< Mathaio 5 >

1 Mme ya re ka letsatsi lengwe fa bontsintsi jwa batho bo kokoana, a tlhatlogela le barutwa ba gagwe mo mhapheng wa thaba, mme a nna fa fatshe le bone a ba ruta.
耶稣看见这许多的人,就上了山,既已坐下,门徒到他跟前来,
2
他就开口教训他们,说:
3 A ba raya a re, “Go sego ba ba ingotlang gonne Bogosi jwa Legodimo ke jwa bone.
虚心的人有福了! 因为天国是他们的。
4 Go sego ba ba lelang gonne ba tlaa gomodiwa.
哀恸的人有福了! 因为他们必得安慰。
5 “Go sego ba ba bonolo gonne lefatshe lotlhe ke la bone.
温柔的人有福了! 因为他们必承受地土。
6 “Go sego ba ba nyoretsweng tshiamo gonne ba tlaa e bona.
饥渴慕义的人有福了! 因为他们必得饱足。
7 “Go sego ba ba pelontle le kutlwelobotlhoko gonne ba tlaa utlwelwa botlhoko.
怜恤人的人有福了! 因为他们必蒙怜恤。
8 “Go sego ba ba pelo di itshekileng gonne ba tlaa bona Modimo.
清心的人有福了! 因为他们必得见 神。
9 Go sego ba ba huhulelang kagiso, gonne ba tlaa bidiwa barwa Modimo.
使人和睦的人有福了! 因为他们必称为 神的儿子。
10 “Go sego ba ba bogisediwang tshiamo, gonne Bogosi jwa Legodimo ke jwa bone.
为义受逼迫的人有福了! 因为天国是他们的。
11 “Fa lo kgobiwa lo bogisiwa, lo akelwa ka ntlha ya gore lo barutwa ba me, lo sego jang!
“人若因我辱骂你们,逼迫你们,捏造各样坏话毁谤你们,你们就有福了!
12 Itumeleng ka ga gone! Ipeleng thata! Gonne tuelo ya lona e kgolo e lo letile kwa legodimong. Mme gakologelwang gore, Baporofiti ba bogologolo le bone ba ne ba bogisiwa.
应当欢喜快乐,因为你们在天上的赏赐是大的。在你们以前的先知,人也是这样逼迫他们。”
13 “Ke lona letswai la lefatshe, mme fa lona lo latlhegelwa ke molodi go tlaa nna jang ka lefatshe? Le lona lo tlaa latlhelwa kwa ntle lo gatakwa ka dinao lo sena molemo.
“你们是世上的盐。盐若失了味,怎能叫它再咸呢?以后无用,不过丢在外面,被人践踏了。
14 Lo lesedi la lefatshe, motse o o mo thabeng, o o phatsimang bosigo gore botlhe ba o bone.
你们是世上的光。城造在山上是不能隐藏的。
15 Se fitlheng lesedi la lona! A le phatsimele botlhe; a ditiro tsa lona tse di molemo di phatsimele botlhe go di bona, gore ba tle ba galaletse Rra lona wa Legodimo.
人点灯,不放在斗底下,是放在灯台上,就照亮一家的人。
你们的光也当这样照在人前,叫他们看见你们的好行为,便将荣耀归给你们在天上的父。”
17 “Se tlhokeng go tlhaloganya se ke se tletseng. Ga se go senya melao ya ga Moshe le ditlhagiso tsa baporofiti. Nnyaa ke tletse go di tlhomamisa le gore di diragale jaaka go boletswe.
“莫想我来要废掉律法和先知。我来不是要废掉,乃是要成全。
18 “Ka tlhomamiso yotlhe e ke nang nayo ka re: molao mongwe le mongwe o o mo Lokwalong o tlaa tswelela pele go fitlhelela maikaelelo a one a diragala.
我实在告诉你们,就是到天地都废去了,律法的一点一画也不能废去,都要成全。
19 Jalo he, fa mongwe a tlola molao o mmotlanyana, a ba a ruta ba bangwe go dira jalo, o tlaa nna mmotlana mo Bogosing jwa Legodimo. Mme ba ba rutang melao ya Modimo ba e reetsa ba tlaa nna batona mo Bogosing jwa Legodimo.
