< Mathaio 25 >

1 “Bogosi jwa Legodimo bo ka tshwants-hiwa ka polelo ya makgarebana a a some a a neng a tsaya dipone tsa one a ya go kgatlhantsha monyadi.
Then the kingdom of heaven will be like ten virgins, who took their lamps, and went out to meet the bridegroom.
2 Mme ba le batlhano fela ba bone ba ne ba nna botlhale go tlatsa dipone tsa bone lookwane, fa ba bangwe ba batlhano ba ne ba dira boeleele ba lebala go dira jalo.
And five of them were foolish, and five wise.
3
For the foolish took their lamps, and took no oil with them.
4
But the wise took oil in their vessels with their lamps.
5 “Mme ya re monyadi a diega, ba nna fa fatshe go itapolosa go fitlhelela bosigogare fa ba thantshiwa ke mokgosi o o reng, ‘Monyadi o e tla! Tswelang kwa ntle lo mo amogeleng.’
And as the bridegroom tarried, they all slumbered and slept.
6
But at midnight there was a cry, Lo! the bridegroom! go out to meet him.
7 “Basetsana botlhe ba phaphama ba baakanya dipone tsa bone. Mme, ba batlhano ba ba neng ba sena lookwane ba kopa ba bangwe go ba thelela lookwane gonne dipone tsa bone di ne di tima.
Then all those virgins arose, and trimmed their lamps.
8
And the foolish said to the wise, Give us of your oil, for our lamps are going out.
9 “Mme ba bangwe ba fetola ba re, ‘ga re na lookwane lo lo lekanyeng. Tsamayang lo ye kwa mabentleleng lo ye go ithekela.’
But the wise answered, saying, Perhaps there will not be enough for us and you; go rather to those who sell, and buy for yourselves.
10 “Mme ya re ba sa ntse ba tsamaile monyadi a goroga mme ba ba neng ba ipaakantse ba tsena nae mo modirong wa lenyalo, mme kgoro ya tswalwa.
And while they went to buy, the bridegroom came; and they who were ready went in with him to the wedding; and the door was shut.
11 Morago fa ba bangwe ba batlhano ba boa, ba nna kwa ntle ba bitsa ba re, ‘Morena Morena, re bulele!’
Afterward came also the other virgins, saying, Lord, lord, open to us.
12 “Mme a fetola a re ‘Tsamayang! nako e setse e fetile!’
But he answering said, Truly do I say to you, I know you not,
13 “Jalo nnang lo itisitse lo ipaakantse, gonne ga lo itse letsatsi kgotsa lobaka lwa go boa ga me.”
Watch, therefore, for ye know not the day nor the hour.
14 “Gape, Bogosi jwa Legodimo bo ka tshwantshiwa ka polelo ya monna yo o kileng a ya kwa lefatshing lengwe, yo o neng a bitsa batlhanka ba gagwe mme a ba neela madi go a mo atisetsa a sa ntse a seyo.
For it will be as when a man going abroad called his own servants, and intrusted to them his property;
15 A neela wa ntlha madi a selekanyo sa ditalenta di le tlhano, yo mongwe a mo neela ditalenta di le pedi, mme wa bofelo a mo neela talenta e le nngwe fela, a a kgaoganya ka fa nonofong ya bone, mme hong a simolola loeto lwa gagwe.
and to one he gave five talents, to another two, and to another one, to each according to his ability, and went abroad.
16 “Monna yo o amogetseng ditalenta di le tlhano a simolola go reka a rekisa mme a dira lesome.
He that had received the five talents went immediately and traded with the same, and gained five talents more.
17 Monna yo o tshotseng ditalenta tse pedi a tlhamalalela kwa tirong, le ene a dira ditalenta tse pedi tse dingwe.
In like manner, he that had received the two gained two more.
18 “Mme monna yo o amogetseng talenta e le nngwe a e epela mosima a e fitlha mo teng gore e bolokesege.
But he that had received the one went and dug in the earth, and hid his lord's money.
19 Morago ga nako e telele monnga-bone a boa mo loetong lwa gagwe, mme a ba biletsa kwa go ene go arabela madi a gagwe.
And after a long time the lord of those servants cometh, and reckoneth with them.
