< Mathaio 21 >
1 Mme ya re Jesu le barutwa ba atamela Jerusalema, ba le gaufi le motse wa Bethefage mo Thoteng ya Lotlhware, Jesu a roma bangwe ba barutwa ba gagwe ba le bebedi mo motsaneng o o fa pele.
們臨近耶路撒冷,來到靠近橄欖山的貝特法革時,耶穌就打發兩個門徒,
2 A ba raya a re, “E tlaa re fela fa lo tsena teng lo tlaa bona tonki e golegilwe le tonkana ya yone e le fa thoko ga yone. Lo bo lo di golola lo di lere kwano.
對他們說:「你們往對面的村莊裏去,立時會看見一匹栓的母驢,和跟牠在一起的驢駒。解開,給我牽來,
3 Fa mongwe a lo botsa gore lo dirang, lo re, ‘Morena o a di batla’, mme ga go na go nna matshwenyego ape.”
如果有人對你們說什麼,你們就說:主要用牠們。他們就會立刻放牠們來」
4 Se se ne se dirwa go diragatsa seporofeso sa bogologolo se se reng,
這事發生,是為應驗先知所說的:
5 “Bolelela Jesusalema gore Kgosi ya gagwe e tla kwa go ene, ka bonolo e palame tonkana.”
「你們應向熙雍女子說:看,你的君王來到你這裏,溫和地騎在一匹驢上,一匹母驢的小驢駒上。」
6 Barutwa ba babedi ba dira ka fa Jesu a neng a ba boleletse, ka teng,
門徒就去,焄耶穌吩咐他們的做了。
7 ba lere tonki le tonkana kwa go ene, ba pega diaparo tsa bone mo godimo ga tonkana gore a nne mo godimo ga tsone.
他們牽了母驢和驢來,把外衣搭在牠們的身上,扶耶穌坐在上面。
8 Mme ba bangwe mo bontsintsing jwa batho ba ala diaparo tsa bone mo tseleng kwa pele ga gagwe, ba bangwe ba kgetla dikala tsa ditlhare ba di ala fa pele ga gagwe.
很多群眾,自己的外衣舖在地上,還有些人從樹上砍下樹枝來,撒在路上。
9 Hong bontsi jwa batho ba ba mo eteletseng pele le ba ba kwa morago ba goa ba re, “Modimo segofatsa Morwa Kgosi Dafide! Mo galaletse mo segofatse, Morena A go bakwe Modimo mogodimodimo!”
前行後隨的群眾喊說:「賀三納於達味之子!因上主之名而來的,當受讚頌!賀三納於至上之天。」
10 Motse otlhe wa Jerusalema o ne wa huduega fa a tsena. Ba botsa ba re, ke mang yo?
當耶穌進入耶路撒冷的時候,全城哄動,說:「這人是誰? 」
11 Mme bontsintsi jwa batho jwa fetola jwa re, “Jesu Moporofiti yo o tswang Nasaretha wa Galalea.”
群眾說:「這是加利肋亞納匝肋的先知耶穌。」
12 Jesu a tsena mo Tempeleng, a lelekela barekisi kwa ntle, a pitikolola mabati a go ananyediwang madi mo go one le ditilo tsa ba ba rekisang maphoi.
耶穌進了聖殿,把一切在聖殿內的商人顧客趕出去,把錢莊的桌子和賣鴿子的凳子推翻
13 A ba raya a re, “Dikwalo tsa re tempele ya me ke lefelo la thapelo, mme lona lo e fetotse borakanelo jwa magodu.”
向他們說:「經上記載:『我的殿宇,因稱為祈禱之所。』你們竟把它做成了賊窩。」
14 Hong difofu le digole tsa tla kwa go ene mme a di fodisa teng mo tempeleng.
在聖殿仕的瞎子和瘸子來到衪跟前,衪都治好了他們。
15 Mme ya re baperesiti ba bagolo le baeteledipele ba bangwe ba Sejuda ba bona dikgakgamatso tse di ntle tse ba bile ba utlwa le bananyana ba goa mo tempeleng ba re, “Modimo segofatsa Morwa Dafide,” ba ne ba se ka ba itumela ba gakala ba mmotsa ba re, “A o utlwa se bana ba ba se buang?”