所以,无论何人废掉这诫命中最小的一条,又教训人这样做,他在天国要称为最小的。但无论何人遵行这诫命,又教训人遵行,他在天国要称为大的。
20 “Mme ke a lo tlhagisa ga lo ka ke lwa tsena mo Bogosing jwa Legodimo fa e se tshiamo ya lona e feta ya Bafarasai le baeteledipele ba bangwe ba Bajuda.
我告诉你们,你们的义若不胜于文士和法利赛人的义,断不能进天国。”
21 “Mo melaong ya ga Moshe e ne e le gore, ‘Fa o bolaya motho, o tshwanetse wa swa le wena.’
“你们听见有吩咐古人的话,说:‘不可杀人’;又说:‘凡杀人的难免受审判。’
22 Mme ke okeditse molao oo, e bile ke lo bolelela gore fa o shakgetse fela, le fa e le mo motseng wa gago, o lebaganywe ke katlholo! Fa o bitsa tsala ya gago seeleele, o ka nna wa tseelwa kwa kgotleng ya tshekelo fa o mo hutsa, o mo diphatseng tsa molete wa molelo. (Geenna g1067)
只是我告诉你们,凡向弟兄动怒的,难免受审断;凡骂弟兄是拉加的,难免公会的审断;凡骂弟兄是魔利的,难免地狱的火。 (Geenna g1067)
23 “Mme ke gone fa o eme fa pele ga sebeso (aletara) mo Tempeleng, o ntshetsa Modimo setlhabelo, mme ka tshoganetso o bo o gakologelwa gore wa ga eno o na le sekgopi nao,
所以,你在祭坛上献礼物的时候,若想起弟兄向你怀怨,
24 Tlogela setlhabelo sa gago gone foo fa pele ga sebeso (aletara) go ikopa maitshwarelo o bo o letlane nae.
就把礼物留在坛前,先去同弟兄和好,然后来献礼物。
25 Akofa outlwane le mmaba wa gago nako e ise e tsamaye thata e se re kgotsa a go gogele kwa tshekong, o bo o latlhelwa mo tlung ya kgolegelo.
你同告你的对头还在路上,就赶紧与他和息,恐怕他把你送给审判官,审判官交付衙役,你就下在监里了。
26 Gonne o tlaa nna moo go fitlhelela o bo o duela ledinyana la bofelo.
我实在告诉你,若有一文钱没有还清,你断不能从那里出来。”
27 “Melao ya ga Moshe e ne e re, ‘O seka wa dira boaka’.
“你们听见有话说:‘不可奸淫。’
28 Mme ka re: Le fa e le mang yo o lebang mosadi ka go mo eletsa, o setse a dirile boaka nae mo pelong.
只是我告诉你们,凡看见妇女就动淫念的,这人心里已经与她犯奸淫了。
29 “Mme fa leitlho la gago, le fa e ka ne e le leitlho le le itekanetseng le tsosolosa keletso, le gonye o le latlhe. Go botoka gore tokololo e e go leofisang e senngwe go na le gore mmele otlhe wa gago o latlhelwe mo moleting wa molelo. (Geenna g1067)
若是你的右眼叫你跌倒,就剜出来丢掉,宁可失去百体中的一体,不叫全身丢在地狱里。 (Geenna g1067)
30 Mme fa seatla sa gago le fa e le sa moja se go leofisa, se kgaole o se latlhe. Gonne go botoka go se kgaola go na le go iphitlhela o le mo moleting ka ntlha ya sone. (Geenna g1067)
若是右手叫你跌倒,就砍下来丢掉,宁可失去百体中的一体,不叫全身下入地狱。” (Geenna g1067)
31 “Molao wa ga Moshe wa re, ‘Fa mongwe a batla go kgaogana le mosadi wa gagwe, o ka mo tlhala fela ka go mo neela lokwalo lwa tlhalo’.
“又有话说:‘人若休妻,就当给她休书。’
32 Mme nna ka re monna yo o tlhalang mosadi wa gagwe fa e se ka ntlha ya boaka, o mo dirisa boaka. Mme yo o mo nyalang le ene o dira boaka.
