< Bafilipi 2 >
1 A go na le sengwe se se tshwanang jaaka Bakeresete ba itumelelana? A lo nthata thata go batla go nthusa? A go raya sengwe mo go lona gore re bakaulengwe mo Moreneng, re tlhakanetse mowa o le mongwe fela? A tota dipelo tsa lona di bonolo le bopelotlhomogi?
그러므로 그리스도 안에 무슨 권면이나 사랑에 무슨 위로나 성령의 무슨 교제나 긍휼이나 자비가 있거든
2 Jalo he, dirang gore ke nne le boitumelo jo bogolo ka go ratana le go dumalana ka dipelo tsotlhe, lo dira mmogo ka pelo e le nngwe fela le mogopolo o le mongwe fela le ka maikaelelo a le mangwe fela.
마음을 같이 하여 같은 사랑을 가지고 뜻을 합하며 한 마음을 품어
3 Lo seka lwa nna pelotshetlha; lo seka lwa dira ditiro tse di molemo gore lo tlotlomadiwe. Ikokobetseng, lo tseye ba bangwe jaaka ekete ba botoka mo go lona.
아무 일에든지 다툼이나 허영으로 하지 말고 오직 겸손한 마음으로 각각 자기보다 남을 낫게 여기고
4 Se akanyeng fela kaga dilo tse e leng tsa lona mme nnang le kgatlhego le mo go ba bangwe, le mo go tse ba di dirang.
각각 자기 일을 돌아볼 뿐더러 또한 각각 다른 사람들의 일을 돌아보아 나의 기쁨을 충만케 하라
5 Maikutlo a lona a tshwanetse go nna a mofuta o re o supegeditsweng ke Jesu Keresete,
너희 안에 이 마음을 품으라! 곧 그리스도 예수의 마음이니
6 yo o rileng le fa e ne e le Modimo, a se ka a batla ditshwanelo tsa gagwe jaaka Modimo.
그는 근본 하나님의 본체시나 하나님과 동등됨을 취할 것으로 여기지 아니하시고
7 Mme a baya fa thoko nonofo ya gagwe e kgolo le kgalalelo, a tsaya setshwano sa motlhanka mme a nna jaaka batho.
오히려 자기를 비어 종의 형체를 가져 사람들과 같이 되었고
8 Mme o ne a ikokobetsa go feta foo, mo e leng gore o ne a bo a swa loso lo lo tshwanang le lwa senokwane mo mokgorong.
사람의 모양으로 나타나셨으매 자기를 낮추시고 죽기까지 복종하셨으니 곧 십자가에 죽으심이라
9 Le fa go ntse jalo e ne e le ka ntlha ya gone mo, mo Modimo o neng wa mo tsholeletsa kwa legodimong mme wa mo naya leina le le fetang maina otlhe,
이러므로 하나님이 그를 지극히 높여 모든 이름 위에 뛰어난 이름을 주사
10 gore ka leina la ga Jesu mangole otlhe a tlaa khubama mo legodimong le mo lefatshing le ka fa tlase ga lefatshe,
하늘에 있는 자들과 땅에 있는 자들과 땅 아래 있는 자들로 모든 무릎을 예수의 이름에 꿇게 하시고
11 diteme tsotlhe di tlaa bolela fa Jesu Keresete e le Morena, go ya kgalalelong ya Modimo Rara.
모든 입으로 예수 그리스도를 주라 시인하여 하나님 아버지께 영광을 돌리게 하셨느니라
12 Ditsala tse di rategang, erile fa ke na le lona koo, le ne lo tlhokomela ka nako tsotlhe go latela ditaolo tsa me. Mme jaanong ka ke seyo lo tshwanetse go tlhokomela thata go dira dilo tse di siameng tse di felelelang mo polokong, lo ikobela Modimo ka tshisimogo e kgolo, lo ikgape mo go tsotlhe tse di ka tlhokang go o itumedisa.
그러므로 나의 사랑하는 자들아 너희가 나 있을 때 뿐 아니라 더욱 지금 나 없을 때에도 항상 복종하여 두렵고 떨림으로 너희 구원을 이루라
13 Gonne Modimo o a dira mo go lona, o lo thusa gore lo rate go o ikobela, ebile o lo thusa go dira se o se ratang.
너희 안에서 행하시는 이는 하나님이시니 자기의 기쁘신 뜻을 위하여 너희로 소원을 두고 행하게 하시나니
14 Mo go sengwe le sengwe se lo se dirang, kgaoganang le go ngongorega le go ganetsanya,
모든 일을 원망과 시비가 없이 하라
15 gore ope a se ka a lo bona molato. Lo tshwanetse go tshela lo le phepa, matshelo a a phepa jaaka bana ba Modimo mo lefatshing le le lefifi le le tletseng batho ba ba kgopo le logwadi. Phatsimang mo go bone lo le masedi a lefatshe,
이는 너희가 흠이 없고 순전하여 어그러지고 거스리는 세대 가운데서 하나님의 흠 없는 자녀로 세상에서 그들 가운데 빛들로 나타내며
16 lo ba tsholetse Lefoko la Botshelo. Mme fa Keresete a boa, ke tlaa itumela jang gore tiro ya me mo go lona e ne e atlegile thata.
