< Mathaio 9 >

1 Mme Jesu a palama mokoro a kgabaganya lecha a ya Kaperanama, motse wa ga gabo.
And going on board a boat, he crossed over, and came to his own city.
2 Ka bofefo banna bangwe ba lere kwa go ene mosimane yo o teteselang a le mo phateng. Erile fa Jesu a bona tumelo ya bone a raya mosimane yo o teteselang a re, “Nametsega ngwana, gonne ke go itshwaretse dibe!”
And lo! they brought to him a man that was palsied, lying on a bed. And Jesus, seeing their faith, said to the palsied man, Be of good cheer, son; thy sins are forgiven.
3 Mme bangwe ba baeteledipele ba tumelo ba gowa ba re, “O a tlhapatsa, Monna yo a re ke Modimo!”
And lo! some of the scribes said within themselves, This man is blaspheming.
4 Jesu o ne a itse se ba neng ba se akanya mme a re, “Ke eng fa lo akanya megopolo e e maswe jaana?
And Jesus seeing their thoughts, said, Wherefore have ye evil thoughts in your hearts?
5 A go thata go itshwarela dibe tsa gagwe go na le go mo fodisa?
For which is easier? to say, Thy sins are forgiven? or to say, Arise, and walk?
6 Mme jalo he, go supa gore ke na le thata fano mo lefatshing go itshwarela dibe.” Jalo a retologela kwa mosimaneng yo o teteselang a mo raya a re, “Tsoga o phuthe phate ya gago o ye lwapeng.”
But that ye may know that the Son of Man hath authority on earth to forgive sins, —then he saith to the palsied man, —Arise, take up thy bed, and go to thy house.
7 Mme mosimane a nanoga a tsamaya!
And he arose, and went away to his house.
8 Poifo e kgolo ya wela bontsintsi jwa batho fa ba bona se se diragala fa pele ga matlho a bone. Ba galaletsa Modimo thata ka go naya motho thata e e ntseng jalo.
And when the multitudes saw it, they were struck with fear, and gave glory to God, who had given such power to men.
9 Fa Jesu a tsamaya mo phologelong ya tsela, a bona mokgethisi Mathaio, a ntse fa go kgethisediwang teng, mme Jesu a mo raya a re, “Tla o nne morutwa wa me.”
And as Jesus passed on from thence, he saw a man, named Matthew, sitting at the custom-house; and he saith to him, Follow me. And he arose and followed him.
10 Morago, fa Jesu le barutwa ba gagwe ba a ja dijo kwa tlung ya ga Mathaio, ga bo go le batsietsi ba le bantsi e le balalediwa ba ba itsegeng ka mekgwa e e maswe.
And it came to pass, as he was reclining at table in the house, lo! many publicans and sinners came and reclined with Jesus and his disciples.
11 Mme Bafarasai ba kgotswa ba re, “Ke eng fa moruti wa lona a dirisanya le batho ba ba ntseng jaana.”
And when the Pharisees saw it, they said to his disciples, Why doth your teacher eat with the publicans and sinners?
12 Mme Jesu a ba raya a re, “Ka gore ba ba itekanetseng ga ba tlhoke ngaka, ba ke ba ba e tlhokang!”
But when he heard that, he said, They who are well do not need a physician, but they who are sick.
13 Mme a oketsa a re, “Tsamayang lo ithute tlhaloso ya temana ya Lokwalo, ‘Ga se ditlhabelo tsa lona le dimpho tsa lona tse ke tshwenyegang ka tsone, ke batla gore lo nne le kutlwelobotlhoko’. Tiro ya me fano mo lefatshing ke go busetsa badiradibe mo Modimong e seng go tshwenyega ka batho ba ba siameng.”
But go ye and learn what this meaneth: “I desire mercy, and not sacrifice.” For I came not to call righteous men, but sinners.
14 Letsatsi lengwe barutwa ba ga Johane wa Mokolobetsi ba tla kwa go Jesu ba mmotsa ba re, “Ke eng fa barutwa ba gago ba sa ikitse go ja dijo jaaka rona le Bafarasai re dira?”
Then came to him the disciples of John, saying, Why do we and the Pharisees fast, and thy disciples fast not?
15 Mme Jesu a botsa a re, “A ditsala tsa monyadi di tshwanetse go hutsafala, di ikitsa dijo fa a sa ntse a na le tsone? Mme nako e tlaa tla fa ke tlaa tlosiwang mo go tsone. Mme ke gone ba tlaa nnang le nako e ntsi go ikitsa dijo.
And Jesus said to them, Can the companions of the bridegroom mourn, as long as the bridegroom is with them? But the days will come, when the bridegroom will be taken from them, and then will they fast.
16 “Mme ke mang yo o ka bitiyang seaparo se segologolo ka letsela le lesha? Ka gore sebata se ka gagola sa dira leroba le legolo go gaisa pele.
No one putteth a patch of undressed cloth on an old garment; for the piece that filleth in teareth away from the garment, and a worse rent is made.
17 “Mme emang yo o ka dirisang makuka a magologolo a mofine go tshela mofine o mosha? Gonne a magologolo a ka phanngwa ke go hupela, mme mofine, o tshologe, makuka a senyege. Ke makuka a masha fela a a dirisiwang go tshela mofine o mosha.”
Nor do men put new wine into old skins; else the skins burst, and the wine runneth out, and the skins are spoilt. But they put new wine into new skins, and both are preserved together.
18 Ya re a sa ntse a bua jaana, moruti wa ntlo ya thuto a tla a mo obamela a re, “Morwadiake yo mmotlana o sule, mme o ka mo rudisa fa o ka tla wa mo ama.”