只是我告诉你们,凡休妻的,若不是为淫乱的缘故,就是叫她作淫妇了;人若娶这被休的妇人,也是犯奸淫了。”
33 “Gape molao wa ga Moshe wa re, ‘Ga o a tshwanela go dirolola maikano a gago le Modimo, o tshwanetse go a diragatsa otlhe.’
“你们又听见有吩咐古人的话,说:‘不可背誓,所起的誓总要向主谨守。’
34 “Mme ka re: o se ka wa dira maikano ape! Lefa e le go ikana ka ‘Magodimo!’ Ke seikano se se boitshepo mo Modimong, ka magodimo ke setulo sa Bogosi jwa Modimo.
只是我告诉你们,什么誓都不可起。不可指着天起誓,因为天是 神的座位;
35 Gape fa o ikana ka ‘Lefatshe’ ke seikano se se boitshepo mo Modimong, ka gore lefatshe ke sebeo sa dinao tsa one. Gape o se ka wa ikana ka Jerusalema ka gore Jerusalema ke motse-mogolo wa Kgosi e kgolo.
不可指着地起誓,因为地是他的脚凳;也不可指着耶路撒冷起誓,因为耶路撒冷是大君的京城;
36 “Gape o se ka wa ikana ka ‘phogwana’! Ka gore ga o kake wa fetola thiri nngwe go nna tshweu kgotsa ntsho.
又不可指着你的头起誓,因为你不能使一根头发变黑变白了。
37 Mme go bua ga lona e nne Ee, ke tlaa, kgotsa Nnyaa ga nkake, lefoko la lona le lekanye. Tiisa tsholofetso ya gago ka go ikana, go supa gore sengwe ga se a siama.
你们的话,是,就说是;不是,就说不是;若再多说就是出于那恶者。”
38 “Molao wa ga Moshe wa re, ‘Fa motho a gonya leitlho la yo mongwe, le ene o tshwanetse go gonngwa leitlho. Fa mongwe a go itaya a go kgola leino, a leino la motho yoo le ene le kgolwe.’
“你们听见有话说:‘以眼还眼,以牙还牙。’
39 Mme nna ka re: Se emelelaneng le bosula! Fa o phanngwa mo lerameng, retolola le lengwe.
只是我告诉你们,不要与恶人作对。有人打你的右脸,连左脸也转过来由他打;
40 Fa o isiwa tshekong, o bo o tseelwa hempe, ntsha le baki ya gago.
有人想要告你,要拿你的里衣,连外衣也由他拿去;
41 Fa masole a batla gore o rwale dithoto tsa bone sekgala sa mmaele e le nngwe di rwale di mmaele tse pedi.
有人强逼你走一里路,你就同他走二里;
42 Naya ba ba kopang, o se ka wa hularela yo o batlang go adima mo go wena.
有求你的,就给他;有向你借贷的,不可推辞。”
43 “Go na le puo e e reng, ‘Rata ditsala tsa gago mme o ile baba ba gago.’
“你们听见有话说:‘当爱你的邻舍,恨你的仇敌。’
44 Mme nna ka re: ‘Rata baba ba gago! Rapelela ba ba go bogisang!’
只是我告诉你们,要爱你们的仇敌,为那逼迫你们的祷告。
45 “Ka tsela eo lo tlaa bo lo dira jaaka bana ba boammaaruri ba Rraeno yo o kwa legodimong. Gonne o tlhabisetsa basiami le ba ba sa siamang letsatsi, a nesetse basiami le ba ba sa siamang pula ka go tshwana.
这样就可以作你们天父的儿子;因为他叫日头照好人,也照歹人;降雨给义人,也给不义的人。
46 “Fa o rata ba ba go ratang fela, go thusang?, le ba ba bosula ba dira jalo.
你们若单爱那爱你们的人,有什么赏赐呢?就是税吏不也是这样行吗?
47 Fa o siametse ditsala tsa gago fela, o farologanye jang le batho ba bangwe? Le baheitane tota ba dira fela jalo.
你们若单请你弟兄的安,比人有什么长处呢?就是外邦人不也是这样行吗?
48 Mme lo tshwanetse lwa nna boikanyego, fela jaaka Rraeno yo o kwa legodimong a le boikanyego.
所以,你们要完全,像你们的天父完全一样。”

< Mathaio 5 >