생명의 말씀을 밝혀 나의 달음질도 헛되지 아니하고 수고도 헛되지 아니함으로 그리스도의 날에 나로 자랑할 것이 있게 하려 함이라
17 Mme fa madi a me a botshelo, go bua jalo ke raya gore a tshwanetse go tshelwa mo tumelong ya lona e ke e neelang Modimo e le setlhabelo, mo go raya gore fa ke tshwanetse go swa ka ntlha ya lona, le gone ke tlaa nna ke itumela, mme ke tlaa tlhakanela boitumelo jwa me le mongwe le mongwe wa lona.
만일 너희 믿음의 제물과 봉사 위에 내가 나를 관제로 드릴지라도 나는 기뻐하고 너희 무리와 함께 기뻐하리니
18 Gonne lo tshwanetse go itumela le kaga se, mme lo ipeleng le nna ka ntlha ya go nna le tshwanelo ya go lo swela.
이와 같이 너희도 기뻐하고 나와 함께 기뻐하라
19 Fa Modimo o rata, ke tlaa romela Timotheo go ya go lo bona ka bonako. Mme fa a bowa o ka intumedisa ka go mpolelela gotlhe kaga lona le gore lo dira jang;
내가 디모데를 속히 너희에게 보내기를 주 안에서 바람은 너희 사정을 앎으로 안위를 받으려 함이니
20 ga go ope yo o tshwanang le Timotheo yo o nang le kgatlhego e kgolo mo go lona;
이는 뜻을 같이 하여 너희 사정을 진실히 생각할 자가 이 밖에 내게 없음이라
21 mongwe le mongwe o bonala a tshwenyega kaga dilo tse e leng tsa gagwe e seng tsa ga Jesu Keresete.
저희가 다 자기 일을 구하고 그리스도 예수의 일을 구하지 아니하되
22 Mme lo itse Timotheo. O ntse fela jaaka morwaake mo go nthuseng go rera Mafoko a a Molemo.
디모데의 연단을 너희가 아나니 자식이 아비에게 함같이 나와 함께 복음을 위하여 수고하였느니라
23 Ke solofela gore ke tlaa mo romela kwa go lona ka bonako fa ke sena go bona gore ke tsile go diragalelwa ke eng kwano.
그러므로 내가 내 일이 어떻게 될 것을 보아서 곧 이 사람을 보내기를 바라고
24 Ebile ke tshepa Morena gore ka bofefo nna ka sebele ke ka tla go lo bona.
나도 속히 가기를 주 안에서 확신하노라
25 Mme ka lobakanyana ka gopola gore ke tshwanetse go busetsa Epaforodito gape kwa go lona. Lo mo rometse go nthusa mo go tse ke di tlhokang; nna le ene re ntse re le bakaulengwe tota, re dira re bile re le batlhabani mmogo.
그러나 에바브로디도를 너희에게 보내는 것이 필요한 줄로 생각하노니 그는 나의 형제요 함께 수고하고 함께 군사 된 자요 너희 사자로 나의 쓸 것을 돕는 자라
26 Jaanong ke mmusetsa gae gape, gonne o ntse a lo tlhwaafaletse lotlhe ebile a hutsahetse thata ka ntlha ya gore lo utlwile fa a lwala.
그가 너희 무리를 간절히 사모하고 자기 병든 것을 너희가 들은 줄을 알고 심히 근심한지라
27 Mme ka boammaaruri o ne a lwala; tota le gone o batlile go swa. Mme Modimo o ne wa mo tlhomogela pelo mmogo le nna, wa se ka wa letla gore ke nne le bohutsana jo, mo godimo ga dilo tsotlhe.
저가 병들어 죽게 되었으나 하나님이 저를 긍휼히 여기셨고 저 뿐 아니라 또 나를 긍휼히 여기사 내 근심 위에 근심을 면하게 하셨느니라
28 Jalo ke rata thata go mmusetsa gape kwa go lona, gonne ke itse ka fa lo tlaa itumelang ka gone go mmona, mme seo se tlaa intumedisa se bo se fokotsa mahutsana ame.
그러므로 내가 더욱 급히 저를 보낸 것은 너희로 저를 다시 보고 기뻐하게 하며 내 근심도 덜려 함이니
29 Mo amogeleng mo Moreneng ka boitumelo jo bogolo, mme lo supe gore lo itumeletse go tla ga gagwe,
이러므로 너희가 주 안에서 모든 기쁨으로 저를 영접하고 또 이와 같은 자들을 존귀히 여기라
30 gonne o ne a tsenya botshelo jwa gagwe mo diphatseng ka ntlha ya tiro ya ga Keresete mme o batlile go swa fa a santse a leka go ntirela dilo tse lo sa kakeng lwa di dira ka go bo lo ne lo le kgakala le nna.
저가 그리스도의 일을 위하여 죽기에 이르러도 자기 목숨을 돌아보지 아니한 것은 나를 섬기는 너희의 일에 부족함을 채우려 함이니라