< Mathaio 4 >

1 Mme Jesu a gogelwa ke Mowa o o Boitshepo kwa sekakeng, go ya go lekwa ke Satane.
Então foi conduzido Jesus pelo Espirito ao deserto, para ser tentado pelo diabo.
2 Ka malatsi a le masome a mane le masigo a le masome mane o na a sa je sepe, mme a tshwarwa ke tlala.
E, tendo jejuado quarenta dias e quarenta noites, depois teve fome;
3 Mme Satane a mo leka gore a fetole maje senkgwe. Mme a re, go tlaa supa fa o le Morwa Modimo.
E, chegando-se a elle o tentador, disse: Se tu és o Filho de Deus, manda que estas pedras se façam pães.
4 Mme Jesu a mo raya a re, “Nnyaa! gonne dikwalo tsa re senkgwe ga se ka ke sa otla mewa ya batho: se re se tlhokang ke go reetsa lefoko lengwe le lengwe la Modimo.”
Elle, porém, respondendo, disse: Está escripto: Nem só de pão viverá o homem, mas de toda a palavra que sae da bocca de Deus
5 Mme Satane a mo tsaya a mo isa setlhoeng sa Tempele mo Jerusalema.
Então o diabo o levou á cidade sancta, e collocou-o sobre o pinaculo do templo,
6 A mo raya a re, “Itige o itshupe fa o le Morwa Modimo; ka dikwalo tsa re, ‘Modimo o tlaa roma baengele ba One go go agelela gore o seka wa golafala,’ ba tlaa go agelela mo go sugagakaneng mo matlapeng a a kwa tlase.”
E disse-lhe: Se tu és o Filho de Deus, lança-te de aqui abaixo; porque está escripto: Que aos seus anjos ordenará a respeito de ti; e tomar-te-hão nas mãos, para que nunca tropeces em alguma pedra
7 Jesu a mo araba ka kgakalo a re, “Gape gatwe ‘o se ka wa leka Morena Modimo ka teko ya boeleele.’”
Disse-lhe Jesus: Tambem está escripto: Não tentarás o Senhor teu Deus.
8 Mme Satane a mo tsaya a mo isa setlhoeng sa thaba e e goletseng kwa godimo thata mme a mo kaela dichaba tsa lefatshe le kgalalelo yotlhe ya tsone.
Novamente o levou o diabo a um monte muito alto, e mostrou-lhe todos os reinos do mundo, e a gloria d'elles.
9 A mo raya a re, “Ke tlaa go fa mo gotlhe fa o ka khubama wa nkobamela.”
E disse-lhe: Tudo isto te darei se, prostrado, me adorares.
10 Mme Jesu a mo raya a re, “Tloga fa Satane. Dikwalo tsa re, ‘obamela Morena Modimo a le nosi. Reetsa ene fela.’”
Então disse-lhe Jesus: Vae-te, Satanaz, porque está escripto: Ao Senhor teu Deus adorarás, e só a elle servirás.
11 Mme Satane a mo tlogela mme baengele ba tla go mo direla.
Então o diabo o deixou; e, eis-que chegaram os anjos, e o serviram.
12 Mme e rile fa Jesu a utlwa gore Johane o tshwerwe, a tswa mo Judea a boela gae kwa Nasaretha mo Galalea; Mme ka bofefo a fetela kwa Kaperanama fa thoko ga Lecha la Galalea gautshwane le Sebulona le Nafetali.
Jesus, porém, ouvindo que João estava preso, voltou para a Galilea;
E, deixando Nazareth, foi habitar em Capernaum, cidade maritima, nos confins de Zabulon e Naphtali;
14 Mo ga diragatsa seporofeso sa ga Isaia se se reng
Para que se cumprisse o que foi dito pelo propheta Isaias, que diz:
15 “Lefatshe la Sebulona le lefatshe la ga Nafetali fa thoko ga Lecha, le moseja ga noka ya Jorodane, le kwa godimo ga Galalea kwa go tletseng Badichaba,
A terra de Zabulon, e a terra de Naphtali, junto ao caminho do mar, além do Jordão, a Galilea das nações;
16 teng koo batho ba ba neng ba le mo lefifing, ba bonye lesedi le legolo; ba ne ba ntse mo lefatshing la loso, mme lesedi la ba tlhabela.”