20 Monna yo o neng a mo neetse ditalenta di le tlhano a mo neela ditalenta di le some.
And he that had received the five talents came and brought five talents more, saying, Lord, thou intrustedst to me five talents; see, I have gained five talents more.
21 Monngagwe a mo akgolela tiro e ntle eo. A mo raya a re o ikanyegile mo go bolokeng bonnyennyane jo, jalo he ke tlaa go naya thata mo dilong di le dintsi. Tla o tlhakanele le nna boitumelo jwa me.”
His lord said to him, Well done, good and faithful servant! thou hast been faithful over a little, I will place thee in charge of much; enter into the joy of thy lord.
22 “Lwa bobedi ga tla monna yo a neng a amogetse ditalenta di le pedi ka polelo e e reng, ‘Morena, o nneetse ditalenta di le pedi go di dirisa, mme ke menagantse gabedi.’
He also that had received the two talents came and said, Lord, thou intrustedst to me two talents; see, I have gained two talents more.
23 “Monngagwe a mo raya a re, ‘O dirile tiro e ntle, O motlhanka yo o siameng yo o ikanyegang. O ntse o ikanyega mo go bolokeng bonnyennyane jo, mme jaanong ke go neela go le gontsi.’
His lord said to him, Well done, good and faithful servant! thou hast been faithful over a little, I will place thee in charge of much; enter into the joy of thy lord.
24 Hong monna yo o tshotseng talenta e le nngwe a tla mme a re, ‘Morena ke go itse o le motho yo o pelo e thata, mme ke ne ka tshaba gore o tlaa ntseela se ke se boneng ka go atisa madi, jalo ka fitlha madi a gago mo mmung, mme ke a!’
Then he also that had received the one talent came and said, Lord, I knew thee to be a hard man, reaping where thou didst not sow, and gathering where thou didst not scatter seed;
and I was afraid, and went and hid thy talent in the earth. See! thou hast thine own.
26 Mme monngagwe a fetola a re, ‘Motlhanka yo o bosula! Lekgoba le le setshwakga! Ka o no o itse ke tlaa batla ga mofufutso wa phatla ya gago,
But his lord answered and said to him, Wicked and slothful servant! Didst thou know that I reap where I sowed not, and gather where I did not scatter seed?
27 O ka bo bogolo o ne wa baya madi a me mo polokelong gore ke tle ke bone morokotso wa one
Thou oughtest then to have put my money with the money-dealers, and on my coming I should have received mine own with interest.
28 Tsayang madi a mo monneng yo lo a neele monna yo o nang le ditalenta di le some.
Take therefore the talent from him, and give it to him who hath the ten talents.
29 Gonne motho yo o dirisang se a se neetsweng sentle o tlaa neelwa go le go tona, mme o tlaa nna le letlotlo, mme motho yo o sa ikanyegeng, le e leng tshwanelo e potlana e a nang nayo e tlaa tsewa mo go ene.
For to every one that hath will be given, and he will have abundance; but from him that hath not, even that which he hath will be taken away.
30 Mme fa e le motlhanka yo o senang molemo yo o tlaa latlhelwa kwa ntle mo lefifing kwa go tlaa nnang selelo le khuranyo ya meno.’
And cast out the unprofitable servant into the outer darkness; there will be wailing and gnashing of teeth.
31 “Mme fa nna Morwa Motho ke tla mo kgalalelong ya me, le baengele botlhe ba na le nna, ke tlaa nna mo setulong sa me sa kgalalelo.
And when the Son of man shall come in his glory, and all the angels with him, then will he sit on the throne of his glory,
32 Mme dichaba tsotlhe di tlaa phuthelwa fa pele ga me. Mme ke tlaa kgaoganya batho jaaka modisa a kgaoganya dinku le dipudi;
and before him will be gathered all the nations; and he will separate men one from another, as a shepherd separateth the sheep from the goats;
33 Ke baya dinku ka fa lebogong le legolo, dipudi ka fa go la molema.
and he will set the sheep on his right hand, and the goats on the left.
