< Mathaio 22 >

1 Jesu a bolela dipolelo tse dingwe tse dintsi go supa gore Bogosi jwa Legodimo bo tshwana le eng. Sekai, bo ka tshwantshiwa ka polelo ya Kgosi e e kileng ya baakanyetsa morwaa yone mokete o mogolo wa lenyalo.
耶稣又讲述了一个比喻:
2
“天国好比一个王,为儿子摆设婚筵。
3 Baeng ba le bantsi ba lalediwa, mme e rile fa dijo di setse di siame a roma batho go itsise mongwe le mongwe gore ke nako ya gore ba tle. Mme batho ba ba laleditsweng ba gana!
他派仆人去请受邀之人来参加婚筵。但他们不肯来。
4 Jalo a roma batlhanka ba bangwe go ba bolelela gore, “Sengwe le sengwe se siame le dinama tse di besiwang di setse di le mo isong. Itlhaganeleng!”
他再派另一些仆人去,对他们说:‘告诉那些受邀之人,我已经预备好了筵席,宰杀了公牛和肥畜,一切都预备妥当。来参加婚筵吧!’
5 Mme baeng ba a neng a ba laleditse ba tshega fela ba tswelela pele le ditiro tsa bone, mongwe kwa morakeng wa gagwe yo mongwe kwa madirelong a gagwe;
但那些人却不理会这番邀请,掉头走开,有的去耕田,有的去做买卖,
6 ba bangwe ba itaya batlhanka ba gagwe ba ba tshwara setlhogo mo go tlhabisang ditlhong, ba bo ba bolaya bangwe ba bone.
还有些人抓住王的仆人,凌辱他们,把他们杀了。
7 Hong Kgosi e e galefileng ya bolotsa ntwa ya yone ya bolaya babolai ya tshuba motse wa bone.
王怒火中烧,派兵消灭那些凶手,焚毁他们的城。
8 Mme ya raya batlhanka ba yone ya re, “Modiro wa lenyalo o siame, mme baeng ba ke ba laleditseng ga ba a tshwanelwa ke tlotlo.
然后对仆人说:‘婚筵已经预备好了,只是受邀之人不配来此。
9 Jaanong tsamayang mo mebileng ya motse lo laletse mongwe le mongwe yo lo mmonang.”
你们去大路口站着,邀请所有遇见之人来参加婚筵。’
10 Mme batlhanka ba dira fela jalo, ba lere batho botlhe, basiami le baleofi ka go tshwana; mme ntlo ya tlala balalediwa.
那些仆人走到街上,把所有遇见之人,无论好坏,都招聚而来,很快婚筵就满座了。
11 Mme e rile fa Kgosi e tla go rakana le balalediwa, ya bona monna yo a neng a sa apara seaparo sa lenyalo (se a neng a se neetswe).
王进来与赴筵之人见面,发现一人没有穿着婚筵的礼服,
12 Kgosi ya botsa ya re, “Tsala, go diragetse jang gore o bo o le fano o sena seaparo sa lenyalo?” Mme monna a tlhoka karabo.
于是王就对他说:‘朋友,你没有婚筵礼服,怎能进入这里?’那人无话可说。
13 Hong Kgosi ya raya bathusi ba yone ya re, “Mo golegeng mabogo le maoto lo mo latlhele kwa ntle mo lefifing kwa go nang le selelo le khuranyo ya meno gone.”
于是王对侍从说:‘把他的手脚都绑起来,丢到黑暗中,在那里必有哀哭切齿。’
14 Gonne ba le bantsi ba biditswe, mme ba se kae ba itshenketswe!
因为受邀人很多,但很少是他选择之人。”
15 Bafarasai ba kopana go leka go akanya tsela e ba ka mo tshwarang mo puong ka yone.
法利赛人离开了,聚在一起商量,怎样通过耶稣所说的话来陷害他。
16 Ba ikaelela go roma bangwe ba banna ba bone le Baheroda go mmotsa potso e: “Rra, re itse gore o ikanyega thata le gore o ruta boammaaruri kwa ntleng ga go tlhokomela tse di ka go diragalelang, e bile o sa boife bomang-mang jwa ga ope.
他们派了自己的门徒和希律党的门徒一同去问耶稣:“老师,我们知道你为人诚实,你所传授上帝之道皆为真理。你不允许任何人影响你,不在乎头衔或地位。
17 Jaanong re bolelele, a go siame go ntshetsa mmuso wa Roma lekgetho kgotsa nnyaa?”
那么请说说你的看法:纳税给凯撒,可不可以?”
18 Mme Jesu a bona se ba neng ba se ikaeletse. A re, “Baitimokanyi ke lona! Lo leka go tsietsa mang ka dipotso tsa lona tsa bolotsana?
耶稣看出他们的恶意,就说:“虚伪的人,为什么试探我?
19 Ntshupegetsang ledi,” Mme ba le mo naya.
把纳税的钱币给我看看。”他们拿了一个银币递给耶稣。
20 A ba botsa a re, “Le tshwantshitswe mang? Gape leina le le ka fa tlase ga setshwantsho se ke la ga mang”?
耶稣问他们:“这上面是谁的头像,谁的名号?”
21 Ba mo fetola ba re, “la ga Kaisara.” Mme a ba raya a re, “Go siame le neyeng Kaisara fa e le la gagwe, mme lo neele Modimo sengwe le sengwe se e leng sa one.”
