< Tshenolo 11 >

1 Jaanong ka neelwa thobane e e lekan yang mme ka laelwa go ya go lekanya Tempele ya Modimo, mmogo le ntlo e e mo teng e sebeso se leng mo go yone, le go bala palo ya baobamedi.
또 내게 지팡이 같은 갈대를 주며 말하기를 일어나서 하나님의 성전과 제단과 그 안에서 경배하는 자들을 척량하되
2 Mme ka tewa gatwe, “O se ka wa lekanya ntlo e e kwa ntle, gonne e neetswe dichaba. Ba tlaa gataka motse o o Boitshepo selekanyo sa kgwedi tse di masome mane.
성전 밖 마당은 척량하지 말고 그냥 두라 이것을 이방인에게 주었은즉 저희가 거룩한 성을 마흔 두 달 동안 짓밟으리라
3 Mme ke tlaa neela basupi ba me ba babedi nonofo ya go porofesa selekanyo sa malatsi a le sekete le makgolo a mabedi le masome a marataro ba apere letsela la kgetse.”
내가 나의 두 증인에게 권세를 주리니 저희가 굵은 베옷을 입고 일천 이백 육십 일을 예언하리라
4 Baporofiti ba babedi ba ke ditlhare tse pedi tsa matlhware, le ditlhomo tse pedi tse di emeng fa pele ga Modimo wa lefatshe lotlhe.
이는 이 땅의 주 앞에 섰는 두 감람나무와 두 촛대니
5 Le fa e le mang yo o lekang go di tlhokofatsa o tlaa bolawa ka molelo o o tswang mo maganong a bone.
만일 누구든지 저희를 해하고자 한즉 저희 입에서 불이 나서 그 원수를 소멸할지니 누구든지 해하려 하면 반드시 이와 같이 죽임을 당하리라
6 Ba na le nonofo go tswala magodimo gore pula e se ka ya na mo dingwageng tse tharo le sephatlo tse ba porofesang ka tsone, le go fetola melapo le mawatle madi, le go romela mofuta mongwe le mongwe wa petso mo lefatsheng kgapetsakgapetsa ka fa ba eletsang ka teng.
저희가 권세를 가지고 하늘을 닫아 그 예언을 하는 날 동안 비 오지 못하게 하고 또 권세를 가지고 물을 변하여 피되게 하고 아무 때든지 원하는 대로 여러가지 재앙으로 땅을 치리로다
7 E tlaa re fa ba sena go fetsa dingwaga tse tharo le sephatlo tsa bosupi jwa bone, modipa yo o tswang mo moleteng o o senang bolekanngo o tlaa lwa le bone a ba fenya a bo a ba bolaya; (Abyssos g12)
저희가 그 증거를 마칠 때에 무저갱으로부터 올라오는 짐승이 저희로 더불어 전쟁을 일으켜 저희를 이기고 저희를 죽일 터인즉 (Abyssos g12)
8 mme mo malatsing a mararo le sephatlo mebele ya bone e tlaa bewa mo pepeneneng mo mebileng ya Jerusalema (motse o o bolelwang sentle jaaka “Sodoma” kgotsa “Egepeto”), lefelo tota le Morena wa bone o bapoletsweng mo go lone. Ga go na ope yo o tlaa letlelelwang go ba fitlha, mme batho ba ba tswang mo merafeng e le mentsi ba tlaa phuthega go tla go ba bona.
저희 시체가 큰 성 길에 있으리니 그 성은 영적으로 하면 소돔이라고도 하고 애굽이라고도 하니 곧 저희 주께서 십자가에 못 박히신 곳이니라
9
백성들과 족속과 방언과 나라 중에서 사람들이 그 시체를 사흘 반 동안을 목도하며 무덤에 장사하지 못하게 하리로다
10 Mme go tlaa nna le letsatsi la boikhutso la lefatshe lotlhe, batho gongwe le gongwe le gongwe ba tlaa ipela ba bo ba abalana dimpho, ba dira mediro go itumelela loso lwa baporofiti ba babedi ba ba ba tlhokofaditseng mo go kalo.
