< Mathaio 3 >
1 E rile fa ba sa ntse ba le mo Nasaretha, Johane wa Mokolobetsi a simolola go rera mo sekakeng sa Judea. Thero ya gagwe gangwe le gape e ne e re,
And in those days John the Baptist came, preaching in the wilderness of Judea
2 “Sokologang mo dibeng tsa lona, boelang mo Modimong, gonne Bogosi jwa Legodimo bo atametse.”
and saying, "Repent, for the kingdom of heaven is near."
3 Isaia moporofiti mo makgolong a dingwaga a a fetileng, o boletse ka ga thuto ya ga Johane. O ne a kwadile a re, “Ke utlwa lentswe le le goang mo sekakeng, ‘Baakanyang tsela ya Morena, tlhamalatsang tsela e a tlaa tsamayang mo go yone.’”
For this is he who was spoken of by Isaiah the prophet, saying, "The voice of one who calls out in the wilderness, 'Prepare the way of the Lord. Make his roads straight.'"
4 Diaparo tsa ga Johane di ne di dirilwe ka boboa jwa kamele, o ne a itlama ka moitlamo wa letlalo; dijo tsa gagwe e ne e le tsie le dinotshe tsa naga.
Now John himself wore clothing made of camel's hair and with a leather belt around his waist, and his food was locusts and wild honey.
5 Batho ba ba tswang Jerusalema le ba ba tswang mo tikologong yotlhe kwa moseja ga mogogoro wa Jorodane, le ba ba tswang mo kgaolong nngwe le nngwe ya Judea ba tswela kwa sekakeng go mo reetsa a rera,
Then people from Jerusalem, all of Judea, and all the region around the Jordan went out to him,
6 mme fa ba sena go ipolela dibe tsa bone, a ba kolobetsa mo nokeng ya Jorodane.
and they were baptized by him in the Jordan river, confessing their sins.
7 Mme e rile a bona Bafarasai le Basadukai ba le bantsi ba tla go kolobediwa, a ba nyatsa a re, “Losika lwa dinoga ke lona! Yo o lo reileng a re lo ne lo ka falola mo bogaleng jwa Modimo jo bo tlang ke mang?
But when he saw many of the Pharisees and Sadducees coming for his baptism he said to them, "You offspring of vipers, who warned you to flee from the wrath to come?
8 Pele ga lo kolobediwa supang gore lo sokologile mo dibeng ka go dira ditiro tse di tshwanetseng.
Therefore bring forth fruit worthy of repentance,
9 Lo seka lwa ikaketsa lwa re, ‘Re falotse ka re le Bajuda, losika lwa ga Aberahame.’ Moo ga go reye sepe. Modimo o ka fetola maje a a fano a, go nna Bajuda!
and do not think to yourselves, 'We have Abraham for our father,' for I tell you that God is able to raise up children to Abraham from these stones.
10 “Mme le jaanong selepe sa katlholo ya Modimo se tsepame go kgaola setlhare sengwe le sengwe se se sa ungweng. Di tlaa rengwa di tshubiwa.
"Even now the axe lies at the root of the trees. Therefore, every tree that does not bring forth good fruit is cut down, and cast into the fire.
11 “Nna ke kolobetsa mo metsing ba ba sokologileng mo dibeng tsa bone; mme mongwe o e tla; yo mogolo go mpheta thata, o bogolo jo e leng gore ga ke a lekana go tshola ditlhako tsa gagwe. Ene o tlaa lo kolobetsa ka Mowa o o Boitshepo le ka molelo.
I indeed baptize you in water for repentance, but the one who comes after me is mightier than I, whose shoes I am not worthy to carry. He will baptize you in the Holy Spirit and with fire.
12 O tlaa tlhopa mmoko mo mabeleng, a fisa mmoko ka molelo o o sa khutleng, a ba a boloka mabele mo polokelong.”
His winnowing fork is in his hand, and he will thoroughly cleanse his threshing floor. He will gather his wheat into the barn, but the chaff he will burn up with unquenchable fire."
13 Mme a tswa mo ga gabo mo Galalea a ya kwa nokeng ya Jorodane go kolobediwa teng ke Johane.
Then Jesus came from Galilee to the Jordan to John, to be baptized by him.
14 Johane o ne a sa batle go mo kolobetsa a re, “Mo ga go a tshwanela, ke nna ke tlhokang go kolobediwa ke wena.”
But John would have hindered him, saying, "I need to be baptized by you, and you come to me?"
15 Mme Jesu a fetola a re, “Tswee-tswee dira jalo ka gore ke tshwanetse go dira tshiamo yotlhe.” Jalo he, Johane a mo kolobetsa.
But Jesus, answering, said to him, "Allow it to happen now, for this is the proper way for us to fulfill all righteousness." Then he allowed him.
16 Morago ga kolobetso, fela fa Jesu a tswa mo metsing, magodimo a mmulegela mme a bona Mowa wa Modimo o fologa o le mo setshwanong sa lephoi.
And Jesus, when he was baptized, went up directly from the water; and look, the heavens were opened, and he saw the Spirit of God descending as a dove, and coming on him.
17 Mme lentswe la tswa kwa legodimong le re, “Yo ke morwaake yo o rategang, ke itumela thata ka ene”.
And look, a voice out of the heavens said, "This is my beloved Son, with whom I am well pleased."