< Mathaio 24 >
1 Mme ya re fela fa Jesu a tswa mo patlelong ya Tempele, barutwa ba gagwe ba mo sala morago ba tla go mo tsamaisa ba mo kaetsa dikago tse di farologanyeng tsa Tempele.
And Jesus went out from the temple, and was going on his way; and his disciples came to him to show him the buildings of the temple.
2 Mme a ba raya a re, “Dikago tse tsotlhe di tlaa digelwa fa fatshe, lentswe lepe le sa tlogelwe le tlhatlaganye le le lengwe!”
But he answered and said unto them, See ye not all these things? verily I say unto you, There shall not be left here one stone upon another, that shall not be thrown down.
3 Mme ya re morago fa barutwa ba gagwe ba ntse fa fatshe mo thoteng ya Thaba ya Lotlhware, ba mmotsa ba re, “mo go diragala leng? Ditshupo tse di tlaa supang go boa ga gago le bokhutlo jwa lefatshe ke dife?” (aiōn )
And as he sat on the mount of Olives, the disciples came unto him privately, saying, Tell us, when shall these things be? and what [shall be] the sign of thy coming, and of the end of the world? (aiōn )
4 Jesu a fetola a re, “Se letleng ope go lo timetsa.
And Jesus answered and said unto them, Take heed that no man lead you astray.
5 Gonne ba le bantsi ba tlaa tla ba ipitsa gore ke bone BoMesia, mme ba timetsa ba le bantsi.
For many shall come in my name, saying, I am the Christ; and shall lead many astray.
6 Fa lo utlwa ka go simologa ga dintwa, mo go tlaa bo go sa supe go boa ga me; mo go tshwanetse go diragala, mme bokhutlo bo tlaa bo bo ise bo tle.
And ye shall hear of wars and rumors of wars; see that ye be not troubled: for [these things] must needs come to pass; but the end is not yet.
7 Dichaba le Mebuso ya lefatshe di tlaa tsogologelana, go tlaa nna mauba le dithoromo tsa lefatshe mo mafelong a le mantsi.
For nation shall rise against nation, and kingdom against kingdom; and there shall be famines and earthquakes in divers places.
8 Mme gotlhe mo e tlaa bo e le tshimologo ya ditlalelo tse di tlang fela.”
But all these things are the beginning of travail.
9 “Hong lo tlaa tlhokofadiwa, lo bolawe, lo bo lo ilwe ke lefatshe lotlhe ka ntlha ya gore lo ba me.
Then shall they deliver you up unto tribulation, and shall kill you: and ye shall be hated of all the nations for my name’s sake.
10 Mme ba le bantsi ba lona ba tlaa boela mo sebeng, ba okane ba bo ba ilane.”
And then shall many stumble, and shall deliver up one another, and shall hate one another.
11 Mme go tlaa nna le baporofiti ba le bantsi ba eseng bone mme ba tlaa timetsa bontsi.
And many false prophets shall arise, and shall lead many astray.
12 Sebe se tla ntsifala thata gongwe le gongwe, se tsidifatse lorato lwa ba le bantsi.
And because iniquity shall be multiplied, the love of the many shall wax cold.
13 Mme ba ba itshokang go ya bokhutlong ba tlaa bolokwa.
But he that endureth to the end, the same shall be saved.
14 “Mme mafoko a a molemo a Bogosi a tlaa rerwa mo lefatshing lotlhe gore dichaba tsotlhe di utlwe, mme hong lwa bofelo bokhutlo bo tlaa tla.
And this gospel of the kingdom shall be preached in the whole world for a testimony unto all the nations; and then shall the end come.
15 Jalo, fa lo bona selo se se makgapha, (se se boletsweng ke Moporofeti Daniele, a mmadi a tlhaloganye se se buiwang!)
When therefore ye see the abomination of desolation, which was spoken of through Daniel the prophet, standing in the holy place (let him that readeth understand),
16 hong ba ba mo Judea ba patelesega go tshabela kwa dithabeng tsa Judea.
then let them that are in Judæa flee unto the mountains:
17 “Ba ba mo maribelong a matlo a bone ba seka ba tsena mo teng go phutha dilwana pele ga ba tshaba.
let him that is on the housetop not go down to take out the things that are in his house:
18 Ba ba kwa masimo ba seka ba boela kwa magaeng a bone go tsaya diaparo.
and let him that is in the field not return back to take his cloak.
