habentem in capite suo coronam auream et in manu sua falcem acutam
15 Mme moengele a tswa mo tempeleng mme a mo tlhaeletsa, a re, “Simolola go dirisa thipa, gonne lobaka lo go tletse gore o robe; thobo e budule mo lefatsheng.”
et alter angelus exivit de templo clamans voce magna ad sedentem super nubem mitte falcem tuam et mete quia venit hora ut metatur quoniam aruit messis terrae
16 Hong ene yo o ntseng mo lerung a akgisa thipa ya gagwe mo godimo ga lefatshe, mme thobo ya kokoanngwa.
et misit qui sedebat supra nubem falcem suam in terram et messa est terra
17 Morago ga moo moengele yo mongwe a tswa mo tempeleng e e kwa legodimong, le ene a bo a tshotse thipa e e bogale.
et alius angelus exivit de templo quod est in caelo habens et ipse falcem acutam
18 Gone fela foo moengele yo o nang le nonofo ya go nyeletsa lefatshe ka molelo, a tlhaeletsa moengele yo o neng a tshotse thipa a re, “Dirisa thipa jaanong go kgaola masitlha a mofine wa lefatshe, gonne a budule sentle go sekisiwa.”
et alius angelus de altari qui habet potestatem supra ignem et clamavit voce magna qui habebat falcem acutam dicens mitte falcem tuam acutam et vindemia botros vineae terrae quoniam maturae sunt uvae eius
19 Jalo moengele a akgisa thipa ya gagwe mo godimo ga lefatshe mme a olela masitlha a mofine mo segatelong se segolo sa bogale jwa Modimo.
et misit angelus falcem suam in terram et vindemiavit vineam terrae et misit in lacum irae Dei magnum
20 Mme masitlha a mofine a gatakwa mo segatelong kwa ntle ga motse, mme madi a elela mo molatswaneng o o boleele jwa dimmaele di le makgolo a mabedi ebile o le kwa godimo jaaka ditomo tsa pitse.
et calcatus est lacus extra civitatem et exivit sanguis de lacu usque ad frenos equorum per stadia mille sescenta

< Tshenolo 14 >