< Mathaio 28 >

1 Mme ya re phakela mo mosong wa Tshipi, fa bosigo jwa tshipi boo sa, Marea Magatalena le Maria yo mongwe ba ya kwa phupung.
Depois que terminou o sábado/dia de descanso dos judeus, ao amanhecer do domingo, Maria do povoado da Madalena e a outra Maria foram olhar o túmulo.
2 Ka tshoganetso ga nna thoromo ya lefatshe e kgolo; gonne moengele wa Morena o na a fologa kwa legodimong mme a pitikololela lentswe fa thoko ga phupu mme a nna mo godimo ga lone.
De repente houve um forte terremoto. [Ao mesmo tempo] um anjo que o Senhor/Deus [mandou] desceu do céu. Ele foi ao túmulo e tirou a pedra [da entrada para que todos pudessem ver que o túmulo estava vazio]. Então ele se sentou na pedra.
3 Sefatlhogo sa gagwe sa bo se phatsima jaaka logadima, le diaparo tsa gagwe tsa bo di le bosweu jo bo fatlhang.
A aparência dele era [tão brilhante] como um relâmpago e suas roupas eram brancas como a neve.
4 Balebeledi ba roromisiwa ke letshogo fa ba mmona, mme ba idibala mo o neng o ka re ba sule.
Os guardas tremeram porque estavam com medo. Depois ficaram [totalmente quietos], como se fossem mortos.
5 Mme moengele a bua le basadi a re, “Se boifeng!” Ke itse gore lo batla Jesu yo o neng a bapotswe,
O anjo disse às duas mulheres: “Não tenham medo! Sei que vocês estão procurando Jesus, que foi pregado {que eles pregaram} em uma cruz.
6 mme ga a yo fano! Gonne o rudile fela jaaka a boletse. Tsenang lo bone fa mmele wa gagwe o neng o namaletse gone.
O corpo dele não está aqui! Ele foi feito {Deus fez com que Ele esteja vivo} outra vez ressuscitando-o [dos mortos, ] assim como [Jesus] lhes disse [que aconteceria]. Venham ver o lugar onde o corpo dele antes estava deitado!
7 Mme jaanong, itlhaganeleng lo ye go itsise barutwa ba gagwe gore o tsogile mo baswing le gore o ya kwa Galalea go rakana nabo teng. Ke one molaetsa wa me o ke o lo nayang.
Em seguida, vão rápido e digam aos discípulos dele: ‘Ele viveu de novo dentre aqueles que estão mortos! Ele vai diante de vocês para [o distrito] da Galileia. Vocês vão vê-lo lá. [Prestem atenção no que] eu estou dizendo a vocês!”
8 Basadi ba akofa ba tloga fa phupung ba tshogile gape ba itumetse thata, mme ba itlhaganelela go batla barutwa go ba bolelela molaetsa wa moengele.
Então as mulheres saíram rápido do túmulo. Elas estavam com medo, mas [também] estavam muito alegres. Correram para dizer a nós, discípulos, [o que tinha acontecido].
9 Mme ya re ba santse ba siane, ka tshoganetso Jesu a ba kgatlhantsha! A re, “Dumelang!”. Ba wela fa fatshe fa pele ga gagwe ba mo tshwara dinao ba mo obamela.
De repente, [enquanto estavam correndo], Jesus apareceu a elas. Ele disse: “Saudações!” As mulheres chegaram perto dele. Ajoelharam-se, abraçaram os pés dele e O adoraram.
10 Mme Jesu a ba raya a re, “Se boifeng! Yang go raya bana ba ga Rre lo re ba itlhaganelele kwa Galalea go nkgatlhantsha teng.”
Então Jesus disse a elas: “Não tenham medo! Vão e digam a todos ––[meus discípulos/aqueles que são mais queridos por mim do que meus irmãos] ––que eles devem ir à Galileia. Vão ver-me lá”.