他们回答:“这是凯撒。” 他就对他们说:“凯撒的就应当归于凯撒,上帝的就应当归于上帝。”
22 Mme phetolo ya gagwe e ne ya ba gakgamatsa ya ba ya ba palela ba mo tlogela ba tsamaya.
这话让他们分外震惊,于是就离开他走了。
23 Mme ka letsatsi leo bangwe ba Basadukai, ba ba reng ga go na tsogo ya baswi morago ga loso, ba tla kwa go ene mme ba mmotsa ba re
撒都该人从来不相信复活。那天晚些时候,他们前来问耶稣:
24 “Morena, Moshe o rile fa motho a a swa a sena bana, monnawe a nyale motlholagadi yoo, mme bana ba bone ba tlaa ja boswa.
“老师,摩西说如果一个已婚男人死了,没有儿女,他的弟弟就应该娶他的妻子,为哥哥留后。
25 Go kile ga bo go na le monna mongwe mo motseng wa rona a na le bana ba basimane ba supa. Mme wa ntlha a nyala mme a swa a sena bana, jalo motlholagadi wa gagwe a nna mosadi wa ga monnawe yo o mo tlhomaganelang.
以前我们这里有兄弟七人,老大结了婚,没有孩子就死了,留下妻子给他的弟弟。嫁给老二后,老二死了,嫁给老三,老三死了,
26 Mme le ene monnawe yo, a swa a sena bana, mme mosadi a nyalwa ke monnawe yo mongwe. Ga direga fela jalo go fitlhelela a nna mosadi wa mongwe le mongwe wa bone ka bosupa!
直到最后同样的事情又发生在老七身上。
27 Mme mosadi le ene a swa.
最后那女人也死了。
28 Jalo o tlaa nna mosadi wa ga mang mo tsogong ya baswi? Gonne e ne e le mosadi wa bone ka bosupa.”
那么复活的时候,她会是这七兄弟中哪人的妻子呢?因为他们都娶过她。”
29 Mme Jesu a re, “Phoso ya lona e dirwa ke bosenakitso jwa lona jwa go tlhoka go itse dikwalo le nonofo ya Modimo.
耶稣回答:“你们错在不明白圣经,也不知道上帝的能力。
30 Gonne mo tsogong ya baswi ga go na lenyalo; mongwe le mongwe o tshwana le baengele mo legodimong.
复活之后,人们不娶也不嫁,就像天堂的天使一样。
31 Mme jaanong, fa e le gore go na le tsogo ya baswi, a ga lo ke lo bala dikwalo? A ga lo lemoge gore Modimo o ne o bua le lona fa o re,
关于逝者复活之事,难道你们没读过上帝所说:
32 ‘Ke Modimo wa ga Aberahame, Isake le Jakobe!’ Jalo Modimo ga se Modimo wa baswi, mme ke wa batshedi.”
‘我是亚伯拉罕的上帝,以撒的上帝,雅各的上帝’,上帝并非死人之上帝,而是活人之上帝。”
33 Bontsintsi jwa batho jwa itumedisiwa thata ke dikarabo tsa gagwe.
民众听了他所说的,对其教义感到很惊异。
34 Mme e seng Bafarasai! E rile ba utlwa gore o didimaditse Basadukai ka phetolo ya gagwe, ba akanya sesha potso e bone ba ka e mmotsang. Mongwe wa bone yo e neng e le mmueledi (Agente), a bua a re:
听说耶稣让撒都该人无言以对,一群法利赛人便跑来提出更多问题。
其中有一个研究法律的专家,试探耶稣说:
36 “Morena, taolo ya botlhokwa mo melaong ya ga Moshe ke efe?”
“老师,律法中哪一条诫命最重要?”
37 Jesu a fetola a re, “‘Rata Morena Modimo wa gago ka pelo yotlhe ya gago, ka mowa le tlhaloganyo.’
耶稣回答:“‘你要全心、全性、全意爱你的主,你的上帝。’
38 E ke taolo ya ntlha ebile e le e kgolo. Ya bobedi ya botlhokwa thata e e tshwanang le yone ke e e reng: ‘Rata mongwe ka wena jaaka o ithata.’
这是最重要的受要诫命。
第二条与它相似,那就是:‘要爱人如己。’
40 Ditaolo tse dingwe tsotlhe le se se batlwang ke baporofiti di tswa mo melaong e mebedi e, mme e diragadiwa fa e tshegediwa. Tshegetsa yone e mebedi e fela, mme o tlaa bona gore o tshegeditse e mengwe yotlhe.”
全部律法和先知之书,均以这两条诫命为根据。”
41 Mme ya re a farafarilwe ke Bafarasai, a ba botsa potso a re:
法利赛人聚在一起之时,耶稣问他们:
42 “Lo gopolang ka ga Mesia? Ke Morwa mang?” Ba araba ba re “Ke Morwa Dafide.”
“你们对基督的看法如何?他是谁的子孙?”他们回答:“大卫的子孙。”
43 Mme Jesu a botsa a re, “Mme ke eng fa Dafide, a bua ka tlhotlheletso ya Mowa o o Boitshepo, a mmitsa a re ‘Morena’ Ka gore Dafide o rile,
耶稣又问:“但受到感召后的大卫为何称他为主?他说
44 ‘Modimo o reile Morena wa me wa re, nna ka fa letsogong la me le legolo go fitlhelela ke baya baba ba gago ka fa tlase ga dinao tsa gago!’
‘主对我主说:你坐在我的右边,待我击败你所有敌人。’
45 Mme fa Dafide a mmitsa ‘Morena’, e ka nna morwawe jang?”
大卫既然称他为主,他怎么又是大卫的子孙呢?”
46 Ba tlhoka karabo. Mme morago ga moo ba tshaba go tlhola ba mmotsa dipotso tse dingwe.
无人能够回答。此后再也没有人敢向他提问。

< Mathaio 22 >