< Mathaio 7 >

1 “Se sekiseng mme ga lo na go sekisiwa!
”אל תשפטו אחרים, ולא ישפטו אתכם.
2 Gonne ba bangwe le bone ba tlaa lo tsaya fela jaaka lo ba tsaya.
כי יתייחסו אליכם לפי איך שאתם מתייחסים לאחרים. ישפטו אתכם במידה שאתם שופטים אחרים.
3 “Mme o tshwenyegelang kaga selabe se se mo leitlhong la mongwe ka wena fa o na le sehidikwe mo go la gago?
כיצד יכול אתה לראות שביב־עץ קטן בעין חברך, ולא להבחין בקרש הגדול שבעינך?
4 A o tlaa re, ‘Tsala, mma ke go thuse ke ntshe selabe seo mo leitlhong la gago; fa tota o sa bone ka ntlha ya sehidikwe se se mo go la gago’
”איך אתה יכול לומר לחברך:’תן לי לסלק את השביב מעינך‘בזמן שבעינך יש קרש כזה גדול? הרי כלל לא תוכל לראות את השביב!
5 Moitimokanyi! Pele ntsha sehidikwe se se mo leitlhong la gago. Ke gone o ka bonang go thusa mongwe ka wena.
צבוע שכמותך! סלק תחילה את הקרש מעינך, ורק לאחר מכן תוכל לסלק את שביב העץ מעין חברך!
6 “Se neeleng dikolobe dilo tsa lona tsa botlhokwa (diperela)! Di tlaa di gataka di be di retologela kwa go lona di lo tlhasela.
”אל תתנו דברים קדושים לאנשים מושחתים, אל תתנו פנינים לחזירים. הם ירמסו את הפנינים, ולאחר מכן יפנו לתקוף אתכם.
7 “Kopang, mme lo tlaa newa se lo se kopang. Batlang, mme lo tlaa bona. Kokonyang, mme lo tlaa bulelwa.
”אם תבקשו – תקבלו; אם תחפשו – תמצאו; ואם תדפקו תיפתח לפניכם הדלת.
8 “Gonne mongwe le mongwe yo o kopang, o a amogela. Le fa e le mang yo o batlang, o a bona; fela fa o kokonya, o tlaa bulelwa.
כי כל המבקש מקבל, כל המחפש מוצא, ולפני כל דופק נפתחת הדלת.
9 Fa ngwana a kopa rraagwe dijo, a o tlaa neelwa lentswe mo boemong jwa tsone?
אם ילד מבקש מאביו פרוסת לחם, האם האב ייתן לו אבן במקום לחם?
10 Fa a kopa tlhapi, a o tlaa neelwa noga e e nang le botlhole? Nnyaa!
אם הילד מבקש דג, האם אתם חושבים שיקבל נחש?
11 Mme fa lona ba ba dipelo di thata, badira-dibe lo itse go fa bana ba lona dimpho tse di siameng, a Rraa-lona yo o kwa legodimong ga a na go naya ba ba mo kopang dimpho tse di siameng fela jalo?
ואם אנשים רעים וחוטאים כמוכם נותנים לילדיכם מתנות טובות, האם לא ייתן אביכם שבשמים מתנות הרבה יותר טובות למבקשים ממנו?
12 “Direlang ba bangwe se lo batlang ba se lo direla. Se ke thuto ya melao ya ga Moshe ka mafoko a makhutshwane.
”עשו לאחרים את מה שהייתם רוצים שיעשו לכם – זאת תמצית התורה ודברי הנביאים.
13 “Legodimo le ka tsenwa fela ka kgoro e tshesane. Tsela e kgolo e e yang kwa moleting e atlhame, kgoro ya one e atlhametse bontsintsi jo bo tlhophang tsela ya one e e motlhofo.
”הלכו דרך הפתח הצר, כי השביל המוביל לאבדון הוא רחב, ושער הכניסה רחב גם הוא.
14 Mme boatlhamo jwa kgoro e e isang botshelong bo bonnye, le tsela e tshesane, mme basekae fela ba a e bona.
אולם שער החיים הוא קטן, השביל צר, ורק מעטים מוצאים אותו.
15 “Itiseng mo baruting ba e seng bone ba ba tlang ba apere jaaka dinku tse di senang molato, mme e le diphiri tse di lo gagoganyang.
”היזהרו לכם מהמורים המפיצים תורות שקר. הם מתחפשים לכבשים תמימים, בעוד שלמעשה הם זאבים רעים הרוצים לטרוף אתכם.