11 Ya re basadi ba santse ba le mo tseleng e e yang motseng, bangwe ba mapodisi a Tempele ba ba neng ba disitse phupu ba ya kwa baperesiting ba bagolo go ba bolelela se se diragetseng.
Enquanto as mulheres iam, alguns dos soldados que tinham guardado o túmulo foram à cidade. Eles disseram aos chefes dos sacerdotes tudo que tinha acontecido.
12 Phuthego ya baeteledipele botlhe ba Sejuda ya kuiwa, ga dumalanwa gore mapodisi a rekwe ka madi gore ba re erile ba robetse barutwa ba ga Jesu ba tla bosigo mme ba utswa mmele wa gagwe.
Então os chefes dos sacerdotes e os anciãos dos judeus se reuniram. Fizeram um plano [para explicar por que o túmulo estava vazio]. Deram muito dinheiro aos soldados como propina.
Disseram: “Digam às pessoas: ‘Os discípulos dele chegaram de noite e roubaram o corpo dele enquanto estávamos dormindo’.”
14 Mme phuthego ya ba solofetsa ya re, “Fa molaodi a ka utlwa ka ga kgang e, re tlaa lo sireletsa mme sengwe le sengwe se tlaa siama.”
Se isso for ouvido pelo governador {Se o governador ouvir sobre isso}, nós mesmos asseguraremos que ele não fique zangado [e castigue vocês]. Portanto vocês não têm que se preocupar”.
15 Jalo mapodisi a dumalana go rekwa ka madi, mme ba bua se ba neng ba se rutilwe. Polelo ya bone ya anama mo Bajudeng, le gompieno e sa ntse e dumelwa.
Então os soldados aceitaram o dinheiro e fizeram como lhes foi dito {assim como [os chefes dos sacerdotes e os anciãos] lhes disseram}. Esta história tem sido divulgada {As pessoas têm divulgado esta história} entre os judeus até este mesmo dia em que [estou escrevendo] isto.
16 Mme barutwa ba ba lesome le motso ba ya Galalea, ba ya thabeng e Jesu a neng a rile ba tlaa mo fitlhela teng.
[Mais tarde] nós onze discípulos fomos ao [distrito da] Galileia. Fomos ao monte onde Jesus nos tinha dito para ir.
17 Mme koo ba feta ba rakana nae mme ba mo obamela; mme bangwe ba bone ba bo ba sa tlhomamise gore a ke ene Jesu tota!
Nós O vimos [ali] e O adoramos, mas alguns de nós duvidamos [que fosse realmente Jesus que tinha tornado a viver].
18 A raya barutwa ba gagwe a re, “Ke neilwe taolo yotlhe kwa Legodimong le mo lefatshing.
Então Jesus chegou [perto] de nós e disse: “Toda autoridade [sobre todas as coisas e todas as pessoas] no céu e na terra foi dada a mim {[Meu Pai] me deu toda autoridade [sobre tudo e todos] no céu e na terra}.
19 Ke gone tsamayang mme lo dire barutwa mo merafeng yotlhe, lo ba kolobetse mo ineng la ga Rara le la Morwa le la Mowa o o Boitshepo.
Portanto vão [e, usando essa autoridade, ensinem a minha mensagem] às pessoas de todas as etnias/grupos étnicos para que possam ser meus discípulos. Batizem elas [para estarem debaixo da autoridade do] meu Pai, de mim, o Filho dele, e do Espírito Santo.
20 Mme ke gone lo rute barutwa ba basha ba go tshegetsa ditaolo tsotlhe tse ke di lo neileng; mme lo tlhomamise Gore ke na le lona ka malatsi otlhe le go ya bokhutlong jwa lefatshe.” (aiōn g165)
Ensinem-nas a obedecerem a tudo quanto estou mandando vocês. Lembrem-se de que estarei com vocês para sempre, até o final [desta] era”. (aiōn g165)

< Mathaio 28 >