O povo, assentado em trevas, viu uma grande luz; e para os que estavam assentados na região e raiou a luz.
17 Go simolola foo, Jesu a simolola go ruta a re, “Sokologang mo sebing lo sokologele mo Modimong gonne Bogosi jwa Legodimo bo, atametse.”
Desde então começou Jesus a prégar, e a dizer: Arrependei-vos, porque é chegado o reino dos céus.
18 Mme ya re ka letsatsi lengwe a tsamaya mo motlhabeng wa lotshitshi lwa Lecha la Galalea, a bona banna ba le babedi, bana ba motho, ebong Simone yo o bidiwang Petere le Anderea, ba le mo mokorong ba tshwara ditlhapi ka lotloa ka e ne e le batshwari le barekisi ba ditlhapi.
E Jesus, andando junto ao mar da Galilea, viu a dois irmãos, Simão, chamado Pedro, e André, que lançavam as redes ao mar, porque eram pescadores:
19 Mme Jesu a ba bitsa a re, “Ntshalang morago mme ke tlaa lo ruta ka fa lo ka tshwarang ka teng mewa ya batho.”
E disse-lhes: Vinde após mim, e eu vos farei pescadores de homens.
20 Mme ba akofa ba tlogela matloa a bone ba tsamaya nae.
Então elles, deixando logo as redes, seguiram-n'o.
21 Ya re kgakalanyana mo motlhabeng wa lotshitshi, a bona bana ba motho ba bangwe gape ba le babedi, ebong Jakobe le Johane ba ntse mo mokorong le Sebede rraabo, ba roka matloa a bone; mme le bone a ba bitsa.
E, adiantando-se d'ali, viu outros dois irmãos, Thiago, filho de Zebedeo, e João, seu irmão, n'um barco com seu pae Zebedeo, concertando as redes; e chamou-os;
22 Mme ba akofa ba emisa tiro ya bone ba tsamaya nae, ba tlogela rraabo.
Elles, deixando immediatamente o barco e seu pae, seguiram-n'o.
23 Jesu a tsamaya mo tikologong yotlhe ya Galalea a ruta mo dikerekeng tsa Bajuta a rera Mafoko a a Molemo kaga Bogosi jwa Legodimo. A fodisa mofuta mongwe le mongwe wa khidiego le malwetse.
E percorria Jesus toda a Galilea, ensinando nas suas synagogas e prégando o Evangelho do reino, e curando todas as enfermidades e molestias entre o povo.
24 Pego ya dikgakgamatso tsa gagwe ya anama go feta melelwane ya Galalea mo e leng gore batho ba ba neng ba lwalela kgakala kwa Siria, ba ne ba tla kwa go ene go fodisiwa. A e ka ne e ne e le bolwetse bofe le setlhabi, kgotsa ba tsenywe ke badimo, kgotsa botsenwa, kgotsa teteselo, o ne a ba fodisa.
E a sua fama correu por toda a Syria, e traziam-lhe todos os que padeciam, accommettidos de varias enfermidades e tormentos, os endemoninhados, os lunaticos, e os paralyticos, e elle os curava.
25 Bontsintsi jo bogolo jwa batho jwa mo sala morago gongwe le gongwe kwa a yang gone. Batho ba ne ba tswa Galalea le mo metseng e e some le Jerusalema, le gongwe le gongwe mo Judea le kwa moseja ga Noka ya Jorodane.
E seguia-o uma grande multidão de gente da Galilea, de Decapolis, de Jerusalem, da Judea, e d'além do Jordão.

< Mathaio 4 >