이 두 선지자가 땅에 거하는 자들을 괴롭게 한고로 땅에 거하는 자들이 저희의 죽음을 즐거워하고 기뻐하여 서로 예물을 보내리라 하더라
11 Mme morago ga malatsi a le mararo le sephatlo, mowa wa botshelo o o tswang kwa Modimong o tlaa tsena mo go bone mme ba tlaa ema ka dinao! Mme poifo e kgolo e tlaa wela mongwe le mongwe.
삼일 반 후에 하나님께로부터 생기가 저희 속에 들어가매 저희 발로 일어서니 구경하는 자들이 크게 두려워하더라
12 Hong lentswe le legolo le tlaa goa le tswa kwa legodimong le re, “Tlhatlogelang kwano!” Mme ba tlaa tlhatlogela kwa legodimong ba le mo lerung baba ba bone ba ba lebeletse.
하늘로부터 큰 음성이 있어 이리로 올라오라 함을 저희가 듣고 구름을 타고 하늘로 올라가니 저희 원수들도 구경하더라
13 Ka yone oura eo go tlaa nna le thoromo e e maswe ya lefatshe e e digang karolo ya lesome ya motse, e bolaya batho ba le dikete di supa. Mme botlhe ba ba setseng ba tlaa galaletsa Modimo wa legodimo ka poifo.
그 시에 큰 지진이 나서 성 십분의 일이 무너지고 지진에 죽은 사람이 칠천이라 그 남은 자들이 두려워하여 영광을 하늘의 하나님께 돌리더라
14 Tatlhego ya bobedi e fetile, mme ya boraro e latela ka bofefo:
둘째 화는 지나갔으나 보라 세째 화가 속히 이르는도다
15 Gone foo moengele wa bosupa a letsa torompeta ya gagwe, mme ga bo go le mantswe a magolo a goa a tswa kwa legodimong a re, “Bogosi jwa lefatshe leno jaanong ke jwa Morena wa rona, le Keresete wa gagwe; mme o tlaa busa ka metlha le metlha.” (aiōn g165)
일곱째 천사가 나팔을 불매 하늘에 큰 음성들이 나서 가로되 `세상 나라가 우리 주와 그 그리스도의 나라가 되어 그가 세세토록 왕노릇하시리로다' 하니 (aiōn g165)
16 Mme bagolwane ba ba masome a mabedi le bone ba ba ntseng mo ditilong tsa bone tsa Segosi fa pele ga Modimo ba itatlhela fa fatshe ba obama, ba re,
하나님 앞에 자기 보좌에 앉은 이십 사 장로들이 엎드려 얼굴을 대고 하나님께 경배하여
17 “Re a leboga, Morena Modimo Mothatayotlhe, yo o leng teng le yo o neng a le teng, gonne jaanong o tshotse nonofo ya gago e kgolo o simolotse go busa.
가로되 `감사하옵나니 옛적에도 계셨고 시방도 계신 주 하나님 곧 전능하신 이여 친히 큰 권능을 잡으시고 왕노릇하시도다
18 “Dichaba di ne di go galefetse, mme jaanong ke nako ya gago gore o ba galefele. Ke nako ya go atlhola baswi, le go duela batlhanka ba gago, baporofiti le batho ka go tshwana, botlhe ba ba boifang leina la gago, bagolo le bannye, le go nyeletsa ba ba dirileng tshenyo mo lefatsheng”.
이방들이 분노하매 주의 진노가 임하여 죽은 자를 심판하시며 종 선지자들과 성도들과 또 무론대소하고 주의 이름을 경외하는 자들에게 상 주시며 또 땅을 망하게하는 자들을 멸망시키실 때로소이다' 하더라
19 Mme mo legodimong, tempele ya Modimo ya bo e butswe mme letlole la kgolagano ya one la bo le bonala mo teng. Go ne ga nna dikgadima, ga nna loratla lwa tumo ya maru, mme ga nna le matsubutsubu a sefako mme lefatshe la tshikinngwa ke thoromo e kgolo ya lone.
이에 하늘에 있는 하나님의 성전이 열리니 성전 안에 하나님의 언약궤가 보이며 또 번개와 음성들과 뇌성과 지진과 큰 우박이 있더라

< Tshenolo 11 >