19 “Mme a bo go tlaa bo go latlhega basadi ba baimana le ba ba nang le masea mo malatsing ao.
But woe unto them that are with child and to them that give suck in those days!
20 Mme lo rapele gore go sia ga lona go seka ga nna mariga, kgotsa go le Sabata
And pray ye that your flight be not in the winter, neither on a sabbath:
21 Gonne go tlaa nna pogisego e lefatshe le iseng le ke le e bone pele mo tshimologong ya lone go fitlha nako eno, mme ga e kitla e tlhola e bonwa gape.”
for then shall be great tribulation, such as hath not been from the beginning of the world until now, no, nor ever shall be.
22 “Mme tota fa malatsi ao a sa khutshwafadiwe, batho botlhe ba tlaa nyelela, mme a tlaa khutshwafadiwa ka ntlha ya batho ba Modimo o ba itshenketseng.”
And except those days had been shortened, no flesh would have been saved: but for the elect’s sake those days shall be shortened.
23 “Hong fa mongwe a lo raya a re ‘Mesia o gorogile kwa lefelong lengwe, kgotsa o bonetse fano kgotsa fale, kgotsa mo motseng o kgotsa ole,’ se dumeleng.
Then if any man shall say unto you, Lo, here is the Christ, or, Here; believe [it] not.
24 Gonne go tlaa nna teng Bo-Kereste ba le bantsi ba eseng bone, le baporofiti ba eseng bone, ba tlaa dira dikgakgamatso, gore e re fa go no go ka kgonega, le e leng ba ba itlhophetsweng ke Modimo tota ba tsiediwe.
For there shall arise false Christs, and false prophets, and shall show great signs and wonders; so as to lead astray, if possible, even the elect.
25 Bonang, ke lo tlhagisitse.
Behold, I have told you beforehand.
26 “Mme ke gone fa mongwe a lo raya a re Mesia o boile mme o ile kwa sekakeng, lo se ka lwa eletsa go tsamaya lo ya go bona, kgotsa, gore o iphitlhile golo gongwe, se dumeleng!
If therefore they shall say unto you, Behold, he is in the wilderness; go not forth: Behold, he is in the inner chambers; believe [it] not.
27 Gonne jaaka logadima lo tle lo gadime go kgabaganya loapi go tsweng botlhabatsatsi go ya bophirima, go tla ga me go tlaa nna jalo, fa nna Morwa Motho ke boa.
For as the lightning cometh forth from the east, and is seen even unto the west; so shall be the coming of the Son of man.
28 Mme gongwe le gongwe kwa go nang le setoto, manong a phuthegela gone.
Wheresoever the carcase is, there will the eagles be gathered together.
29 “E tlaa re ka bofefo morago ga pogiso ya malatsi letsatsi le tlaa fifadiwa, le ngwedi o tlaa ntshofala, le dinaled di bonala o ka re di wa mo magodimong, le dinonofo tse di khuromeditseng lefatshe di tlaa reketlisiwa.
But immediately after the tribulation of those days the sun shall be darkened, and the moon shall not give her light, and the stars shall fall from heaven, and the powers of the heavens shall be shaken:
30 “Mme kwa bofelong sesupo sa go tla ga me se tlaa bonala mo magodimong, mme go tlaa nna khutsafalo e kgolo mo tikologong ya lefatshe lotlhe, mme dichaba tsa lefatshe di tlaa mpona ke goroga ka maru a legodimo, ka nonofo le kgalalelo e kgolo.
and then shall appear the sign of the Son of man in heaven: and then shall all the tribes of the earth mourn, and they shall see the Son of man coming on the clouds of heaven with power and great glory.
31 Mme ke tlaa roma baengele ba me ka tumo ya torompeta e kgolo, mme ba tlaa phutha baitshenkedwi ba me go tsweng dikhutlong tsa lefatshe le legodimo.
And he shall send forth his angels with a great sound of a trumpet, and they shall gather together his elect from the four winds, from one end of heaven to the other.
32 “Jaanong ithuteng thuto ka setlhare sa mofeige. Fa kala ya sone e le nana matlhare a simolola go kukunya, lo itse gore selemo se setse se gorogile.
