< Mathaio 6 >
1 “Mme elang tlhoko! Se direng tshiamo ya lona fa pele ga batho gore ba lo tlotle, fa lo dira jalo ga lona go bona tuelo e e tswang kwa go Rraeno yo o kwa legodimong.
Attendite ne iustitiam vestram faciatis coram hominibus, ut videamini ab eis: alioquin mercedem non habebitis apud patrem vestrum, qui in caelis est.
2 Fa o naya mokopi mpho, se bue kaga yone mo mpepeneneng jaaka baitimokanyi ba dira: ba letsa ditorompeta mo dikerekeng le mo mebileng ya motse gore ditiro tsa bone tsa lorato di tle di bonwe! Ke a lo bolelela ka pelo yotlhe, ba setse ba amogetse tuelo yotlhe, e ba neng ba tlaa e bona.
Cum ergo facis eleemosynam, noli tuba canere ante te, sicut hypocritae faciunt in synagogis, et in vicis, ut honorificentur ab hominibus: Amen dico vobis, receperunt mercedem suam.
3 Mme fa o direla mongwe tshiamo, ka sephiri, se bolelele lebogo la gago la molema se se dirwang ke lebogo la moja.
Te autem faciente eleemosynam, nesciat sinistra tua quid faciat dextera tua:
4 Mme Rraeno yo o itseng diphiri tsotlhe o tla go duela.
ut sit eleemosyna tua in abscondito, et pater tuus, qui videt in abscondito, reddet tibi.
5 “Mme jaanong kaga thapelo. Fa lo rapela, lo se ka lwa nna jaaka baitimokanyi ba ba ipaang jaaka o ka re ke ba ba obamelang Modimo ka go rapela mo ponong ya mongwe le mongwe mo makopanelong a mebila le mo dikerekeng mo ba ka bonwang ke mongwe le mongwe teng. Ammaaruri ke yone tuelo yotlhe e ba tlaa lalang ba e bonye.
Et cum oratis, non eritis sicut hypocritae, qui amant in synagogis, et in angulis platearum stantes orare, ut videantur ab hominibus: amen dico vobis, receperunt mercedem suam.
6 Mme fa o rapela, tsamaya o le nosi, o itswalele mo tlung mme o rapele Rraeno ka sephiri, mme Rraeno yo o itseng diphiri tsa gago, o tlaa go duela.
Tu autem cum oraveris, intra in cubiculum tuum, et clauso ostio, ora patrem tuum in abscondito: et pater tuus qui videt in abscondito, reddet tibi.
7 “Se, boaboele thapelo ya gago jaaka baheitane ba dira, ba ba gopolang gore dithapelo di arabiwa fela ka go boaboelwa. Gakologelwa gore Rrago o itse se tota o se tlhokang pele ga o mo kopa!
Orantes autem, nolite multum loqui, sicut ethnici faciunt. putant enim quod in multiloquio suo exaudiantur.
Nolite ergo assimilari eis. scit enim pater vester, quid opus sit vobis, antequam petatis eum.
9 Rapelang jaana: ‘Rraetsho yo o kwa legodimong re tlotla leina la gago le le itshephileng.
Sic ergo vos orabitis: Pater noster, qui es in caelis: sanctificetur nomen tuum.
10 Re kopa gore bogosi jwa gago bo tle ka bofefo. A go rata ga gago go dirwe mono lefatshing jaaka go dirwa kwa legodimong.
Adveniat regnum tuum. Fiat voluntas tua, sicut in caelo, et in terra.
11 Re neele dijo tsa rona gape gompieno jaaka malatsi otlhe.
Panem nostrum supersubstantialem da nobis hodie.
12 Mme o re itshwarele dibe tsa rona, jaaka re itshwaretse ba ba re leofetseng.
Et dimitte nobis debita nostra, sicut et nos dimittimus debitoribus nostris.
13 Se re ise mo thaelong, mme o re golole mo go yo o bosula. Amen.’
Et ne nos inducas in tentationem. Sed libera nos a malo. Amen.
14 Rraeno wa Legodimo o tlaa go itshwarela, fa o itshwarela ba ba go leofelang, mme fa o gana go ba itshwarela ga a kitla a go itshwarela.
Si enim dimiseritis hominibus peccata eorum: dimittet et vobis pater vester caelestis delicta vestra.
Si autem non dimiseritis hominibus: nec pater vester dimittet vobis peccata vestra.
16 “Jaanong ka ga go ikitsa dijo; fa o ikitsa dijo, o tlogela dijo ka maikaelelo a semowa, se dire jalo mo mpepeneneng, jaaka baitimokanyi ba dira ba leka go itlhontsha difatlhogo le go tlhoka go apara sentle gore batho ba ba utlwele botlhoko. Ammaaruri, ke yone tuelo e ba tlaa lalang ba e bonye.
Cum autem ieiunatis, nolite fieri sicut hypocritae tristes. exterminant enim facies suas, ut appareant hominibus ieiunantes. Amen dico vobis, quia receperunt mercedem suam.