While he was thus speaking to them, lo! a certain ruler came in and bowed down before him, saying, My daughter just now died; but come and lay thy hand upon her, and she will live.
19 Ya re Jesu le barutwa ba gagwe ba sa ntse ba ya kwa lwapeng lwa moruti
And Jesus arose and followed him, with his disciples.
20 mosadi yo o sa bolong go lwala bolwetse jwa tshologo ya madi mo teng ka dingwaga di le lesome le metso e le mebedi a tla a mo setse morago mme a ama momeno wa seaparo sa gagwe.
And, lo! a woman, who had had an issue of blood for twelve years, came up behind, and touched the fringe of his garment.
21 Gonne o na a akantse gore, “Fela fa nka mo ama ke tlaa fola.”
For she said within herself, If I only touch his garment, I shall be made well.
22 Jesu a retologa a bua nae a re, “Morweetsana, gotlhe go siame! Tumelo ya gago e go fodisitse.” Mme mosadi a fola ka yone nako eo.
And he turned round, and seeing her, said, Be of good cheer, daughter; thy faith hath made thee well. And the woman was made well from that hour.
23 Erile fa Jesu a goroga kwa lwapeng lwa ga Moruti, a bona bontsintsi jwa batho bo tsositse modumo mme a utlwa le moopelo wa phitlho,
And Jesus coming into the ruler's house, and seeing the minstrels, and the crowd making a noise,
24 A re, “Ba ntshetseng kwa ntle, gonne morweetsana ga a swa; o robetse fela!” Mme ba ne ba mo tshega ka tshotlo le ka go mo nyatsa!
said, Withdraw; for the girl is not dead, but is sleeping. And they laughed him to scorn.
25 Ya re fa bontsi jwa batho bo sena go tswela kwa ntle, Jesu a tsena mo teng kwa go neng go namaletse morweetsana mme a mo tshwara ka seatla, mme a nanoga a itekanetse sentle gape.
But when the crowd had been put out, he went in, and took hold of her hand; and the girl arose.
26 Mme pego ya kgakgamatso e e gakgamatsang e ya tlala mo lefatshing lotlhe.
And the report of this went abroad into all that country.
27 Ya re fa Jesu a tswa mo lwapeng lwa morweetsana, banna ba le babedi ba difofu ba mo sala morago ba goa ba re, “Ao Morwa Kgosi Dafide, re utlwele botlhoko.”
And as Jesus passed on from thence, two blind men followed him, crying out and saying, Have pity on us, Son of David!
28 Ba tsena mo tlung kwa a neng a nna teng, Mme Jesu a ba botsa a re, “A lo dumela fa ke nonofile go lo foufolola?” Ba re, “Morena, re a dumela.”
And when he had come into the house, the blind men came to him; and Jesus saith to them, Do ye believe that I am able to do this? They say to him, Yea, Lord.
29 Hong a ama matlho a bone mme a re “Ka ntlha ya tumelo ya lona go tlaa diragala!”
Then he touched their eyes, saying, According to your faith be it done to you.
30 Mme ka tshoganetso ba foufologa! Jesu a ba laya gore ba seka ba itsise ope kaga selo seo,
And their eyes were opened. And Jesus sternly charged them, saying, See that no one know it.
31 mme mo boemong jwa go dira jalo ba anamisa tumo ya gagwe gongwe le gongwe mo motsing.
But they went out, and spread abroad his fame in all that country.
32 Erile Jesu a tswa mo lefelong leo, a rakana le monna wa semumu yo o neng a sa kgone go bua ka ntlha ya mowa o o maswe o o neng o le mo go ene.
And as they were going out, lo! they brought to him a dumb man, possessed by a demon.
33 Hong Jesu a kgoromeletsa mowa o o maswe kwa ntle, mme gone fela foo monna a simolola go bua. Bontsi jwa batho jwa gakgamala thata ba re, “Ga go ise nke go diragale mo matshelong a rona go bona se se tshwanang le se.”
And when the demon was cash out, the dumb man spoke. And the multitudes marveled, saying, Never was the like seen in Israel.
34 Mme Bafarasai ba re, lebaka le a nonofileng go kgoromeletsa ntle mewa e e maswe ke gore ene ka bo ene o tsenywe ke mewa e e maswe. O tsenywe ke Satane Kgosi ya mewa e e maswe.
But the Pharisees said, He casteth out the demons through the prince of the demons.
35 Jesu o na a tsamaya mo tikologong yotlhe mo magaeng a lefatshe leo, a ruta mo matlung a thuto ya Sejuda a anamisa Mafoko a a Molemo kaga Bogosi. Mme gongwe le gongwe kwa a neng a ya teng o na a fodisa batho mofuta mongwe le mongwe wa bolwetse.
And Jesus went round all the cities and villages, teaching in their synagogues, and preaching the glad tidings of the kingdom, and healing every sickness and every disease.
36 Mme o na a na le kutlwelo botlhoko thata mo bontsintsing jwa batho jo bo neng bo tla; ka gore matshwenyego a bone a ne a le matona thata mme ba sa itse se ba ka se dirang kgotsa kwa ba neng ba ka ya teng go bona thuso. Ba ne ba tshwana le dinku tse di senang modisa.
And seeing the multitudes, he was moved with compassion for them, because they were harassed and scattered about, as sheep having no shepherd.
37 Mme a raya barutwa ba gagwe a re “Thobo e kgolo thata mme barobi ba ba botlana thata.
Then he saith to his disciples, The harvest indeed is great, but the laborers are few.
38 Jalo he, rapelang yo a leng motlhokomedi wa thobo, lo mo kope go thapa barobi ba bangwe ba masimo a gagwe.”
Pray therefore the Lord of the harvest to send forth laborers for his harvest.

< Mathaio 9 >