< Bafilipi 3 >

1 Mme le fa go ka diregang, ditsala tse di rategang, itumeleng mo Moreneng. Ga nke ke lapisega go lo bolelela se, ebile go lo siametse go se utlwa gangwe le gape.
此外,我們弟兄們! 你們應喜樂於主;給你們寫一樣的事,為我並不煩難,為你們卻是安全。
2 Itlhokomeleng mo bathong ba ba bosula, bao, dintsa tse di diphatsa, ke ba bitsa jalo, ba ba reng lo tshwanetse go rupisiwa gore lo bolokwe.
你們要提防狗,要提防邪惡的丌人,要提防自行怍割的人。
3 Gonne ga se go segwa ga mebele ya rona mo go reirang bana ba Modimo; ke go mo obamela ka mewa ya rona. E ke yone “thupiso” ya boammaaruri. Rona Bakeresete re galalela mo go se Keresete Jesu a se re diretseng ebile re lemoga gore ga re kake ra ithusa go ipoloka.
其實,真受割損的人是我們,因為我們是以天主的聖神實行敬禮,在耶穌基督內自豪,而不信賴外表的人,
4 Legale fa mongwe a ka bo a kile a nna le mabaka a gore o ka ipoloka, e ka bo e le nna. Fa ba bangwe ba ne ba ka bolokwa ke se ba leng sone, tota ke ka bo ke ipolokile.
雖然我對外表也有可信賴的。如果有人以為自己能將信賴放在外表上,那我更可以:
5 Gonne ke rupisitswe mo thupisong ya Sejuta fa ke le malatsi a ferabobedi, ke tsaletswe mo lelapeng la Sejuta tota mo lotsong lwa ga Benjamini. Jalo ke ne ke le Mojuta wa Bajuta tota! Mo gongwe ke eng? ke ne ke le leloko la Bafarasai ba ba neng ba le kutlo mo molaong mongwe le mongwe le ngwao ya Sejuta.
我生第八天受了割損,出於以色列民族,屬於本雅民支派,是由希伯來人所生的希伯來人;就法律說,我是法利賽人;
6 Mme a go boammaruri? Ee, ke ne ke bogisa phuthego thata; mme ke rata go ikobela molao mongwe le mongwe wa Sejuta go fitlhelela kwa bofelong.
就熱忱說,失曾迫害過教會;就法律的正義說,是無瑕可指的。
7 Mme dilo tse tsotlhe tse ke kileng ka gopola gore di siame thata, jaanong ke di latlhile gore ke beye tshepo le tsholofelo ya me mo go Keresete a le esi.
凡以前對我有利益的事,我如今為了基督,都看作是損失。
8 Ee, sengwe le sengwe ga se na mosola fa se tshwantshanngwa le poelo e e senang theko ya go itse Morena wa me Jesu Keresete. Ke beetse tsotlhe fa thoko, ke di bona e se sepe, gore ke tle ke nne le Keresete,
不但如此,而且我將一怍都看作是損失,因為我只以認識我主基督耶穌為至寶;為了祂,我自願損失一切,拿一切當廢物,為賺得基督,
9 ke nne mongwe fela nae, ke sa tlhole ke bona gore ke tshwanetse go bolokwa ka go siama thata kgotsa go obamela melao ya Modimo, fa e se fela ka go ikanya Keresete go mpoloka; gonne tsela ya Modimo ya go re dira gore re nne tshiamo nao e eme mo tumelong, re beile mo go Keresete a le nosi.
為給合於祂,並非籍我因守法律獲得的正義,而是藉由於信仰基督獲得的正義。
10 Mme jaanong ke tlogetse sengwe le sengwe, ke bonye e le yone fela tsela ya go itse Keresete le go lemoga nonofo e kgolo e e mo rudisitseng, le go bona gore go boga le go swa nae go rayang.
我只願認識基督和祂復活的德能,能參與祂的苦難相似祂的死,
11 Gore e tle e re kgotsa ka mokgwa mongwe ke tle ke nne mo botshelong jo bosha jwa ba ba tshedileng mo baswing.
我希望也得到由死者中的復活。
12 Ga ke reye gore ke itekanetse. Ga ke ise ke ithute tsotlhe tse ke tshwanetseng go di ithuta, mme ke lekela pele go fitlhelela letsatsi le ke tlaa bong ke le se Keresete a se mpoloketseng le se o batlang ke nna sone.
這並不是說:我已經達到這目標,或已成為成全的人;我只顧向前跑,看看是否我也能夠奪得,因為基督耶穌已奪得了我。
13 Nnyaa, bakaulengwe ba ba rategang, ga ke ise ke nne gotlhe mo ke tshwanetseng go nna gone, mme ke leka ka natla yotlhe go tlhokomela selo se le sengwe fela se: go lebala tse di kwa morago ke lebelela tse di kwa pele.
弟兄們! 我並不以為我已經奪得,我只顧一件事:即忘盡我背後的,只向我在前面的奔馳,
14 Ke gagamaletse go fitlha kwa bokhutlong jwa lobelo le go amogela sekgele se Modimo o se re biletsang kwa legodimong ka ntlha ya se Jesu Keresete a se re diretseng.
為達到目標,為爭取天主在基督耶穌內召我向上爭奪的獎品。
15 Ke solofela gore lotlhe ba lo leng Bakeresete ba ba godileng mo tumelong lo tlaa nna maikutlo a le mangwe le nna mo mabakeng one a, mme fa re sa dumalane mo ntlheng nngwe ke dumela gore Modimo o tlaa lo e tlhalosetsa sentle,
所以,我們凡是成熟的人,都應懷有這種心情;即使你們另有別種心情,天主也要將這種心情啟示給你們。
16 fa lo ikobela boammaaruri jo lo nang najo.
但是,不拘我們已達到什麼程度,仍應照樣進行。
17 Bakaulengwe ba ba rategang, lo nne baetsi ba me mme lo eleng tlhoko ba ba tshelang ka fa sekaong sa me.
弟兄們! 要一同效法我,也要注意那些按我們的表樣生活行動的人,
18 Gonne ke lo boleletse gantsi, mme ke bua gape jaanong ka dikeledi mo matlhong a me, go na le ba le bantsi ba ba tsamayang mo tseleng ya Sekeresete mme tota e le baba ba mokgoro wa ga Keresete.
因為有許多人,我曾多次對你們說過,如今再含淚對你們說:他們行事為人,是基督十字架的敵人;
19 Bokamoso jwa bone ke tatlhego e e sa khutleng, gonne modimo wa bone ke mpa ya bone: ba ipelafatsa ka se se tshwanetseng go tlhabisa ditlhong; mme se ba akanyang kaga sone fela ke botshelo jwa lefatshe leno.
他們的結局是喪亡,他們的天主是肚腹,以羞辱為光榮,只恩念地上的事。
20 Mme legae la rona le kwa legodimong, kwa Mmoloki wa rona Morena Jesu Keresete a leng teng; mme ebile re lebeletse go boa ga gagwe a tswa teng koo.
至於我們,我們的家鄉原是在天上,我們等待主耶穌基督我們的救主從那裏降來,
21 E tlaa re fa a tla o tlaa tsaya mebele e e swang e ya rona, a e fetolele mo mebeleng e e galalelang jaaka wa gagwe, a dirisa nonofo e le nngwe fela e o tlaa e dirisang go tlhabana le sengwe le sengwe gongwe le gongwe.
祂必要按祂能使一切屈服於自己的大能,改變我們卑賤的身體,相似祂光榮的身體。

< Bafilipi 3 >