17 “Mme fa o ikitsa dijo, apara sentle,
Tu autem, cum ieiunas, unge caput tuum, et faciem tuam lava,
18 Gore le fa e le ope a seka a belaela gore o bolailwe ke tlala, fa e se Rraeno fela yo o itseng sephiri sengwe le sengwe. Mme o tlaa go duela.
ne videaris hominibus ieiunans, sed patri tuo, qui est in abscondito: et pater tuus, qui videt in abscondito, reddet tibi.
19 “Se boloke dikhumo tsa gago fano mo lefatshing mo di ka senyegang kgotsa tsa utswiwa.
Nolite thesaurizare vobis thesauros in terra: ubi aerugo, et tinea demolitur: et ubi fures effodiunt, et furantur.
20 Di boloke kwa legodimong kwa di se kitlang di latlhegelwa ke tlhwatlhwa teng, di bolokesegile mo magodung!
Thesaurizate autem vobis thesauros in caelo: ubi neque aerugo, neque tinea demolitur, et ubi fures non effodiunt, nec furantur.
21 “Fa dikhumo tsa gago di le kwa legodimong le pelo ya gago e tlaa nna teng.
Ubi enim est thesaurus tuus, ibi est et cor tuum.
22 “Fa leitlho la gago le itshekile go tlaa nna lesedi mo pelong ya gago.
Lucerna corporis tui est oculus tuus. Si oculus tuus fuerit simplex: totum corpus tuum lucidum erit.
23 Mme fa leitlho la gago le sirilwe ke dikgopolo tse di bosula le dikeletso, o mo botennye jwa lefifi la semowa. Ao, kana lefifi leo le ka nna legolo thata jang!
Si autem oculus tuus fuerit nequam: totum corpus tuum tenebrosum erit. Si ergo lumen, quod in te est, tenebrae sunt: ipsae tenebrae quantae erunt?
24 “Ga o ka ke wa direla barena ba le babedi: Modimo le madi. Ka o tla ila yo mongwe o rate yo mongwe, kgotsa go nne ka tsela e sele.
Nemo potest duobus dominis servire: aut enim unum odio habebit, et alterum diliget: aut unum sustinebit, et alterum contemnet. Non potestis Deo servire, et mammonae.
25 “Jalo he, tlhagiso ya me ke e: se tshwenyegeng ka ga dilo-ebong dijo, dino, madi le diaparo. Ka gore o setse o na le botshelo le mmele-mme di botlhokwa go na le se se tshwanetseng go jewa le se se tshwanetseng go aparwa.
Ideo dico vobis, ne soliciti sitis animae vestrae quid manducetis, neque corpori vestro quid induamini. Nonne anima plus est quam esca: et corpus plus quam vestimentum?
26 Bonang dinonyane! Ga di tshwenyege kaga se se jewang ga di tlhoke go jala kgotsa go roba kgotsa go boloka dijo ka gore Rraalona wa Legodimo o a di otla. Mme lona lo tlhwatlhwa kgolo mo go ene go na le tsone.
Respicite volatilia caeli, quoniam non serunt, neque metunt, neque congregant in horrea: et pater vester caelestis pascit illa. Nonne vos magis pluris estis illis?
27 A ditlhobaelo tsa lona tsotlhe di ka oketsa botshelo jwa lona ka motsotso o le mongwe?
Quis autem vestrum cogitans potest adiicere ad staturam suam cubitum unum?
28 “Mme ke eng fa o tlhobaela kaga diaparo tsa gago. Lebang dithunya tsa naga! Ga di tlhobaele kaga diaparo tsa tsone.
Et de vestimento quid soliciti estis. Considerate lilia agri quomodo crescunt: non laborant, neque nent.
29 Le fa go ntse jalo, Kgosi Solomone mo kgalalelong ya gagwe o na a sa apesiwa bontle jaaka di ntse.
Dico autem vobis, quoniam nec Salomon in omni gloria sua coopertus est sicut unum ex istis.
30 Mme fa Modimo o tlhokomela dithunya tse di fano gompieno ka tlhokomelo e kgolo, mme ka moso di be di seyo, a tota ga o na go lo tlhokomela, lona batho ba tumelo e potlana?
Si enim foenum agri, quod hodie est, et cras in clibanum mittitur, Deus sic vestit: quanto magis vos modicae fidei?
31 “Jalo he, se tlhobaeleng gotlhelele kaga go nna le dijo tse di lekanyeng le diaparo. Ke eng fa lo nna jaaka baheitane ka gore ba nna le boikgantsho mo dilong tse tsotlhe, gape ba amega thata kaga tsone, mme Rraeno wa legodimo o setse a itse sentle gore lo a di tlhoka.
Nolite ergo soliciti esse, dicentes: Quid manducabimus, aut quid bibemus, aut quo operiemur?
haec enim omnia gentes inquirunt. Scit enim pater vester, quia his omnibus indigetis.
33 “Mme ka boitumelo o tlaa di lo naya fa lo mo naya tlotlo e kgolo mo botshelong jwa lona.
Quaerite ergo primum regnum Dei, et iustitiam eius: et haec omnia adiicientur vobis.
34 “Jalo he, se tlhobaeleleng bokamoso, Modimo o tlaa tlhokomela bokamoso jwa lona. Lebogelang tlhabo ya letsatsi e lo e boneng.
Nolite ergo soliciti esse in crastinum. Crastinus enim dies solicitus erit sibiipsi. sufficit diei malitia sua.