< Tshenolo 13 >

1 Mme aanong mo ponatshegelong ya me, ka bona sebatana se se sa tlwaelesegang se tlhatloga mo lewatleng. Se ne se na le ditlhogo di supa le dinaka di le some, gape se na le dirwalo di le some mo dinakeng tsa sone. Mme mo tlhogong nngwe le nngwe go kwadilwe maina a tlhapatso, a kgoba ebile a nyenyefatsa Modimo.
Ngasengisima etshebetshebeni lolwandle; ngasengibona isilo sikhuphuka olwandle, silamakhanda ayisikhombisa lempondo ezilitshumi, laphezu kwempondo zaso imiqhele elitshumi, laphezu kwamakhanda aso kulebizo lenhlamba.
2 Sebatana se, se ne se tshwana le lengau mme se na le maroo a a tshwanang le a bera le molomo o tshwana le lengau mme se na le moroo a a tshwanang le a bera le molomo o tshwana le wa tau! Mme kgogela ya se naya nonofo ya yone le setilo sa bogosi le taolo e kgolo.
Lesilo engasibonayo sasinjengengwe, lenyawo zaso zazinjengezebhere, lomlomo waso unjengomlomo wesilwane. Njalo umgobho wasinika amandla awo, lesihlalo sawo sobukhosi, legunya elikhulu.
3 Mme ka bona tlhogo nngwe ya sone ekete e bolaisegile mo e neng ekete ga e kake ya tlhola e fola, mme ntho e e maswe thata eo ya fola! Mme batho ba lefatshe ba gakgamalela kgakgamatso e mme ba sala sebatana se morago ka therego.
Ngasengibona elinye lamakhanda aso kungathi lilimele okokufa; lenxeba laso lokufa selapholiswa; umhlaba wonke wasumangala ngemva kwesilo;
4 Ba obamela kgogela ka go se naya nonofo e e kalo, mme ba obamela sebatana se se sa tlwaelesegang. Ba goa ba re, “Ke kae kwa go nang le mongwe yo mogolo jaaka sone? Ke mang yo o ka kgonang go se tlhabantsha?”
basebewukhonza umgobho owasinika isilo amandla, basebesikhonza isilo, besithi: Ngubani ofanana lesilo? Ngubani ongalwa laso?
5 Mme kgogela ya tlhotlheletsa sebatana go tlhapatsa Morena; mme ya se naya taolo go laola lefatshe selekanyo sa dikgwedi di le masome a mane le bobedi.
Kwasekunikelwa kuso umlomo wokukhuluma izinto ezinkulu lezinhlamba, kwasekunikelwa kuso amandla okusebenza inyanga ezingamatshumi amane lambili.
6 Ka nako eo yotlhe sa tlhapatsa leina la tempele ya gagwe le botlhe ba ba nnang kwa legodimong.
Sasesivula umlomo waso ukuhlambaza okumelane loNkulunkulu, lokuhlambaza ibizo lakhe, lethabhanekele lakhe, lalabo abahlezi ezulwini.
7 Mme kgogela ya se naya nonofo go tlhabantsha batho ba Modimo le go ba fenya, le go busa dichaba tsotlhe le dipuo mo lefatsheng lothe.
Kwasekunikelwa kuso ukuthi silawule impi labangcwele, lokubanqoba; kwasekunikelwa kuso amandla phezu kwawo wonke umhlobo lolimi lesizwe.
8 Le batho botlhe ba maina a bone a neng a sa kwalwa pele ga tshimologo ya lefatshe mo lokwalong lwa Botshelo lwa Kwana e e tlhabilweng, ba obamela sebatana se se bosula.
Labo bonke abakhileyo emhlabeni bazasikhonza, labo amabizo abo angabhalwanga egwalweni lwempilo lweWundlu elahlatshwayo selokhu kwasekelwa umhlaba.
9 A mongwe yo o nang le ditsebe, a reetse ka kelotlhoko.
Uba umuntu elendlebe, kezwe.
