< Tshenolo 10 >

1 Hong ka bona moengele yo mongwe yo mogolo a fologa kwa legodimong, a dikaganyeditswe ke leru, mme motshe wa godimo wa bo o le mo tlhogong ya gagwe; sefatlhogo sa gagwe se phatshima jaaka letsatsi le dinao tsa gagwe di gadima jaaka molelo.
Puis, je vis descendre du ciel un autre ange plein de force, qui était enveloppé d'un nuage. Au-dessus de sa tête était l'arc-en-ciel; son visage était comme le soleil, et ses pieds comme des colonnes de feu.
2 Mme a tsholetsa lokwalonyana ka seatla lo menolotswe. A tlhoma lonao lwa gagwe lo logolo mo lewatleng mme lwa molema a lo tlhoma mo lefatsheng,
Il tenait à la main un petit livre ouvert: il posa son pied droit sur la mer, le gauche sur la terre,
3 mme a goa thata, mme go goa ga gagwe go ne go utlwala jaaka go duma ga tau, mme ditumo di supa tsa araba.
et il jeta un grand cri, pareil au rugissement d'un lion; quand il eut jeté ce cri, les sept tonnerres firent entendre leurs voix.
4 Ke ne ke tloga ke kwala se ditumo tsa maru di neng di se raya fa lentswe le le neng le tswa legodimong le mpitsa le re, “O se ka wa dira jalo. Mafoko a tsone ga a tshwanela go senolwa.”
Quand les sept tonnerres eurent fait entendre leurs voix, j'allais écrire, mais j'entendis une voix venant du ciel, qui disait: Tiens secrètes les choses que les sept tonnerres ont dites, et ne les écris point.
5 Hong moengele yo mogolo yo o emeng mo lewatleng le mo lefatsheng a tsholeletsa letsogo la gagwe le legolo kwa legodimong,
Alors l'ange, que j'avais vu debout sur la mer et sur la terre, leva sa main droite vers le ciel
6 mme a ikana ka ene yo o tshelang ka bosakhutleng, yo o dirileng legodimo le sengwe le sengwe se se mo go lone le lefatshe le tsotlhe tse di leng mo go lone le lewatle le tse di nnang mo go lone, gore go se ka ga nna le tiego epe, (aiōn g165)
et il jura — par Celui qui vit aux siècles des siècles, qui a créé le ciel et les choses qui y sont, la terre et tout ce qu'elle renferme, la mer et les choses qui s'y trouvent, — qu'il n'y aurait plus aucun délai; (aiōn g165)
7 mme e tlaa re moengele wa bosupa a letsa torompeta ya gagwe, hong leano la Modimo le le sa leng le siregile ka dingwaga-ngwaga go simologa ka nako e le neng le bolelwa ke batlhanka ba one ebong baporofiti, le tlaa diragadiwa.
mais qu'aux jours où le septième ange ferait entendre sa voix et sonnerait de la trompette, le mystère de Dieu s'accomplirait, comme il l'avait annoncé à ses serviteurs, les prophètes.
8 Hong lentswe le le tswang legodimong la bua le nna gape la re, “Tsamaya o ye go tsaya lokwalo lo lo sa menololwang mo moengeleng yo mogolo yo o emeng mo lewatleng le mo lefatsheng.”
La voix que j'avais entendue venant du ciel, me parla encore et me dit: Va, prends le petit livre ouvert, dans la main de l'ange qui se tient debout sur la mer et sur la terre.
9 Jalo ka mo atamela ka mo kopa go nneela lokwalo. Mme a nthaya a re, “Ee,” lo je, “lwa ntlha lo tlaa utlwala jaaka dinotshe, mme fa o lo metsa, lo tlaa dira mpa ya gago bogalaka!”
J'allai donc vers l'ange, et je lui demandai de me donner le petit livre. Il me dit: Prends-le et dévore-le! Il sera amer à tes entrailles; mais dans ta bouche il sera doux comme du miel.
10 Jalo ka lo tsaya mo letsogong la gagwe ka lo ja! Mme fela jaaka a buile lo ne lwa nna monate mo ganong la me lwa ntshegisa mala fa ke lo metsa.
Je pris le petit livre de la main de l'ange, et je le dévorai. Dans ma bouche il fut doux comme du miel; mais quand je l'eus dévoré, je ressentis de l'amertume dans mes entrailles.
11 Mme a nthaya a re, “O tshwanetse go porofeta thata batho kaga batho ba le bantsi, merafe, le dikgosi.”
Puis on me dit: Il faut que tu prophétises encore au sujet de beaucoup de peuples, de nations, de langues et de rois.

< Tshenolo 10 >