16 Lo ka ba lemoga ka tsela e ba dirang ka yone, fela jaaka lo ka lemoga setlhare ka loungo lwa sone ga lo kake lwa tshwantshanya mofine le ditlhare tse di mitlwa! Kgotsa difeige le masitlwana!
תוכלו לזהות אותם על־פי התנהגותם, כשם שאפשר לזהות עץ על־פי פירותיו. הלא יודעים אתם להבחין בין גפן ענבים לבין ברקנים, בין תאנים לבין קוצים!
17 Mefuta ya ditlhare tsa loungo e ka lemogwa ka bofefo ka go tlhatlhoba loungo lwa tsone.
עץ משובח נותן פרי משובח, ועץ רקוב נותן פרי רקוב.
18 Mofuta o o ungwang loungo lo lo monate ga o ke o ungwa mofuta o o sa jeweng!
עץ טוב לא ייתן פרי רקוב, ועץ רקוב לא ייתן פרי טוב.
19 Jalo he ditlhare tse di nang le loungo lo lo sa jeweng di a rengwa di bo di latlhelwa mo molelong.
משום כך יש לכרות ולשרוף כל עץ שאינו נותן פרי טוב.
20 Ee, tsela ya go lemoga setlhare kgotsa motho ke ka mofuta wa loungo lo o lo ungwang.
אכן, גם עצים וגם בני־אדם אפשר לזהות על־פי פירותיהם.
21 “Ga se botlhe ba ba buang boModimo ba ba ntseng jalo. Ba ka mpitsa ‘Morena’ mme ga ba kitla ba ya legodimong. Gonne potso ya botlhokwa ke gore a ba reetsa Rre yo o kwa legodimong.
”לא כל מי שמדבר כאיש דתי ואדוק הוא באמת מאמין. הם יכולים לקרוא לי:’אדוני, אדוני‘, אבל אין זה מספיק כדי להכניסם לשמים. החשוב הוא אם הם שומעים לקול אבי שבשמים.
22 “Ka letsatsi la katlholo ba le bantsi ba tlaa nthaya ba re, Morena Morena, re boleletse ba bangwe ka ga gago ra ba ra dirisa leina la gago go lelekela badimo ntle le go dira dikgakgamatso tse dingwe tse dintsi.
ביום־הדין יאמרו לי אנשים רבים:’אדון, אדון, הלא בשמך ניבאנו, ובשמך גירשנו שדים וחוללנו נסים רבים‘.
23 Mme ke tlaa fetola ke re, ‘Ga lo ise lo ke lo bo lo nne ba me. Tsamayang, gonne ditiro tsa lona di bosula’,
אולם אני אענה:’מעולם לא הכרתי אתכם. הסתלקו מכאן, פושעים שכמותכם!‘
24 “Botlhe ba ba reetsang ditaelo tsa me ba di sala morago, ba botlhale, jaaka monna yo o agang ntlo ya gagwe mo lefikeng le le kwenneng.
”כל מי שמקשיב לדברי ומקיים אותם, דומה לאדם חכם הבונה את ביתו על סלע איתן.
25 Le fa pula e tla ka bontsi morwalela o bo o tlhatloga mme go tsubutla ditsuatsue ka fa ntle ga ntlo ya gagwe ga e kitla e wa, gonne e agilwe mo lefikeng.
שכן גם אם ירד גשם שוטף ותתחולל סערה, לא ייפול הבית ולא יתמוטט, כי נבנה על הסלע.
26 “Mme ba ba utlwang ditaelo tsa me, mme ba sa di tlhokomele ba dieleele, jaaka monna yo o agang ntlo ya gagwe mo motlhabeng.
לעומתו, מי שמקשיב לדברי ואינו מקיים אותו דומה לאדם טיפש הבונה את ביתו על החול.
27 Gonne fa dipula le merwalela di tla, mme diphefo di foka di itaaka ntlo ya gagwe, e tlaa gosomana mo go golo.”
שהרי בבוא שיטפון וסערה יתמוטט הבית וייהרס כליל.“
28 Bontsintsi jwa batho bo ne jwa gakgamadiwa ke thuto ya ga Jesu.
ההמונים נדהמו מאוד כששמעו את הדרשות של ישוע,
29 Gonne o ne a ruta jaaka mongwe yo o nang le nonofo e kgolo, eseng jaaka baeteledipele ba bone ba Sejuda.
כי הוא דיבר אליהם בסמכות רבה ולא כמו הסופרים.

< Mathaio 7 >