< Filimone 1 >

1 Lokwalo lo lo tswang kwa go: Paulo yo ke leng mo kgolegelong ka ntlha ya go rera Mafoko a a Molemo kaga Jesu Keresete le kwa go mokaulengwe Timotheo.
Pál, Krisztus Jézusnak foglya, és Timótheus, az atyafi, Filemonnak, a mi szeretett munkatársunknak,
2 Ke lo kwalela wena: Filimone, modiri ka rona yo o rategang thata, le phuthego e e kopanelang mo tlung ya gago, le Apefia kgaitsadia rona, le Arekipo yo jaaka nna e leng lesole la mokgoro.
És Appiának, a szeretettnek, és Arkhippusnak, a mi bajtársunknak, és a te házadnál való gyülekezetnek:
3 A Modimo Rraa rona le Morena Jesu Keresete a lo neye masego a gagwe le kagiso.
Kegyelem néktek és békesség Istentől, a mi Atyánktól, és az Úr Jézus Krisztustól.
4 Ke leboga Modimo ka malatsi otlhe fa ke lo rapelela, Filimone yo o rategang,
Hálát adok az én Istenemnek mindenkor, emlegetvén téged az én imádságaimban,
5 gonne ke ntse ke utlwalela lorato lwa gago le ka fa o ikanyang Morena Jesu ka teng mmogo le batho ba gagwe.
Mert hallom a te szeretetedet és ama te hitedet, mely van benned az Úr Jézushoz, és minden szentek irányában,
6 Mme ke rapelela gore e re o ntse o abalana tumelo ya gago le ba bangwe le bone e gape matshelo a bone, ka ba bona khumo ya dilo tse di molemo mo go wena tse di tswang kwa go Keresete Jesu.
Hogy a te hitedben való közösség hathatós legyen, a Krisztus ügyében, minden bennetek levő jónak megismerése által.
7 Nna ka sebele ke bonye boitumelo jo bogolo le kgomotso mo loratong lwa gago, mokaulengwe wa me, gonne bopelonomijwa gago ga bo bolo go nna bo nchafatsa dipelo tsa batho ba Modimo.
Mert sok örömünk és vígasztalásunk van a te szeretetedben, hogy a szenteknek szíveik megvídámodtak te általad, atyámfia.
8 Jaanong ke batla go lo lopa gore lo ntirele sengwe. Ke ka se batla mo go lona ka leina la ga Keresete gonne ke selo se se lo siametseng go se dira, mme ke a lo rata ebile ke bona go tlhamaletse gore ke lo kope, nna Paulo, yo ke leng monnamogolo jaanong ke le kwano mo kgolegelong ka ntlha ya ga Jesu Keresete.
Annakokáért jóllehet nagy bátorságom van a Krisztusban, megparancsolni néked azt, a mi illendő,
9
A szeretetért inkább kérlek, ilyen lévén, mint Pál, a megvénhedett, most pedig foglya is a Jézus Krisztusnak;
10 Kopo ya me ke gore lo supe bopelonomi mo go ngwanake Onesimo, yo ke mo gapetseng mo Moreneng fa ke santse ke le mo kgolegelong.
Kérlek téged az én fiamért, a kit fogságomban szűltem, Onésimusért,
11 Onesimo (yo leina la gagwe le rayang “Thuso”) o ne a se botlhokwa thata mo go wena mo lobakeng lo lo fetileng, mme jaanong o tsile go nna botlhokwa mo go rona rotlhe.
A ki egykor tenéked haszontalan volt, most pedig mind néked, mind nékem nagyon hasznos,
12 Ke mo romela gape kwa go wena, mme o tla ka pelo ya me yotlhe.
Kit visszaküldöttem; te pedig őt, azaz az én szívemet, fogadd magadhoz!