34 “Hong nna Kgosi ke tlaa raya ba ba ka fa lebogong la me le legolo ke re, ‘Tlang, basegofadiwa ba ga Rre mo Bogosing jo lo bo baakanyeditsweng go tsweng kwa tlholegong ya lefatshe.
Then will the king say to those on his right hand, Come, ye blessed by my Father, inherit the kingdom prepared for you from the foundation of the world.
35 Gonne ke ne ka bolawa ke tlala mme lwa mpha dijo; ke ne ka nyorwa mme lwa nnosa; ke ne ka nna moeng mme lwa ntaletsa mo malwapeng a lona;
For I was hungry, and ye gave me food; I was thirsty, and ye gave me drink; I was a stranger, and ye took me in;
36 “Ke ne ke sa apara mme lwa nkapesa; ke ne ke lwala ka ba ka nna mo kgolegelong, mme lwa tla go ntlhola.’
naked, and ye clothed me; I was sick, and ye visited me; I was in prison, and ye came to me.
37 “Hong basiami ba tlaa fetola ba re, ‘Morena re kile ra go bona leng o bolailwe ke tlala mme ra go fa dijo? Kgotsa o nyorilwe mme ra go nosa?
Then will the righteous answer him, saying, Lord, when saw we thee hungry, and fed thee? or thirsty, and gave thee drink?
38 Kgotsa o le moeng mme ra go thusa? Kgotsa o sa apara mme ra go apesa?
and when saw we thee a stranger, and took thee in? or naked, and clothed thee?
39 Re kile ra go bona leng o lwala kgotsa o le mo kgolegelong mme ra go etela?’
or when did we see thee sick, or in prison, and come to thee?
40 “Mme nna Kgosi, ke tlaa lo raya ke re, ‘E rile fa lo go direla’ bakaulengwe ba, lwa bo lo go ntirela!
And the king will answer and say to them, Truly do I say to you, Inasmuch as ye did it to one of the least of these my brethren, ye did it to me.
41 Hong ke tlaa gadimela ka fa go ba ba fa molemeng wa me ke re, ‘Tlong, lona ba lo hutsegileng, lo yeng kwa molelong o o sa khutleng, o o baakanyeditsweng diabolo le mewa e e maswe. (aiōnios g166)
Then will he say also to those on the left hand, Depart from me, ye cursed, into the everlasting fire, which is prepared for the Devil and his angels. (aiōnios g166)
42 Gonne ke ne ka bolawa ke tlala mme lwa seka lwa mpha dijo; ka nyorwa mme lwa seka lwa nneela le fa e le sepe go se nwa.
For I was hungry, and ye gave me no food; I was thirsty, and ye gave me no drink;
43 Ka nna moeng mme lwa seka lwa ntshola; ke ne ke sa apara mme ga lo a ka lwa nkapesa; ka lwala, ka ba ka nna mo kgolegelong ga lo a ka lwa tla go ntlhola.’
I was a stranger, and ye took me not in; naked, and ye clothed me not; sick, and in prison, and ye visited me not.
44 “Hong ba tlaa fetola ba re ‘Morena, re kile ra go bona leng o bolailwe ke tlala kgotsa o tshwerwe ke lenyora kgotsa o le moeng kgotsa o sa apara kgotsa o lwala kgotsa o le mo kgolegelong mme ra se ka ra go thusa?’
Then will they also answer, saying, Lord, when saw we thee hungry, or thirsty, or a stranger, or naked, or sick, or in prison, and did not minister to thee?
45 “Mme ke tlaa araba ke re, ‘E rile fa lo gana go direla bakaulengwe ba ba botlana ba, lo no lo gana go direla nna.’
Then will he answer them, saying, Truly do I say to you, Inasmuch as ye did it not to one of the least of these, ye did it not to me.
46 “Mme ba tlaa ya kwa kwatlhaong e e sa khutleng; mme basiami ba tla a ya mo botshelong jo bo sa khutleng.” (aiōnios g166)
And these will go away into everlasting punishment; but the righteous into everlasting life. (aiōnios g166)

< Mathaio 25 >