10 Batho ba Modimo ba ba laoletsweng kgolegelo ba tlaa tshwarwa mme ba tsewe; ba ba laoletsweng loso ba tlaa bolawa. Mme lo se ka lwa kgobega marapo, gonne lo ke lobaka lwa go itshoka le go ikanyega.
Uba umuntu ethumba, uya ekuthunjweni; uba umuntu ebulala ngenkemba, yena kumele abulawe ngenkemba. Lapha kulokubekezela lokholo lwabangcwele.
11 Mme ka bona sebatana se sengwe se se sa tlwaelesegang se sone se neng se tswa mo lefatsheng, se na le dinaka tse di potlana di le pedi jaaka tsa Kwana mme se na le lentswe le le boifisang jaaka la kgogela.
Ngasengibona esinye isilo sisenyuka emhlabeni, sasilempondo ezimbili njengewundlu, sasesikhuluma njengomgobho.
12 Se ne sa dirisa nonofo yotlhe ya sebatana se ntho ya sone e e maswe e fodileng, se se neng sa batla gore batho ba lefatshe botlhe ba se obamele.
Njalo sasebenzisa wonke amandla esilo sokuqala phambi kwaso, futhi senza ukuthi umhlaba labakhileyo kuwo bakhonze isilo sokuqala, esinxeba laso lokufa lapholiswa.
13 Mme sa dira dikgakgamatso tse motho ope a neng a se ka ke a di dumela jaaka go folosetsa molelo mo lefatsheng o tswa kwa legodimong, mongwe le mongwe a lebile.
Sasesisenza izibonakaliso ezinkulu, saze senza ukuthi lomlilo wehle uvela ezulwini uze emhlabeni, phambi kwabantu.
14 Ka go dira dikgakgamatso tse, sa tsietsa batho gongwe le gongwe, se ne se dira dikgakgamatso tse fela fa sebatana sa ntlha se le teng go se lebelela. Mme sa laela batho ba lefatshe go dira setshwantsho sa leje se segolo sa sebatana sa ntlha, se se neng se bolaisegile thata, mme sa tloga sa rula.
Sasesiduhisa abakhileyo emhlabeni ngalezozibonakaliso ezanikelwa kuso ukuzenza phambi kwesilo, sisithi kwabakhileyo emhlabeni, kabasenzele umfanekiso isilo ebesilenxeba lenkemba, sasesiphila.
15 Se ne sa letlelelwa go naya setshwano se sa leje mowa le go dira gore se bue! Hong setshwantsho se sa leje sa laela gore mongwe le mongwe yo o ganang go se obamela o tshwanetse go swa!
Sanikwa futhi ukupha umfanekiso wesilo umoya, ukuze umfanekiso wesilo lawo ukhulume, besesisenza ukuthi bonke abangakhonziyo umfanekiso wesilo babulawe.
16 Mme sa pateletsa mongwe le mongwe, bagolo le bannye, bahumi le bahumanegi, magolegwa le ba ba golotsweng, go tshwaiwa ka lotshwao longwe mo letsogong le legolo kgotsa mo phatleng.
Sasesisenza bonke, abancinyane labakhulu, labanothileyo labayanga, labakhululekileyo lezigqili, ukuthi baphiwe uphawu esandleni sabo sokunene, loba emabunzini abo,
17 Mme ga bo go se ope yo o ka bonang tiro kgotsa le fa e le go reka mo marekelong kwa ntle ga gore a bo a na le lotshwao loo, lo e neng e le leina la sebatana kgotsa palo ya leina la sone.
ukuze kungabi khona olakho ukuthenga loba ukuthengisa, ngaphandle kwalowo olophawu, loba ibizo lesilo loba inombolo yebizo laso.
18 Jaanong malepa ke a, a a tlhokang kelotlhoko go rarabololwa. A ba ba kgonang, ba ranole palo e: dipalo tse mo leineng la gagwe di dira makgolo a marataro le masome a marataro le borataro!
Nansi inhlakanipho. Olokuqedisisa kabale inombolo yesilo; ngoba iyinombolo yomuntu, lenombolo yaso ingamakhulu ayisithupha lamatshumi ayisithupha lesithupha.

< Tshenolo 13 >