Now from the fig tree learn her parable: when her branch is now become tender, and putteth forth its leaves, ye know that the summer is nigh;
33 Fela jalo, fa lo bona dilo tse tsotlhe di simolola go diragala, lo ka itse gore go boa ga me go gaufi, go fela fa mojakong.
even so ye also, when ye see all these things, know ye that he is nigh, [even] at the doors.
34 Hong kwa bofelong lobaka lo lo tlaa tla mo bokhutlong jwa lone.
Verily I say unto you, This generation shall not pass away, till all these things be accomplished.
35 “Legodimo le lefatshe di tlaa nyelela, mme mafoko a me a tla nna ka bosenabokhutlo.”
Heaven and earth shall pass away, but my words shall not pass away.
36 “Mme ga go ope yo o itseng letsatsi le fa e le nako e bokhutlo bo tlaa tlang ka yone, le fa e le baengele. Nnyaa, le fa e le Morwa Modimo tota. Ke Rara fela a le esi yo o itseng.
But of that day and hour knoweth no one, not even the angels of heaven, neither the Son, but the Father only.
37 “Lefatshe le tlaa bo le iketlile, le le mo tlhapeding ya meletlo batho ba a ja ba a nwa, ba nyala ba nyadisa, jaaka go ne go ntse ka nako ya ga Noa pele ga go tla ga tshoganetso ga morwalela.
And as [were] the days of Noah, so shall be the coming of the Son of man.
For as in those days which were before the flood they were eating and drinking, marrying and giving in marriage, until the day that Noah entered into the ark,
39 Batho ba ne ba sa dumele se se neng se ya go diragala go fitlhelela morwalela o tla o ba phaila botlhe. Jalo go tla ga me go tlaa nna fela jalo.
and they knew not until the flood came, and took them all away; so shall be the coming of the Son of man.
40 “Banna ba le babedi ba tlaa bo ba dira mo masimong, mongwe o tlaa tsewa, yo mongwe a tlogelwa.
Then shall two men be in the field; one is taken, and one is left:
41 Basadi ba le babedi ba tlaa bo ba dira tiro ya bone ya lolwapa, mongwe o tlaa tsewa, yo mongwe a tlogelwe.
two women [shall be] grinding at the mill; one is taken, and one is left.
42 Ke gone ipaakanyeng, gonne ga lo itse letsatsi le Morena wa lona o tlang ka lone.
Watch therefore: for ye know not on what day your Lord cometh.
43 Fela jaaka motho a ka kganela matshwenyego a a leriweng ke magodu ka go nna a itlhokometse mo go one.
But know this, that if the master of the house had known in what watch the thief was coming, he would have watched, and would not have suffered his house to be broken through.
44 Jalo lo ka kganela matshwenyego ka go nna malatsi otlhe lo ipaakanyeditse go boa ga me mo go se kitlang go anamisiwa.
Therefore be ye also ready; for in an hour that ye think not the Son of man cometh.
45 “A o motlhanka yo o botlhale yo o ikanyegang wa Morena? a ke go neetse tironyana ya go laola ba ntlo ya me, go fepa bongwanake letsatsi le letsatsi?
Who then is the faithful and wise servant, whom his lord hath set over his household, to give them their food in due season?
46 O sego fa e ka re ke boa ka fitlhela o dira tiro ya gago ka go ikanyega.
Blessed is that servant, whom his lord when he cometh shall find so doing.
47 Ke tlaa dira ba ba ikanyegang jalo balaodi ba sengwe le sengwe se ke nang naso.
Verily I say unto you, that he will set him over all that he hath.
48 Mme fa o le bosula o bo o ithaya o re, ‘Morena wa me ga a na go tla ka bofefo,’
But if that evil servant shall say in his heart, My lord tarrieth;
49 o bo o simolola go gatelela batlhanka ka wena, o o ja o nwa o tagwa.
and shall begin to beat his fellow-servants, and shall eat and drink with the drunken;
50 Morena wa gago o tlaa goroga a sa anamisiwa e bile a sa solofelwa,
the lord of that servant shall come in a day when he expecteth not, and in an hour when he knoweth not,
51 “Mme a ba a go kgwathisa thata a go lelekela katlholong ya baitimokanyi; kwa go tlaa nnang selelo le khuranyo ya meno teng.”
and shall cut him asunder, and appoint his portion with the hypocrites: there shall be the weeping and the gnashing of teeth.