司祭長及經師見了衪所行的奇事,又聽見了孩子們在聖殿內喊說:「賀三納於達味之子!」就大發忿怒,
16 Jesu a fetola a re, “Ee, a ga lo ise lo ke lo bale dikwalo? Gonne tsa re, ‘Le bananyana tota ba tlaa mo galaletsa!’”
對耶穌說:「你聽見他們所說的嗎!」耶穌對他們說:「是的,你們從未讀過:『你由嬰兒和吃奶者的口中,備受讚美』這句話嗎? 」
17 Hong a boela kwa Bethania, kwa a letseng teng.
於是便離開他們走出城外,到伯達尼去,在那裏過夜。
18 Mo mosong fa a boela Jerusalema, a tshwarwa ke tlala,
早晨,衪回城時,餓了,
19 Yare a bona setlhare sa mofeige fa thoko ga tsela, a tsamaela kwa go sone go bona gore a se na le maungo, mme ga bo go le matlhare fela. Hong a se hutsa a re, “O se ka wa tlhola o ungwa gape!” Mme ka bofefo setlhare sa mofeige sa omelela. (aiōn )
見路旁有棵無花樹,就走到跟前,但在樹上除了葉子外,什麼也沒找到,就對它說:「你永遠不再結果子了!」那無花果樹立即枯乾了。 (aiōn )
20 Barutwa ba gakgamala thata ba bo ba mmotsa ba re, “Setlhare sa mofeige se omeletse ka bofefo jang?”
門徒一見就驚異說:「怎麼這無花果樹立即枯乾了?」
21 Mme Jesu a ba raya a re, “Ammaaruri, fa lo na le tumelo lo sa belaele, lo ka dira dilo tse di ntseng jaana le go feta. Lo ka ba lwa raya thaba e ya Lotlhare lwa re, ‘Thabuela mo lewatleng,’ mme go ka diragala.
耶穌回答他們說:「我實在告訴你們:你們如果有信德,不疑惑,不但能對無花果樹做這件事,既使你們對這座山說:起來,投到海中!也必要實現。
22 Lo ka amogela sengwe le sengwe, se lo se kopang ka thapelo fa lo dumela.”
不論你們在祈禱時懇求什麼,只要信,就必獲得。」
23 Mme e rile a sena go boela kwa Tempeleng a sa ntse a ruta, baperesiti ba bagolo le bangwe ba bagolwane ba Sejuda ba tla kwa go ene ba batla go itse gore e ne e le ka tetlelelo ya ga mang gore a lelekele baananyi kwa ntle maabane.
衪進了聖殿,正教訓人時,司祭長和民間的長老來到衪跟前說:「你憑什麼權柄作這些事? 誰給了你這種權柄? 」
24 Jesu a ba fetola a re “Ke tlaa lo bolelela fa lo ka araba potso e le nngwe pele.
耶穌回答說:「我也問你們一句話:你們若答覆我,我就告訴你們:我憑什麼權作這些事。
25 A Johane wa Mokolobetsi o ne a romilwe ke Modimo, kgotsa nnyaa?” Ba ne ba gakololana ka fa ba ka arabang ka teng potso e, ba re, “Fa re re, ‘o ne a romilwe ke Modimo’, hong o tlaa re botsa gore ke eng re ne re sa dumele se Johane o neng a se bua.
若翰的洗禮,是從哪裏來的?是從天上來的? 還是從人間來的? 」他們心中思量說:「如果我們說,是從天上來的,衪必對我們說:你們為什麼不信他?
26 Mme fa re ganela gore Modimo o mo romile, re tlaa tlhaselwa ke bontsi jwa batho, gonne bontsi jotlhe bo dumela gore e ne e le moporofiti.”
如果我們說:是從人來的,我們害怕民眾,因為眾人都以若翰為一位先知。
27 Hong lwa bofelo ba fetola ba re, “Ga re itse!” Mme Jesu a re, “Jalo le nna ga ke na go araba potso ya lona ka tsela epe.”
他們便耶穌說:「我們不知道。」耶穌也對們們說:「我也不告訴你們:我憑什麼權柄做道些事。
28 “Mme lo akanya jang ka ga se? Monna yo o neng a na le bomorwawe ba le babedi o na a raya yo motona a re, ‘Morwaaka, tsamaya o ye go dira mo tshimong ya me gompieno.’
你們以為怎樣? 從前有一個人,有兩個兒子,他對第一個說:孩子! 你今天到葡萄園裏去工作吧!
29 Morwawe a fetola a re, ‘Ga ke na go dira jalo,’ mme kwa morago a fetola maikutlo a gagwe a tsamaya.
他回答說:我去。但他卻沒有去。
30 Hong rraagwe a raya yo monnyennyane a re, ‘Wena tsamaya!’ Mme a re, ‘Ee, rra, ke tlaa tsamaya.’ Mme a seka a dira jalo.
他對第二個也說了同樣的話,第二個卻回答說:我不願意。但後來悔悟過來,而又去了。
31 Ke ofe mo go ba babedi yo o neng a dira go rata ga ga rraagwe?” Ba fetola ba re, “Ke wa ntlha.” Hong Jesu a tlhalosa se a se rayang a re: “Ammaaruri batho ba ba bosula le basadi ba diaka ba tlaa lo raka mo Bogosing.
