< Bafilipi 4 >
1 Bakaulengwe ba me ba ba rategang, ke a lorata ebile ke tlhwaafaletse go lo bona, gonne lo boitumelo jwa me le tuelo ya ditiro tsa me. Ditsala tse di rategang, nnang boammaruri mo Moreneng.
Itaque fratres mei carissimi, et desideratissimi, gaudium meum, et corona mea: sic state in Domino, carissimi.
2 Mme jaanong ke batla go kopa basadi ba babedi ba ba rategang bao, ebong Eodia le Sentuke. Tswee-tswee, ka thuso ya Morena, se tlholeng lo omana, nnang ditsala gape.
Evodiam rogo, et Syntychen deprecor, idipsum sapere in Domino.
3 Mme ke a go kopa, tsala ya me ya boammaaruri go thusa basadi ba, gonne ba dirile le nna mo go boleleleng bangwe Mafoko a a Molemo, ba dirile le Klement, le botlhe badiri ka nna botlhe ba maina a bone a kwadilweng mo Lokwalong lwa Botshelo.
Etiam rogo et te, germane compar, adjuva illas, quæ mecum laboraverunt in Evangelio cum Clemente, et ceteris adjutoribus meis, quorum nomina sunt in libro vitæ.
4 Nnang lo itumetse mo Moreneng ka metlha yotlhe; ke ipoeletsa gape, ka re itumeleng!
Gaudete in Domino semper: iterum dico gaudete.
5 A mongwe le mongwe a bone gore ga lo bohula gape lo bonolo mo go tsotlhe tse lo di dirang. Gakologelwang gore Morena o e tla ka bonako.
Modestia vestra nota sit omnibus hominibus: Dominus prope est.
6 Lo se ka lwa tshwenyega kaga sepe; mo boemong jwa moo, rapelang kaga sengwe le sengwe. Bolelelang Modimo se lo se tlhokang mme lo se lebale go O lebogela dikarabo tsa one.
Nihil solliciti sitis: sed in omni oratione, et obsecratione, cum gratiarum actione petitiones vestræ innotescant apud Deum.
7 Fa lo dira jalo, lo tlaa itemogela kagiso ya Modimo, e e hakgamatsang thata go feta e mogopolo wa motho o ka e tlhaloganyang. Kagiso ya gagwe e tlaa ritibatsa e bo e lapolosa dipelo tsa lona fa lo ikanya Jesu Keresete.
Et pax Dei, quæ exuperat omnem sensum, custodiat corda vestra, et intelligentias vestras in Christo Jesu.
8 Mme jaanong, bakaulengwe, a e re ke tswala lokwalo lo, ke boelele gape selo se: tiisang megopolo ya lona mo boammaaruring le mo molemong le mo tshiamong. Akanyang kaga dilo tse di itshekileng le tse di ntle mme lo nne mo dilong tse di siameng, tse di molemo mo go ba bangwe. Akanyang kaga tsotlhe tse lo ka galaletsang Modimo ka tsone lo bo lo itumele kaga tsone.
De cetero fratres, quæcumque sunt vera, quæcumque pudica, quæcumque justa, quæcumque sancta, quæcumque amabilia, quæcumque bonæ famæ, siqua virtus, siqua laus disciplinæ, hæc cogitate.
9 Tswelelang lo dire tsotlhe tse lo di ithutileng mo go nna le tse lo bonyeng ke di dira, mme Modimo wa kagiso o tlaa nna le nna.
Quæ et didicistis, et accepistis, et audistis, et vidistis in me, hæc agite: et Deus pacis erit vobiscum.
10 Ke itumela thata jang ebile ke galaletsa Morena jang ka go bo lo nthusa gape. Ke a itse gore ga lo bolo go tlhwaafalela go romela se lo ka se kgonang, mme ka lobakanyana lo ne lo se na ka fa lo ka dirang ka teng.