13 Mme tota ke ne ke ratile go mo tshegetsa kwano go nna fa ke santse ke le mo dikeetaneng ka ntlha ya go rera Mafoko a a Molemo, mme o ne o tlaa bo o ne o ntse o nthusa ka ene,
Őt én magamnál akartam tartani, hogy te helyetted szolgáljon nékem az evangyéliomért szenvedett fogságomban;
14 mme ke ne ke sa batle go dira jalo ke sa dumalana nao. Ke ne ke sa batle gore o nne pelonomi gonne o ne o tshwanetse go nna jalo mme ke ka gore o ne o batla go nna pelonomi.
De a te megkérdezésed nélkül semmit sem akartam cselekedni, hogy jótéteményed ne kényszerítésből, hanem szabad akaratból való legyen.
15 Gongwe o ne o ka go akanya jaana: gore o siile kwa go wena ka lobakanyana gore jaanong a nne wa gago ka malatsi otlhe, (aiōnios g166)
Mert talán azért vált meg tőled ideig-óráig, hogy őt, mint örökkévalót kapd vissza; (aiōnios g166)
16 e sa tlhole e le motlhanka fela, mme a le mongwe yo o botoka, mokaulengwe yo o rategang, segolo jang mo go nna. Jaanong le wena o tlaa go solegela molemo thata, gonne ga se motlhanka fela mme gape ke mokaulengwe wa gago mo go Keresete.
Nem úgy immár mint szolgát, hanem szolgánál nagyobbat, mint szeretett atyafit, kiváltképen nékem, mennyivel inkább pedig néked, mind testben, mind az Úrban.
17 Fa ke le tsala ya gago tota, mo amogele ka boitumelo jo o neng o ka nkamogela ka jone fa e ne e le nna yo ke tlang.
Azért, ha engem részestársadnak tartasz, úgy fogadd őt magadhoz, mint engemet.
18 Fa a go utlwisitse botlhoko ka tsela nngwe kgotsa a go utsweditse sengwe, se nkatlholele.
Ha pedig valamit vétett ellened, avagy adós, ezt nekem róvd fel.
19 Ke tlaa se busa (nna Paulo ka sebele, ke solofetsa go dira jaana ka go kwala jalo ka seatla se e leng sa me) mme ga ke na go go bolelela gore o nkolota bokae! Boammaaruri ke gore, o nkolota le one mowa wa gago tota!
Én Pál írtam az én kezemmel, én megfizetem: hogy azt ne mondjam néked, hogy te magaddal is adós vagy ezen felül nékem.
20 Ee, mokaulengwe yo o rategang, intumedise ka yone tiro e e rategang e, mme pelo ya me e e lapileng e tlaa galaletsa Morena.
Bizonyára, atyámfia, jótéteményt várnék tőled az Úrban: vídámítsd meg az én szívemet az Úrban!
21 Ke go kwaletse lokwalo lo gonne ke tlhomamisa gore o tlaa dira se ke se kopang, ebile o tlaa se dira go gaisa jaaka ke se batla!
Bízván a te engedelmességedben, így írtam néked, tudván, hogy annál, a mit mondok, többet is fogsz cselekedni.
22 Tswee-tswee mpaakanyetsa ntlo ya baeng, gonne ke solofela gore Modimo o tlaa araba dithapelo tsa lona o baa o ntetla go tla kwa go lona ka bofefo.
Egyúttal pedig készíts nékem szállást; mert reménylem, hogy a ti imádságaitokért néktek ajándékoztatom.
23 Epaferase legolegwa ka nna yo le ene a leng kwano ka ntlha ya go rera Keresete Jesu, o a lo dumedisa.
Köszönt téged Epafrás, az én fogolytársam a Krisztus Jézusban,
24 Mareko, Arisetareko, Demase le Luke, badiri ka nna le bone ba a lo dumedisa.
Továbbá Márk, Aristárkhus, Démás és Lukács, az én munkatársaim.
25 A masego a Morena wa rona Jesu Keresete a nne mo moweng wa lona.
A mi Urunk Jézus Krisztusnak kegyelme legyen a ti lelketekkel!

< Filimone 1 >