兩人中哪一個履行了夬父親的意願? 」他們說:「後一個。」耶穌對他們說:「我實告訴你們:稅吏和娼妓要在你們以先進入天國,
32 Gonne Johane wa Mokolobetsi o lo reile a re lo sokologe lo latlhe ditiro tsa lona tse di maswe lo boele mo Modimong, mme ga lo a dira jalo, fa batho ba ba bosula le diaka ba sokologa ba boela mo Modimong. Mme le fa tota lo ne lwa bona ba sokologa lona lo ne lwa gana go sokologa, ga lo aka lwa dumela.
因為若翰來到你們道裏履行了正義,你們仍不相信他。稅吏和娼妓倒相信了;至於你們,見了後,仍不悔悟去相信他。」
33 “Jaanong reetsang polelo e: Mong wa setsha mongwe o kile a tlhoma tshimo ya mofine e e ageletsweng, mme a direla motlhokomedi wa yone lefelo la boletelo, hong a hirisetsa balemi bangwe tshimo ya gagwe ka tumalano ya go kgaogana thobo, mme a huduga go nna mo lefatsheng le lengwe.
你們再聽一個比喻吧!從前有一個家主,培植了一個葡萄園,周圍圍上籬笆,園內掘了一個榨酒池,築了一個守望台,把它租給園戶,就離開了本國。
34 “E rile ka nako ya thobo ya maungo a mofine a roma baemedi ba gagwe kwa baleming go ya go tsaya seabe sa gagwe.
快到收果子的時節,他打發僕人到園戶那裏去收果子。
35 Mme balemi ba tlhasela batlhanka ba gagwe, ba itaya yo mongwe, ba bolaya yo mongwe, ba kgobotletsa yo mongwe ka matlapa.
園戶拿住了僕人,將一個鞭打了,將一個殺了,將另一個用石頭砸死了。
36 “Hong a roma setlhopa se segolwane sa batlhanka ba gagwe go ya go mo tseela seabe, mme ba diragalelwa ke se se diragaletseng batlhanka ba ntlha.
他再打發一些僕人去,人數比以前還多;園戶也一樣對待了他們,
37 Lwa bofelo mong wa tshimo a roma morwawe a gopola gore ba tlaa mo tshoga seemo ba mo tlotle.
最後他打發他的兒子到他們那去,說:他們會尊敬我的兒子。
38 “Mme e rile fa balemi ba bona morwawe a tla, ba buisanya ba re ‘Moja boswa ke yoo o e tla; tlaang, re mmolayeng re bo itseele!’
但園戶一看見是兒子,就此說:這是繼承人;來,我們殺掉他,我們就能得到他的產業。
39 Jalo ba mo swaswailela ka kwa ntle ga tshimo ya mafine ba mmolaya.
於是他們拿住他,把他推到園外殺了。
40 “Fa mong wa tshimo a boa, lo akanya gore o tlaa feta a dirang ka balemi bao?”
那麼當葡萄園的主人來時,他要怎樣處置那此些園戶呢?」
41 Baeteledipele ba Sejuda ba fetola ba re, “O tlaa bolaya batho bao ba ba bosula ka polao e e setlhogo, mme a hirisetse ba bangwe tshimo ya gagwe ba ba tlaa mo duelang ka fa tshwanelong.”
他們回答說:「要兇惡地消滅那些兇惡的人,把葡萄園另租給按時給他繳納出產的園戶。」
42 Hong Jesu a ba botsa a re, “A ga lo ise lo ke lo bale mo dikwalong gore: ‘Lentswe le le gannweng ke baagi le dirilwe lentswe la kgokgotso le le tlotlegang. Ana go gontle jang! Morena o dirile selo se se gakgamatsang jang mo matlhong a rona?’
耶穌對他們說:「匠人棄而不用的石頭,反而成了屋角的基石;那是上主的所行所為,在我們眼中,神妙莫測』的這句經文,你們沒有讀過嗎?
43 “Se ke se rayang ke gore Bogosi jwa Modimo bo tlaa tsewa mo go lona bo neelwe chaba e e tlaa neelang Modimo seabe sa one sa thobo ya maungo.
為此我對你們說:天主的國,必由你們中奪去,而交給果子的外邦人。
44 Botlhe ba ba kgotswang mo lefikeng le la boammaruri, ba tlaa robega, mme ba ba welang godimo ba tlaa phatlalala jaaka lorole.”
跌在這石頭上的,必被撞碎;這石頭落在誰身上,必要把他壓踤」
45 E rile baperesiti ba bagolo le baeteledipele ba bangwe ba Sejuda ba lemoga gore Jesu o ne a bua ka ga bone, gore e ne e le balemi mo polelong ya gagwe,
司祭長和法利賽人聽了衪的這些比喻,覺出衪是指著他們說的,
46 ba ne ba batla go mmolaya, mme ba boifa go lekeletsa ka ntlha ya bontsintsi jwa batho, gonne bo ne bo kaya Jesu e le moporofiti.
就想逮住衪;但害怕民眾,因為他們以耶穌為一位先知。