Gavisus sum autem in Domino vehementer, quoniam tandem aliquando refloruistis pro me sentire, sicut et sentiebatis: occupati autem eratis.
11 E seng ka ntlha ya gore ke kile ka tlhoka, gonne ke itlwaeditse go itumela fa ke na le go le gontsi le go le gonnye.
Non quasi propter penuriam dico: ego enim didici, in quibus sum, sufficiens esse.
12 Ke itse ka fa ke ka tshelang ka teng ke na le sengwe le ke sena sepe. Ke ithutile sephiri sa go kgotsofadiwa mo seemong sengwe le sengwe, le fa e le go kgora kgotsa go tshwarwa ke tlala go huma kgotsa go humanega;
Scio et humiliari, scio et abundare (ubique et in omnibus institutus sum): et satiari, et esurire, et abundare, et penuriam pati.
13 gonne ke ka dira sengwe le sengwe se Modimo o batlang ke se dira ka thuso ya ga Keresete yo o nnayang thata le nonofo.
Omnia possum in eo qui me confortat.
14 Mme le fa go ntse jalo, lo dirile sentle ka go nthusa mo mathateng a me.
Verumtamen bene fecistis, communicantes tribulationi meæ.
15 Jaaka lo itse sentle, erile la ntlha fa ke lo tlisetsa Efangele, ke le mo tseleng ke tswa Masedonia, ke lona fela Bafilipi ba lo neng lwa nna bapati ba me mo go abeng le mo go amogeleng. Ga go na phuthego epe e e dirileng jalo.
Scitis autem et vos Philippenses, quod in principio Evangelii, quando profectus sum a Macedonia, nulla mihi ecclesia communicavit in ratione dati et accepti, nisi vos soli:
16 Le jaaka ke ne ke le kwa Thesalonika lo ne lwa nthomelela thuso gabedi.
quia et Thessalonicam semel et bis in usum mihi misistis.
17 Mme le fa ke itumelela dimpho tsa lona, se se itumedisang thata ke kamogelo e ntle ya tuelo e lo tlaa e bonang ka ntlha ya tshiamo ya lona.
Non quia quæro datum, sed requiro fructum abundantem in ratione vestra.
18 Ka lobaka lo ke na le tsotlhe tse ke di tlhokang, go feta tse ke di tlhokang! Ke na le mo go ntekanyeng ka dimpho tse lo di nthomeletseng ka Epaferodito fa a tla. Ke setlhabelo se se lonko lo monate se se itumedisang Modimo thata.
Habeo autem omnia, et abundo: repletus sum, acceptis ab Epaphrodito quæ misistis odorem suavitatis, hostiam acceptam, placentem Deo.
19 Mme ke ene yo o tlaa lo abelang tsotlhe tse lo di tlhokang mo dikhumong tsa gagwe tse di mo kgalalelong, ka ntlha ya se Keresete a se re diretseng.
Deus autem meus impleat omne desiderium vestrum secundum divitias suas in gloria in Christo Jesu.
20 A kgalalelo e nne go Modimo Rraetsho ka metlha le metlha. Amen. (aiōn )
Deo autem et Patri nostro gloria in sæcula sæculorum. Amen. (aiōn )
21 Ntumedisetseng Bakeresete botlhe koo; bakaulengwe ba ba nang le nna le bone ba a dumedisa.
Salutate omnem sanctum in Christo Jesu.
22 Le Bakeresete botlhe ba ba kwano ba a lo gakologelwa, bogolo jang ba ba dirang mo tlung ya segosi ya ga Kaesara.
Salutant vos, qui mecum sunt, fratres. Salutant vos omnes sancti, maxime autem qui de Cæsaris domo sunt.
23 A tshegofatso ya Morena wa rona Jesu Keresete e nne le mewa ya lona. Ke nna, wa lona ruri, Paulo.
Gratia Domini nostri Jesu Christi cum spiritu vestro. Amen.